Lefelenyana le le borokwa le le sematla le kile la bo le nna mo ntlong e le nngwe le lelapa lengwe le katse ya bone. Lefelenyana leno le le borokwa le le sematla, fela jaaka lelapa lotlhe, le ne le rata go ja. Mafele ga a tlhoke go ja letsatsi le letsatsi, mme mo ntlong eno katse e ne e beelwa manathwana le dithatana tse di rokotsang mathe – manathwana le dithatana tse lefelenyana le le borokwa le le sematla le neng le sa kgone go di itlhokomolosa! Dinakana tsa lone tse di telele di ne di nnela go ritlaritla fa le ntse le utlwa menko e e monate e e neng e tswa kwa kitšhining e katse le yone e neng e jela gone. “O se ka wa ya kwa kitšhining bosigo bongwe le bongwe. O tla bonwa mme wa bolawa!” ba lelapa la lefelenyana leno le le borokwa le le sematla ba ne ba le tlhagisa jalo. Mme le ne le itumelela botshelo mme la se ka la reetsa ditlhagiso tsa bone. Le ne le itumelela go ja dijo tse di rokotsang mathe tse di tswang mo sekotlolong sa katse. Bosigo bongwe le bongwe Katse e ne e rata go itlogelela seneke se e tla se jang gare ga bosigo, mme se se gakgamatsang ke gore, fa e fitlha mo sekolotlong sa yone, e ne e fitlhela go se na sepe. “Seno se a gakgamatsa tota,” katse ya akanya jalo. “E tshwanetse fela ya bo e le peba e bosigo bongwe le bongwe e jang seneke sa me sa gare ga bosigo.” Ka jalo, e ne ya batla peba gongwe le gongwe mo ntlong.
Fa katse e ntse e batlana le peba e e utswang bosigo bongwe le bongwe, lefelenyana le le borokwa le le sematla le ne la ipolaya ka ditshego. “Katse o akanya gore o botlhale tota,” lefelenyana le le borokwa le le sematla le ne la tshegatshega fa le ntse le letile gore katse e itlhoboge go batla. Bosigo bongwe, lefelenyana le le borokwa le le sematla le ne la lemoga gore katse e tlogetse gape dingwe tsa dijo tsa yone le mashi gore e di je moragonyana, mme mmala a lone a ne a simolola go duma. Dinakana tsa yone di ne di sekamela kwa le kwa, fa le ntse le letile gore katse e robale. Le ne le lebile fa ngwedi o feta ka bonya mo fensetereng. “Ao tlhe, a ko o itlhaganele o robale! Ke sule ke tlala,” lefelenyana le le borokwa le le sematla la ngongorega jalo go fitlha kgabagare katse a thulamela. Kafa letlhakoreng le lengwe, katse o ne a hutsafetse thata ka gonne o ne a sa kgone go tshwara peba e e utswang. Tota e bile, o ne a sa kgone le go nkga peba. “Go tla direga eng fa lelapa le itse ka peba? Ba tla akanya gore ke setse ke tsofetse thata mo e leng gore ga ke kgone go lelekisa kgotsa go nkga peba! Ba ka nna ba simolola go akanya ka go bona katse e nngwe e nnye,” a akanya jalo ka bohutsana. Nako nngwe bosigo thata, lefelenyana le le borokwa le le sematla la nanabela mo kitšhining gape. “Dikatse ga di botlhale tota,” la rialo fa le ntse le komakoma dijo tse di setseng mo sekotlolong sa katse. Mme ka tshoganyetso lebone la mo kitšhining le ne la tshuba, ga latela go goa go go tshosang, go go telele, go go tlhabang!
Go goa goo go ne go le kwa godimo e bile go tlhaba thata jaana mo e leng gore go ne ga tlhakanya lefelenyana le le borokwa le le sematla tlhogo thata jaana mo e leng gore le ne le sa itse gore le tabogele kae. Go goa goo e ne e le ga mosadi yo o neng a nna mo ntlong. O ne a nnela go goa a tabogela kwa le kwa mo kitšhining a tlolatlola, nako le nako a fosa lefelenyana le le borokwa le le sematla le le tlopatlopang. Modumo ono otlhe o o tshosang o ne wa dira gore katse e tle e tabogile go tswa mo khoneng go tla go thusa go koba lefele. Seno se ne sa naya mosadi sebaka sa go phamola thini e tona e e khibidu ya seporei. Lefelenyana le le borokwa le le sematla le ne la fapoga katse, le itumeletse gore bona ekete mosadi o itlhobogile, mme le ne le sa lemoge kotsi e le neng le lebane le yone. Mosadi o ne a lebagantsa thini sentle a bo a seporeiya, katse e ne ya ethimola, mme lefelenyana le le borokwa le le sematla le ne la simolola go ikutlwa le tsewa ke sedidi.
“Ijo, modumo ono o tla nthuba tlhogo,” lefelenyana le le borokwa le le sematla le ne la akanya jalo, “mme ga ke kgone le go bona fa tlhogo ya me e ntse e dikologa jaana. Ke eng, bathong ke eng fa ke ile ka utswa dijo tsa katse? Ke eng, bathong ke eng, ke ne ke sa reetsa ba lelapa la gaetsho?” la ngunanguna jalo pele ga le idibala. Mosadi o ne a phamola lefeelo mme a feela lefelenyana le le borokwa le le sematla fa katse e ntse e lebile. “Wena lefelenyana le le borokwa le le sematla, o se ka wa tlhola o boela fa! Ke tla bo ke letile e bile ke lebeletse,” ga rialo katse fa mosadi a latlhela lefelenyana le le borokwa le le sematla kwa ntle ga kgoro ya kwa morago a le latlhela mo lefifing. Mme ke ka lebaka leo, le gompieno, lefelenyana le le borokwa le le sematla le nna kwa ntle, kgakala le dikatse le dithini tsa seporei le basadi ba ba goang ka tsela e e tlhabang. Mme ka dinako tse dingwe menko e e monate e a le feeketsa, mme lefelenyana le le borokwa le le sematla le tla bo le itlhaganelela mo teng ga ntlo go ya go nna le moletlonyana gare ga bosigo jo bo lefifi.
Nna le matlhagatlhaga a leinane!
- O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o ka bona lefele mo ntlong ya gaeno? Torowa setshwantsho sa gago sa fa o bona lefele.
- Akanya o bona lefele le batla go kopa maitshwarelo mo go katse ka go bo le utswitse dijo tsa yone. Kwala lekwalo le lefele le le romeletseng katse.
- Dira e kete o mosadi yole wa ntlo. Bontsha kafa a neng a tlolatlola ka teng fa a ne a bona lefele.
- Dirisa letsopa kgotsa taka go dira diforomo tsa katse le lefele