Motshwaraloapi | Nal'ibali

Written stories

Motshwaraloapi

Author

Ka Ann Walton

Illustrator

Ditshwantsho ka Rico

Translator

Thanololo ka Lorato Trok

Pula e ne e na mme Josh o ne a dutse mo tafoleng ya kitšhini a dira khaete. O ne a na le dithobanyane tsa legong tse di bofefo tse a neng a di dirisa go dira foreimi ya khaete. Gape o ne a na le pampiri ya dithišu ya mmala wa botala jwa legodimo le bohibidu le botala le bopinki. O ne a khabara khaete yotlhe ka pampiri ya thišu e khibidu.

“Pampiri e ya mmala wa botala jwa legodimo ke sefatlhego sa khaete!” Josh a swetsa. O ne a segolola pampiri ya thišu e e khibidu go dira dipounama tse di itumetseng tse di nyenyang, pampiri e tala ya thišu go dira matlho, le pampiri e pinki ya thišu go dira dikgolokwane tsa marama. Jaanong a dira mogatla o motelele wa khaete ka pampiri ya thišu ya mmala wa botala jwa legodimo, khibidu, botala le bopinki.

“Mogatla wa gago o lebega jaaka diaparo tsa ga Gogo tse di binang mo phefong mo terateng ya diaparo,” Josh a rialo go khaete. Jaanong a bofelela mogala o motelele thata go dikologa tšhupu ya khateboto mme a bofa bokhutlo jwa mogala o mongwe mo foreiming ya khaete, gore e se fofe mo go ene nako e e tlang fa e le mo moweng.

“Leina la gago ke Motshwaraloapi!” Josh a rialo mo khaeteng.

Moso o o latelang, Josh a dula mo setulong sa gagwe sa maotwana kwa ntle fa pele ga mojako wa gagwe le Motshwaraloapi mo godimo ga gagwe. E ne e le letsatsi le le siameng go fofisa khaete. O ne a emetse Hope. O ne a ya go mo kgorometsa mo thoko ga tselana ya maoto ka bonako bo a bo kgonang, gore Motshwaraloapi a kgone go tshwara phefo a fofe. O ne a le kae?

“Ke fano!” ga rialo Hope. “Ke maswabi ke tharinyana. A khaete ya gago e siametse go fofa?”

“Ee, ga ke kgone go leta gore ke ise kwa loaping!” ga rialo Josh.

“A re tsamaye ge!” ga rialo Hope fa a tshwareletse setulo sa maotwana kwa morago thata. A simolola go tsamaya ka bonako, mme a taboga tsela yotlhe mo thoko ga tselana ya maoto. Maoto a ya bumpity-bump, bumpity-bump, a oketsa lobelo fa Hope a taboga. Josh a tlogela bontlhabongwe jwa mogala bo phutologa go tswa mo tšhupung ya khateboto e a neng a e tshwere. Ka ponyo ya leitlho khaete ya fofa! Ya phaphasela mo moweng fela mo godimonyana ga ditlhogo tsa bona.

Josh le Hope ba taboga go feta Neo yo o neng a le mo pele ga tshingwana a tshameka le Bella. O ne a rwele hutse ya pampiri ya legodu la mawatle mme a tshwere tšhaka ya khateboto. Bella o ne a rwele hutshe ya moloi.

“Ga o legodu le le siameng la lewatle!” Bella a rialo, a tshikinya kota ya gagwe ya mejiki.

“Hau! Hau!” Noodle a bogola, fela Neo o ne a sa mo utlwelele kgotsa Bella. Neo o ne a lebeletse Josh le Hope ba tla mo tselaneng ya maoto ka bonako jo bo makatsang. Jaanong Bella a lebala ka motshameko wa bona le ene mme a lebelela Josh le Hope!

“A re ka tla le lona?” Neo a botsa.

“Ee, tlang! Re ya go fofisa Motshwaraloapi!” Josh a rialo fa a feta.

“Tlaa, Bella, a reye!” Neo a rialo.

“Tlaa, Noodle,” Bella a rialo.

“Hau! Hau!” Noodle a bogola.

Ka jalo Hope le Neo le Bella le Noodle ba taboga ka mola o motelele fa morago ga Josh, ba ya bumpity-bump le hau! hau! tsela yotlhe fa thoko ga tselana ya maoto.

Fa ba fitlha kwa lebaleng fa thoko ga matlo mangwe, Josh a tlogela mogala mongwe o montsi mme Motshwaraloapi a fofela kwa godimo kwa moweng. Le kwa godimo. Ya relela ka iketlo mo godimo ga marulelo le ditlhare e aparetswe ke loapi lo lo mmala wa botala jwa legodimo. Josh le Hope le Neo le Bella ba lebelela khaete ba eletsa e kete ba ka bo ba fofa le yone kwa loaping.

“Hau! Hau!” Noodle a bogolela kwa godimo. Gape o ne a lebeletse khaete kwa godimo.

“Neo, a o batla go leka go fofisa khaete?” Josh a botsa.

“Ee ka kopo!” ga rialo Neo, mme a tsaya mogala wa tšhupu ya khateboto mo go Josh. Mme fela go ne go le phefo e bile Motshwaraloapi a goga thata, mme Neo a diga tšhupu ya khateboto. Ya fofela kwa le kwa mo fatshe jaaka selo se se tshelang, sa naga mme ya ntsha mogala o montsi, gore khaete e fofele kwa godimo thata. Ka ponyo ya leitlho e ne e le selo fela se sennye mo loaping.

Noodle a tshwara ka bonako tšhupu ya mogala! O ne a e tshwara ka ditlhaa tsa gagwe mme a e gatelela ka maroo a gagwe gore e se dikologe. Jaanong a tlolela ka maroo a gagwe mo mangoleng a ga Josh mme a mo fa tšhupu. Kwa bofelong, Motshwaraloapi e ne ya kgaotsa go fofela kwa godimo mme ya nna kwa e leng, mogatla wa yona o o phatsimang o supasupa mo loaping kwa tlase ga yone.

“Noodle, o bolokile khaete ya rona!” Josh a rialo. Noodle a tsokotsa mogatla wa gagwe.

“Noodle, o motshwari yo o kwa godimo wa khaete go feta!” ga rialo Hope. Noodle a tsokotsa mogatla wa gagwe.

“Noodle, o ntšwa e e botlhale thata!” Bella a rialo. Noodle a tsokotsa mogatla wa gagwe.

Josh a goga khaete ya gagwe thata fela gore a phuthe mogala o o dikaganyeditseng rolo ya khateboto go fitlhela Motshwaraloapi a nna mo go ene morago ga loeto lwa gagwe lo logolo mo loaping. Hope o ne a retolola setulo sa maoto, mme botlhe ba ya, bumpity-bump le hau! hau! tsela yotlhe go ya gae.

Fa Josh a ya go robala bosigo joo, o ne a gopola monate o a o jeleng le khaete ya gagwe le ka moo e batlileng go mo latlhegela. “Ka lesego ke na le ditsala tsa nnete mo lefatsheng!” a hemela kwa godimo fa a tswala matlho a gagwe.

Nna le boitlhamedi!

* Letla bana ba gago go itirela dikhaete tsa bone. Ba botse dipotso go ba thusa go simolola – sekai: O tlile go dira khaete ya gago go nna ya popego efe? O ka dirisa didiriswa dife go e dira? O ka e kgabisa jang?
* Itumele le bana ba gago ka go butswela dibalune mme lo di fofise. (O se ke wa bofa lefuto mo molomong wa balunu e e butswetsweng.) Lebelela jaaka di fofela gotlhe fa di tswa mowa!
* Mo leinaneng, Neo o rwele hutshe e e dirilweng ka dikuranta. Fa bana ba gago kuranta, selotheipi, dikere le mogala mme o ba gwetlhe go dira selo sengwe ba dirisa didiriswa tse.