Kwa phakeng | Nal'ibali

Written stories

Kwa phakeng

Author

E kwadilwe ke Hagen Engler

Illustrator

E tshwantshitswe ke Tamsin Hinrichsen

Liso o rata go tsena mo mafaratlhatlheng. Webosaete e a e ratang bobe e na le dilo tsotlhe tse di mo itumedisang.

O ithuta metanso ya methalethale. O ithuta dilo tse di kgatlhisang ka ga tlhago. O iponela ditsala lefatshe ka bophara.

“A re phuthololeng maoto kwa phakeng,” Rre a bua jalo a tsentse tlhogo mo khumphithareng ya gagwe.

“Nna nka mpa ka nna mo mafaratlhatlheng,” ga araba Liso. “Nka tshameka, nka ithuta kgotsa nka ikatisa,” a bua jalo.

“Goreng ke tshwanetse go ya felo gongwe?” “Ke a utlwa,” ga bua Rre. “Go na le dilo tse di akabatsang mo lefatsheng la

nnete…” kgabo le nonyane e e bidiwang korwe, ka mogatla o moleele le molomo o montle wa mmala wa lamune!”

 

“Ao,” ga tsiboga Liso. “Go lebega go kgatlhisa tota!” “Go ne go kgatlhisa,” ga araba Thalia. “Mme a re e ne e le nonyane e

tonanyana. E ne e tlisa dijo mo sentlhageng.” Thalisa o ne a lapile tota go ka bina, ka jalo Liso a kwalakwalela tsala ya gagwe

Ina molaetsa. “A re ye go tshameka kwa phakeng ya dipontsho tsa mafaratlhatlha,” ga kopa Liso. “Nka se kgone,” Ina a araba.

“Ke ya phakeng le batsadi ba me. Mo lefatsheng la nnete!” “Ohoo,” Liso a rialo. “Ke tlaa bua le wena kgantele.”

Liso a akanyetsa kwa teng. Mme morago a goa. “Rre!” a goa thata. “A re phutholole dinao re ye phakeng!”

Rraagwe a tswala Khomphiuthara. Mo mafaratlhatlheng a inthanete, Liso o ne a iponela tsala e bong Jamila.

“O ntse o dirang” ga botsa Jamila. “Ntse ke sa dire sepe se se kalo,” ga araba Liso. “Ke ntse ke le fela mo mafaratlhatlheng.”

“Ohoo,” Jamila a tsiboga. “Re ne re phutholose dinao go ya kwa phakeng. Re bone mefuta yotlhe ya dinonyane.

Re ne ra ba ra bona thaga e aga sentlhaga kwa mogobeng!” “Ehe!” Liso a tsiboga ka go rialo. “Go bontsha go ne go kgatlhisa.”

“Go ne go kgatlhisa e le ruri,” ga araba Jamila. “Rre a re nonyane e tonanyana ke yona e agang sentlhaga mme e nemagadi yona

e tle go se sekaseka. Ke akanya e sa se rata, gonne e ne ya se tlhatlhamolola sotlhe fela!”

Jaanong Liso a bua le tsala ya gagwe Thalia. “A re bine,” Liso a mo kopa. “Ema pele,” ga tsiboga Thalia.

 

“Ke lapisitswe ke go taboga.” “Motabogo?” ga botsa Liso. “O ne o ile kae?” “Re ne re taboga mo sekgweng,” ga araba Thalia.

“Re bone photi, Kwa phakeng Liso le rraagwe ba ne ba bona nonyane e pududu ya mmala o o phatshimang ka setlopo se seleele

se setala. “Ao,” ga tsiboga Liso. “Ke ipotsa gore ke nonyane ya mofuta mang!” “Ke akanya gore ke mokowe wa kwa Knysna,”

ga bua Rraagwe. “A re leke go e sala morago.” Nonyane e ne ya fofa go tswa setlhareng se sengwe go ya go se sengwe.

Ya ikhutsa mo kaleng ya setlhare. Ya kotama mo setlhatshaneng sa saekhate. Liso le Rraagwe ba e sala morago, e tsamaya e sia

tsela yotlhe. “Liso, goreng o sa dumedise,” ga bua Rraagwe. “Ka gongwe ke korwe ya leselamose?”

 

Liso a kabolola kgokgotso… “Madume,” ga utlwagala lentswe. “O dirang fano?” Liso le Rraagwe ba gotolola matlho…

Gaufi fela le bona, mo gare ga phaka, go ne go le Jamila, Thaila le Ina, ba na le batsadi ba bona! “Korwe ke ele gape,”

Liso a goa. “A re e sale morago!” “Dinonyane tse di re ntshitse mo disekerining tsa rona, mo matlong, tsa re tsenya mmogo mo

tlhagong,” Rraagwe Liso a rialo. “Ke dinonyane tsa maselamose kana.”

 

Monate wa Nal’ibali

Megopolo e re ka buang ka yona

Ke eng se o se dirang go ijesa monate? O dira jang go bua le ditsala tsa gago? Inthanete ke eng?

Se se bonwang ka matlho

Ke lefelo lefe le o le ratang la kafa ntle? Terowa setshwantsho sa gago o le koo.

Go Bala

Dira diphuruphutsho ka leinane leno! Go na le mefuta e le kae e e farologaneng ya dinonyane e e umakiwang mo leinaneng leno? A o kgona go bona maina a diphologolo di le pedi tsa mo sekgweng? Ke polelo efe e e go bolelelang gore Liso o ne a fetotse mogopolo ka go batla go ya kwa phakeng? Go na le ditsela dife tse di farologaneng tse Liso a nang le tsone tsa go buisana le ditsala tsa gagwe?

Go Kwala

Kwala molaetsa ka founo o go ka diregang gore Liso o ne a o kwalela tsala e nngwe ya gagwe fa a ne a fitlha kwa gae a tswa phakeng.

Botaki

Dirisa dikalana, bojang le matlhare go ikagela sentlhaga sa dinonyane. Tiragatso Ipone mo mogopolong wa gago o tsamayatsamaya mo phakeng eno: ikgodise go bona se se kwa godimo ga ditlhare, inamela kwa tlase go leba dijalo le diphologolo tse di kwa tlase o bo o latele nonyane e e fofang go tswa kwa setlhareng se sengwe go ya kwa go se sengwe.