Narenyana a utlwa modumo o mogolo
Home | Written stories | Multilingual stories | Narenyana a utlwa modumo o mogolo

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Narenyana a utlwa modumo o mogolo

Author

Ka Marilize de Wet

Illustrator

Ditshwantsho ka deur Heidel Dedekind

Narenyana o ne a tsoga a le ka kwa ntlheng e sele ya sebata sa bojang mo mosong oo. O ne a sa robala monate bosigo jo bo fetileng. Bosigo jotlhe o ne a utlwa medumo e e tshosang mo sekgweng. Mo tshimologong, medumo eo e ne e utlwala kgakala thata, mme moragonyana e ne ya nna e ntse e atamela gaufi. E ne e utlwala fela jaaka modumo wa go duma ga mala a ga Rremogolo Tlou fa a tshwerwe ke tlala! Mo mosong ono go ne go bonala go sena epe ya dinare tse dingwe tse di o utlwileng. Le fa Narenyana e ne e le ene nare e nnye mo go botlhe mo motlhapeng wa dinare, o ne a sa ikaelela go botsa dinare tse dingwe tse dinnye ka modumo ono! Go tla direga eng fa di ka akanya gore ke legatlapa mme di bo di dira metlae ka ene? \

Moso otlhe, Narenyana o ne a ipotsa gore modumo o mogolo oo e ne e le wa eng. Rremogolo Tlou o ne a itlhafunela matlhare a setlhare sa mopane ka kagiso fa Narenyana a ne a feta a ya kwa mosimeng wa metsi. “Rremogolo Tlou, a e ne e le mala a gago a a neng a duma thata maabane bosigo mo e leng gore ke ne ke kgona go o utlwa ke le ka kwa ga sekgwa?” Narenyana a botsa jalo.

                                                                                                                                                                                       

 

“Nnyaa, Narenyana. E ne e se nna. Mala a me a simolotse go duma fa letsatsi le sena go tlhaba mosong ono,” Rremogolo Tlou a araba jalo. Morago ga foo o ne a retologa mme a tsamaela kwa ditlhareng tse di telele. Kwa mosimeng wa metsi, Narenyana o ne a kopana le Rakgadi Kubu a arametse letsatsi. “Rakgadi Kubu, a o ka tswa o ile wa utlwa modumo o mogolo maabane bosigo?” Narenyana a botsa jalo. “Nnyaa, Narenyana. Ditsebe tsa me di ne di le ka fa tlase ga metsi. Ga ke a utlwa sepe,” Rakgadi Kubu a araba jalo.

Morago ga foo o ne a edimola a butse molomo thata jaaka dikubu di tlwaetse go dira mme a tswala matlho a gagwe go robala borokonyana jwa gagwe jwa motshegare. Motshegare otlhe Narenyana o ne a ipotsa gore modumo o mogolo e ne e ka tswa e le wa eng. O ne a botsa mongwe le mongwe yo a neng a kopana le ene gore a o utlwile modumo oo, mme go ne go bonala go sena ope yo o o utlwileng. “Narenyana, gongwe e ne e le toro fela, Mama Nare a araba jalo fa a mmotsa. Mme ga go na pelaelo gore Mama o ne a ka bo a itse fa go ne go na le modumo ka gonne Narenyana o ne a robetse fela fa thoko ga gagwe.

                                                                                                                                                                                          

\Fa marang a bofelo a letsatsi a nyelela, e ne ya nna nako ya gore Narenyana le dinare tse dingwe tsotlhe di ipaakanyetse boroko jwa bosigo joo mo bojannyeng jo bo boleta. Narenyana o ne a sa tswa go thulamela fa a tsiboga ka letshogo. Ga go na pelaelo epe, o utlwile modumo o mogolo oo gape! Mo tshimologong, modumo o mogolo o ne o utlwala kgakala, mme o ne wa nna o atamela gaufi. Mme modumo o ne wa nna o oketsega thata! Pelo ya ga Narenyana e ne ya itaya jaaka moropa. O ne a lebaleba go bona gore a dinare tse dingwe le tsone di ka tswa di utlwile modumo oo, mme di ne di ile ka boroko. Tota le Mama Nare o ne a sa tshikinyege. Narenyana o ne a tshogile. Go ne go duma gongwe le gongwe. Mme morago ga foo, … PHASHA! Sengwe se se metsi se ne sa wela mo nkong ya ga Narenyana! Phasha, phasha, phasha! Go ne ga bonala marothodi a a oketsegileng.

Narenyana o ne a lebelela kwa godimo. Marothodi a magolo a metsi a ne a wa ka diphororo go tswa kwa loaping. Narenyana o ne a itshega a tshegela kwa godimo ... ee kana ... e ne e tshwanetse ya bo e le pula. E ne e le la ntlha a nelwa ke pula! Modumo o o dumang o a o utlwileng e ne e le go duma ga maru fela! Go ne go sena sepe se a tlhokang go se boifa. Ka pelo e e ritibetseng, Narenyana o ne a atamela gaufi le mmele o o bothitho wa ga Mama Nare. O ne a reetsa modumo wa pula fa o tswelela go sekaenyana o rothela mo matlhareng le mo bojanyeng, mme morago ga foo a thulamela ka boroko a sa tshwenyege le e seng.

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  •  A o ka gopola nako e ka yone e o neng wa utlwa modumo o o tshosang? O ne wa dira eng? Ke eng se se neng se dira modumo oo?
  •  Torowa setshwantsho sa ga Narenyana le Rakgadi Kubu. Torowa pudula ya puo e e tswang mo go Narenyana le e nngwe e e tswang mo go Rakgadi Kubu. Kwalolola mafoko a a buiwang ke modiragatsi mongwe le mongwe go tswa mo leinaneng mo dipuduleng tsa bone tsa puo.
  •  Akanya ka pula. Kwala poko e e tlhalosang gore pula e dira modumo o o ntse jang, e nkga jang le gore e utlwala jang mo letlalong la gago.