Gompieno ke letsatsi la ntlha la malatsi a boikhutso a dikolo! Gape letsatsi la mebaraka, Mme wa Afrika o isa Afrika le Dintle kwa mmaketeng go reka setshamekisi kgotsa menatenate. “Gona le maemo a le mangwe fela pele o ka bona setshamekisi kgotsa menatenate ya gago,” Mme wa Afrika a rialo ka monyebo. “O tshwanetse go bo itse leina la sona ka Setswana le Sekgowa!” Afrika o batla o batla sefetlhaphefo se sennye, sa mebala se a se boning la bofelo fa ba le mo dimmarakeng. Se mo gopotsa difetlhaphefo tse a tleng a di bone mo dipolaseng tse di gaufi. “Leba mebala ya sona! O kgona go se bona o le kgakala,” a bolelela Dintle, a supa sefetlhaphefo mo tseleng go ya tekesing.
Afrika o itse se a se batlang fela ga a ise a itse leina la sona ka Setswana. Leano ke go botsa mongwe le mongwe fela yo a kopanang nae gore lefoko la Setswana ke lefe. “Dumela, Malome,” Afrika a dumedisa Mokgweetsi wa tekesi a palama fa pele. Mo tseleng go ya mmarakeng, Afrika a bona sefetlhaphefo se a se ratang bogolo mo polaseng e e gaufi mme a se supa. “Malome, selo se se bidiwa eng?” a botsa. “I-windmill, mosimane wa me?” kgweetsi a botsa, a tshega.
“Ke raya, se bidiwa eng ka Setswana?” Afrika a seba. “I-windmill yi windmill,” Mokgweetsi a rialo, a oketsa modumo wa radiyo ya tekesi. Ga se Karabo e Afrika a e tlhokang.
Fa ba goroga kwa mmarakeng, Afrika a bona tsala ya gagwe Maduo, le mmagwe. Ka lentswe le le sebang, a botsa mmagwe Maduo, “Lefoko la windmill ka Setswana ke lefe?”
“Ke windy milly,” a rialo Mme wa Maduo. Afrika ga a akanye gore ke leinatota la Setswana la windimili, fela a leboga Mme wa Maduo pele a boela go balelapa la gagwe. Mme wa Afrika o isa bana kwa setaleng sa maungo. Diapole tse khibidu di phatsima tota. “A o tla rata diapole dingwe?” Mme a botsa. “Nnyaa, ke a leboga,” a rialo Afrika.
Mo tseleng go ya go reka merogo, ba bona dipopo tse dinnye, tse di boraono tsa batho le diphologolo. “Mme, bona Gogo,” Dintle a rialo ka Boitumelo, a supa sefikantswe sa mosadimologo. “A o ka rata sefikantswe, Afrika?” Mme a botsa. “Nnyaa, ke a leboga,” a rialo Afrika, a nyeba le go tshikhinya tlhogo. Afrika a ya go bua le mosadi yo o ntseng kwa difikantsweng tse di betlilweng. “Dumela, Mama, a o ka dira nngwe ya tsele?” Afrika abo tsa, a supa sefetlhaphefo sa bontsho le bosweu kwa kgakala. “Ke kgona go betla sengwe le sengwe ka legong, Mosimane wa me,” a araba ka boipelo.
“Ee!” Afrika a ikakanyetsa mme a bina go le gonnye. “a o ka mpolelela gore se bidiwa eng ka setswana?” a botsa. “Ee, bana ba malatsi a! Dipotso tsa bona,” mosadi a bua ntle le go araba. Fa Afrika, mmagwe le Dintle ba tsweletse go tsamaya mo mmarakeng, ba bona Mosimane a tshameka ka koloi ya setshamekisi ya thini. Maotwana a dirilwe ka dikhurumelo. “A o ka rata koloi ya setshamekisi, Afrika?” Mme a botsa. “Nnyaa, ke a leboga,” a rialo Afrika.
Morago a se bona! Sefetlhaphefo se sennye mo godimo ga tafole, ka magare a mebala a dikologa mo moweng. “Se sentle,” Mme a raya Afrika, a tota a boga sefetlhaphefo. “Se sona se ke se batlang,” Afrika a rialo mme a retologela kwa tafoleng.
“Ee, o itse tumalano,” Mme a rialo a ema fa thoko ga gagwe. Afrika a lemoga gore o santse a sa itse lefoko la windimili ka Setswana. “Dumela, Mme,” Afrika a dumedisa mosadi wa morekisi. “Ditshamekisi tsotlhe tsa gago di dintle!” “Ke a leboga! Re di dira ka materiale wa tirisogape,” mosadi a rialo a neela Afrika windimili e a e lebileng. “Fela selo se ka eng?” Mme wa Afrika a botsa, a lebile Afrika. “Ke sefefo sa moea. A o batla sengwe gape?” a rialo mosadi a akanya gore Mme wa Afrika o bua le ene. A nyeba go gaisa Afrika. “A nka iponna se, tswetswee?” a rialo. “Ke eng se?” Mme wa Afrika a botsa, a duelela sefetlhaphefo.
“Ke sefefo sa moea,” Afrika a rialo ka phenyo. Morago a tsholela sefetlhaphefo godimo ga tlhogo jaaka terofi mme a boga fa magare a sona a dikoloswa ke phefo. “Ke tsela e ntle go ithuta lefolo le leswa, a ga go jalo, Dintle!” a rialo ka boitumelo.
Nna le matlhagatlhaga a leinane!
Buang ka se se diragetseng mo leinaneng. Botsa dipotso tse di fatang maikutlo go rotloetsa bana ba gago go akanya le go bua ka megopolo e e amanang le leinane, ka sekai, “Karolo e o e ratang thata ya leinane ke efe?”
Fa o na le bana ba bagolwane, ba rotloetse go batla gore ‘windmill’ ke eng ka bonnye dipuo tse dingwe tse pedi.
Thala setshwantsho sa setshamekisi kgotsa monatenate wa mmamoratwa wa gago.
Kwalang lenaane la ditshamekisi kgotsa menatenate ya mmamoratwa ka puo ya gae ya gago. Jaanong batla le go kwala maina a ditshamekisi kgotsa menatenate ka bonnye peo e nngwe fela.
Mmogo le balelapa, dirang setshamekisi sa sefetlhaphefo le dirisa dikotana, wulu kgotsa mogala, pampiri le sekgomaretsi.