Narenyana a utlwa modumo o mogolo
Home | Written stories | Multilingual stories | Narenyana a utlwa modumo o mogolo

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Narenyana a utlwa modumo o mogolo

Author

Ka Marilize de Wet

Illustrator

Ditshwantsho ka deur Heidel Dedekind

Narenyana o ne a tsoga a le ka kwa ntlheng e sele ya sebata sa bojang mo mosong oo. O ne a sa robala monate bosigo jo bo fetileng. Bosigo jotlhe o ne a utlwa medumo e e tshosang mo sekgweng. Mo tshimologong, medumo eo e ne e utlwala kgakala thata, mme moragonyana e ne ya nna e ntse e atamela gaufi. E ne e utlwala fela jaaka modumo wa go duma ga mala a ga Rremogolo Tlou fa a tshwerwe ke tlala! Mo mosong ono go ne go bonala go sena epe ya dinare tse dingwe tse di o utlwileng. Le fa Narenyana e ne e le ene nare e nnye mo go botlhe mo motlhapeng wa dinare, o ne a sa ikaelela go botsa dinare tse dingwe tse dinnye ka modumo ono!

Go tla direga eng fa di ka akanya gore ke legatlapa mme di bo di dira metlae ka ene? Moso otlhe, Narenyana o ne a ipotsa gore modumo o mogolo oo e ne e le wa eng. Rremogolo Tlou o ne a itlhafunela matlhare a setlhare sa mopane ka kagiso fa Narenyana a ne a feta a ya kwa mosimeng wa metsi. “Rremogolo Tlou, a e ne e le mala a gago a a neng a duma thata maabane bosigo mo e leng gore ke ne ke kgona go o utlwa ke le ka kwa ga sekgwa?” Narenyana a botsa jalo.

                                                                                                                                                                                                    

“Nnyaa, Narenyana. E ne e se nna. Mala a me a simolotse go duma fa letsatsi le sena go tlhaba mosong ono,” Rremogolo Tlou a araba jalo. Morago ga foo o ne a retologa mme a tsamaela kwa ditlhareng tse di telele. Kwa mosimeng wa metsi, Narenyana o ne a kopana le Rakgadi Kubu a arametse letsatsi. “Rakgadi Kubu, a o ka tswa o ile wa utlwa modumo o mogolo maabane bosigo?” Narenyana a botsa jalo. “Nnyaa, Narenyana. Ditsebe tsa me di ne di le ka fa tlase ga metsi. Ga ke a utlwa sepe,” Rakgadi Kubu a araba jalo. Morago ga foo o ne a edimola a butse molomo thata jaaka dikubu di tlwaetse go dira mme a tswala matlho a gagwe go robala borokonyana jwa gagwe jwa motshegare. Motshegare otlhe Narenyana o ne a ipotsa gore modumo o mogolo e ne e ka tswa e le wa eng.

O ne a botsa mongwe le mongwe yo a neng a kopana le ene gore a o utlwile modumo oo, mme go ne go bonala go sena ope yo o o utlwileng. “Narenyana, gongwe e ne e le toro fela, Mama Nare a araba jalo fa a mmotsa. Mme ga go na pelaelo gore Mama o ne a ka bo a itse fa go ne go na le modumo ka gonne Narenyana o ne a robetse fela fa thoko ga gagwe. Fa marang a bofelo a letsatsi a nyelela, e ne ya nna nako ya gore Narenyana le dinare tse dingwe tsotlhe di ipaakanyetse boroko jwa bosigo joo mo bojannyeng jo bo boleta. Narenyana o ne a sa tswa go thulamela fa a tsiboga ka letshogo.

                                                                                                                                                                                             

 

Ga go na pelaelo epe, o utlwile modumo o mogolo oo gape! Mo tshimologong, modumo o mogolo o ne o utlwala kgakala, mme o ne wa nna o atamela gaufi. Mme modumo o ne wa nna o oketsega thata! Pelo ya ga Narenyana e ne ya itaya jaaka moropa. O ne a lebaleba go bona gore a dinare tse dingwe le tsone di ka tswa di utlwile modumo oo, mme di ne di ile ka boroko. Tota le Mama Nare o ne a sa tshikinyege. Narenyana o ne a tshogile. Go ne go duma gongwe le gongwe. Mme morago ga foo, … PHASHA! Sengwe se se metsi se ne sa wela mo nkong ya ga Narenyana! Phasha, phasha, phasha! Go ne ga bonala marothodi a a oketsegileng.

Narenyana o ne a lebelela kwa godimo. Marothodi a magolo a metsi a ne a wa ka diphororo go tswa kwa loaping. Narenyana o ne a itshega a tshegela kwa godimo ... ee kana ... e ne e tshwanetse ya bo e le pula. E ne e le la ntlha a nelwa ke pula! Modumo o o dumang o a o utlwileng e ne e le go duma ga maru fela! Go ne go sena sepe se a tlhokang go se boifa. Ka pelo e e ritibetseng, Narenyana o ne a atamela gaufi le mmele o o bothitho wa ga Mama Nare. O ne a reetsa modumo wa pula fa o tswelela go sekaenyana o rothela mo matlhareng le mo bojanyeng, mme morago ga foo a thulamela ka boroko a sa tshwenyege le e seng.

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  •  A o ka gopola nako e ka yone e o neng wa utlwa modumo o o tshosang? O ne wa dira eng? Ke eng se se neng se dira modumo oo?
  •  Torowa setshwantsho sa ga Narenyana le Rakgadi Kubu. Torowa pudula ya puo e e tswang mo go Narenyana le e nngwe e e tswang mo go Rakgadi Kubu. Kwalolola mafoko a a buiwang ke modiragatsi mongwe le mongwe go tswa mo leinaneng mo dipuduleng tsa bone tsa puo.
  • Akanya ka pula. Kwala poko e e tlhalosang gore pula e dira modumo o o ntse jang, e nkga jang le gore e utlwala jang mo letlalong la gago.