Khuduga

Written stories

Khuduga

Author

E kwadilwe ke Zaheera Jina Asvat

Illustrator

E tshwantshitswe ke Julie Smith-Belton

Ke dula gaufi le nkoko wa me mo bojannyeng. Re lebeletse seboko se fetoga go nna serurubele. Nkoko a re seno se bidiwa

phetaphetogo. “Phetaphetogo” ke lefoko le le bofitlha. “Lebelela, Yusuf,” Nkoko a ntshebela. Mokone o seboko se iphitlhileng

mo go ona o bulega ka iketlo, ka dikarolwana, go fitlhelela serurubele sa mmala o mohibidu le bontsho se tswa. Serurubele se a

iketla, se omeletsa diphuka mme se fofele kgakala. Nkoko a re dibopiwa tsotlhe tsa Tlhago di a tsalwa, di gole mme di tsamaye.

Le dinonyane di dira jalo. Di fudugela kwa mafelong a a bothitho mo pakeng ya mariga.

Katse e thamaga ya letimela e e neng e robala mo mosimeng wa rona wa motlhaba le yona e ile.

Ke ipotsa gore ke ya go gola go nna eng. A le nna ke tlaa tsamaya? Ga ke batle go dira jalo. 

Mme a re re tlhoka go fudugela kwa ntlong e nngwe moo go nang le dikolo tse di botoka. Seo se nkutlwisa botlhoko.

Ga re bolo go nna le Nkoko. Fa re ka fuduga, tshingwana e ntšhwa e ka nne ya se nne ntle. Nka nna ka jewa ke bodutu.

Ke a boifa. 6 “Bona, Yusuf!” ga bua Nkoko. Katse e thamaga ke ele mo loboteng e re lebeletse. E a tlola mmme e ya

kwa mosimeng wa motlhaba. E a ikhuna mo motlhabeng. Katse ya rona ya letimela e boetse gae. Le nna ke tlaa siama fa

nka fuduga. Nka nna ka boela gae kwa tshingwaneng e e gakgamatsang ya ga Nkoko.

 

Monate wa Nal’ibali 

Megopolo e re ka buang ka yona

Yusuf o nna le mmaagwe le nkoko wa gagwe. Wena o nna le mang? Akanya ka diphetogo tse o di dirileng mo botshelong jwa gago. O ne wa ikutlwa jang ka diphetogo tseno fa di direga? O ikutlwa jang ka tsone gone jaanong?

Se se bonwang ka matlho

Leba setshwantsho se se mo ditsebeng tse pedi tsa ntlha tsa leinane leno sentle. A o kgona go bona:  dinonyane tse tharo  digokgo tse pedi  seboko  mokone  serurubele?

Go Bala

Seno ke leinane le le buang ka phetogo. A o kgona go bona diphetogo tsotlhe tse di farologaneng mo leinaneng leno tse Yusuf a di bonang kgotsa a akanyang ka tsone?

Go Kwala

Kwala leboko ka phetogo eno. Simolola mola mongwe le mongwe wa leboko la gago ka tlhaka e e tswang mo lefokong “phetogo”,

Botaki

Dira serurubele. Mena tsebe ya pampiri ka bogare. Mo karolong e nngwe ya tsebe dira marontho ka pente o bo o mena pampiri ka tsela ya gore marontho a le a gatisege le mo karolong e nngwe ya tsebe. Bula pampiri. Fa pente e omile, terowa setshwantsho sa serurubele se paraladitse diphuka mo tsebeng eno e e pentilweng mebalabala. Sega tsebe eno gore e nne le sebopego sa serurubele. Kgomaretsa bogare jwa sone mo toilet roll ka glue. Mo teng ga yone tsenya dipampiri le manathwana a dipampiri.

Tiragatso

Tshameka terama ya modikologo wa botshelo jwa serurubele: 1. serurubele se tsamaya mo letlhareng e bile se le ja 2. serurubele se dira mokone 3. serurubele mo teng ga mokone 4. mokone o a bulega mme serurubele se a tswa 5. serurubele se ntse se fofa-fofa.