Molemo le baki e e tlisang lesego
Home | Written stories | Multilingual stories | Molemo le baki e e tlisang lesego

Written stories

Molemo le baki e e tlisang lesego

Author

Ka Siphiliselwe Makhanya

Illustrator

Ditshwantsho ka Geoff Walton

E ne e le moso o o tsididi thata. Molemo o somela diatla tsa gagwe kwa tengteng ga dikgetsi tsa borukgwe jwa gagwe jwa sekolo mme a goletsa magetla a gagwe fa a ntse a letile go kgabaganya tsela mo dirobotong. O ne a apere dikipa di le pedi kafa tlase ga hempe ya gagwe e tshweu ya sekolo, mme o ne a santse a sitwa.

“Brrrrrrr,” Molemo a rialo, a ntse a gatagata maoto a gagwe fa a ntse a letile gore roboto e fetole mmala. “Ke eletsa e kete Nkoko a ka bo a na le madi a a lekaneng go nthekela baki.”

Ka bonako fela fa monnanyana yo motala a tlhaga mo robotong, Molemo o ne a simolola go kgabaganya tsela. Mme ke ka nako eo a neng a utlwa mongwe a goa kwa morago ga gagwe. Fa a retologa go lebelela, o ne a bona monna mongwe a mekamekana le mosadimogolo mme a leka go tsaya kgetsana ya gagwe.

“Thusang! Thusang!” mosadi yoo a goa jalo.

Molemo ga a ka a ema go akanya – o ne a taboga go ya go thusa mosadimogolo mme a raga legwejana la monna yoo thata ka mo a ka kgonang ka teng. Monna yoo o ne a bokolela ka ntlha ya botlhoko mme a tlogela kgetsana ya mosadi yoo. Mme o ne a tsamaya ka bonako ka mo a ka kgonang ka teng a tlhotsa.

“Ke maswabi, Nkoko, a o go utlwisitse botlhoko?” Molemo a botsa jalo, a thusa mosadi go ema. O ne a wa fa senokwane se tlogela kgetsana ya gagwe. “Ikaege ka legetla la me,” Molemo a rialo.

Mosadimogolo o ne a roroma e bile a lebega e kete o batla go lela. “Ke a leboga, ke a leboga,” a rialo. “Ga ke itse gore batho ba tsenwe ke eng matsatsing ano.”

                                                                                           

Fa mosadimogolo a setse a eme gape, Molemo o ne a sela dilo tsa gagwe mme a di mmusetsa. “Bobotlana re santse re na le basha ba ba tshwanang le wena,” a nyenya.

Moragonyana motshegare oo, Molemo o ne a kgabaganya tsela mo go tsone diroboto tseo fa a ya gae. O ne a gakgamala fa a filhela gore mosadimogolo o ne a mo letetse. O ne a nyenya fa a mmona. “Lekawana! Ke go tshwaretse sengwe!” o ne a rialo fa a ntse a naya Molemo sephuthelwana se se phuthetsweng ka kelotlhoko. “Se bule fa o fitlha kwa gae.”

Molemo o ne a tlhabiwa ke ditlhong. “Ga o tlhoke go mpha sepe…,” a simolola.

“E tseye, e tseye,” mosadi yoo a rialo, a mo tsena ganong. “Se ke seno fela se o se tlhokang. Fa ke kopana le wena, ke ne ke itse gore e tla go tshwanela sentle.” O ne a phaphatha Molemo mo mokwatleng mme a tamosa legetla la gagwe. “Fa e sa tlhole e go lekana, e apolele ngwana yo mongwe yo o pelonomi jaaka wena.” Mme a retologa a bo a tsamaya.

Fa Molemo a fitlha kwa gae, o ne a bula sephuthelwana. Mo teng ga sone go ne go na le baki e e nang le mmala o o boserolwana jo bo galolang. E ne e na le dikgetsi ka kwa ntle le methalo e mentle e tšheke mo furung ya baki. E ne e le ntle. Mme fa a e tsholetsa, o ne a lemoga gore e nnye tota.

Molemo o ne a ikutlwa a kgobegile marapo. “E ka se ka ya ntekana le eseng!” a akanya jalo. Mme ka gonne e ne e le baki e ntle jaana, o ne a swetsa go e leka fela.

Ka nako eno ke fa go direga sengwe se se gakgamatsang tota – letsogo la baki la kafa mojeng le ne le bonala le nna le telele fa a ntse a tsenya letsogo la gagwe mo go lone. Le ne la tswelela le nna leleele go fitlha le nna bogolo jo bo lekanang letsogo la gagwe sentle. Molemo o ne a sa dumele se a se bonang. Seno ga se a siama! Molemo o ne a swetsa go tsenya letsogo la gagwe le lengwe mo teng ga letsogo la baki la molema. Gape,go ne go bonala le gola le gola gore le mo lekane.

           

                                                                                                                 

Baki e lekana Molemo sentle thata. O ne a tsamaela kwa ntle go iteba mo galaseng ya fensetere. O ne a ema a itshwere letheka mme a tsenya diatla tsa gagwe mo teng ga dikgetsi tsa baki. O ne a le montle!

Ka yone nako eo fela, mogolowe e bong, Nina, o ne a tlhaga mo khoneng. O ne a lebega a lapile. Molemo o ne a tsaya kgetsi ya gagwe mme a mo sala morago go tsena mo teng ga ntlo. “O kae? A o batla kopi ya tee?” a botsa jalo.

Nina o ne a nna fa fatshe gaufi le tafole ya mo kitšhining. “Ke siame, ke lapile fela,” a rialo, a leka go nyenya le ene. “Go batla tiro go thata. Teenyana e ka nna monate, ke a leboga.”

Go bonala e kete Nina o ne a batla tiro ka metlha. Seno se ne se hutsafatsa Molemo. O ne a dira ka natla go fetsa sekolo, mme o ne a itse gore go mo ikutlwisa botlhoko go bo a sa bone tiro morago ga go e batla dingwaga di le tharo.

“Ke a itse gore o tla tloga o bona sengwe, Nina. O motho yo o berekang ka natla mme ga o ke o tlogela go leka,” Molemo a rialo.

O ne a retologa go tshuba setofo sa parafini go bedisa metsi gore a mo direle tee. “Ke eletsa e kete Nina a ka bona tiro e e siameng,” a akanya jalo. O ne a baya ketlele mo setofong a bo a baya sentle kopi e e nang le kgetsana ya tee mo teng ga yone.

Molemo o ne a somela diatla tsa gagwe mo teng ga dikgetsi tsa baki fa a ntse a letetse gore metsi a bele. Ke fa a utlwa go na le pampirinyana e e shukunyeditsweng mo teng ga khona ya kgetsi ya kafa mojeng. O ne a gakgametse. Molemo o ne a ipotsa gore a e ne e ntse e le foo mme a sa e ela tlhoko fela.

Ka kelotlhoko, o ne a ntsha pampiri eo mo kgetsing ya gagwe. E ne e le papatso ya lokwalodikgang e e menweng ka bothakga mme e balega jaana: GO NA LE TIRO. Go batlega motho yo o falotseng matiriki!

Molemo o ne a nyenya. Go ne go bonala seemo sa balelapa la gaabo se tlile go fetoga ka ntlha ya mpho ya mosadimogolo.

 

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

A o kile wa nna le tshono ya go thusa motho yo o godileng? Go diragetse eng?
O ne wa ikutlwa jang morago ga moo?
Torowa setshwantsho sa gago o thusa mongwe. Kwa tlase ga setshwantsho se o se torowileng, kwala seele se se tlhalosang se se diragalang mo setshwantshong.
Mpho e e molemo go gaisa e o kileng wa e fiwa ke leloko la lelapa ke eng? Ke eng fa o e rata thata jaana? Torowa setshwantsho sa mpho eo.