Tayari ya ga Jabu | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Tayari ya ga Jabu

Written stories

Tayari ya ga Jabu

Author

Jane Semu

Illustrator

Magriet Brink le Leo Daly

Jabu e ne e le mosimane yo o ratang go batla dilo tse disha. O ne a nna kwa motsaneng mongwe o monnye wa Kapa Botlhaba le mmèmogolo wa gagwe, rremogolo, borakgadi, bomalome le bontsalae ba le bantsi. Le fa gantsi Jabu a ne a tshameka le bontsalae le ditsala tsa gagwe, selo se a neng a se rata thata, e ne e le go ithuta dilo tse disha kwa sekgweng se se gaufi le legae la gaabo.

Go ne go na le dilo tse dintsi tse a ka di dirang kwa sekgweng. O ne a tle a lebelele dinonyane, a batla dikgopa le go lebelela kafa motlhwa o bopang diolo tsa one.

 

Jabu o ne a itumelela nako ya gagwe kwa sekgweng letsatsi le letsatsi, mme gantsi go ne go mo hutsafatsa go bo a ne a sa kgone go bolelela batsadi ba gagwe ka dilo tse disha tse a di boneng.

Mmaagwe le rraagwe Jabu ba ne ba nna kwa Mossel Bay kwa Kapa Bophirima. Ba ne ba mo founela beke nngwe le nngwe, mme gantsi Jabu o ne a fiwa metsotso e sekaenyana fela ya go bua le bone ka gonne mongwe le mongwe o ne a batla sebaka sa go bua.

Mongwe wa bontsalae o ne a tla re: “Mphe founo. Ke tlhoka go botsa Rakgadi sengwe.”

Malome mongwe a bo a goa a re: “Ke na le molaetsa o o botlhokwa o ke batlang go o bolelela rrago.”

Fa Jabu a ntse a letile sebaka sa gagwe sa go bua, o ne a akanya ka dilo tsotlhe tse di itumedisang tse a di boneng tse a batlang go di bolelela batsadi ba gagwe. “Ke tla ba bolelela ka nako ya fa ke ne ke bona nonyane e tona e tshwara peba ya kwa nageng. Nnyaa! Ke tla ba bolelela ka dikgopa tse ke di boneng di ja matlhare mosong ono. Nnyaa! Ke tla ba bolelela ka motlhwa o o neng wa gagabela mo teng ga borukgwe jwa me jo bokhutshwane. Nnyaa! …” o ne a nna a tswelela a akanya ka dilo tse dintsi.

Fa e ne e le nako ya gagwe ya go bua le batsadi ba gagwe. Jabu o ne a tle a nne le dilo tse dintsi tse a batlang go di bua mo e leng gore o ne a feleletsa a didimala mo founong a sa itse gore a bue ka kgang efe.

Mme morago ga moo, beke nngwe, morutabana wa gagwe, e bong Mmè Nako, o ne a bolelela tlelase ka buka e ntle e e bidiwang tayari.

Mmè Nako o ne a raya tlelase a re: “Tayari ke buka e e nang le ditsebe di le dintsi tse o ka kwalang mo go tsone, e kgethegile ka gonne tsebe nngwe le nngwe ke ya letsatsi lengwe le lengwe la ngwaga go tloga ka January go ya go December. O ka e dirisa go kwala dilo tse di botlhokwa tse di diregileng mo letsatsing la gago. Mme gape o ka kwala dintlha tse di botlhokwa ka matsatsi a a rileng a a jaaka matsalo a gago, gore o tle o gopole go dira dilo dingwe ka letsatsi leo.”

Jabu o ne a itumetse tota!

“Se ke sone se ke se tlhokang!” a akanya jalo ka boitumelo. “Ke tlhoka tayari gore ke kgone go kwala dilo tsotlhe tse disha tse ke di ithutileng. Go tswa foo nka nna fa fatshe mme ke dire tshwetso ya gore ke batla go bolelela batsadi ba me ka dilo dife tse ke di ithutileng nako e e latelang fa ba mfounela!”

Ka bonako morago ga tlelase, Jabu o ne a tabogela Mmè Nako mme a mmotsa gore a ga a na tayari, le fa e ka tswa e le ya bogologolo, e a ka e dirisang.

Ka lesego, Mmè Nako o ne a tlile ka ditayarinyana dingwe mo tlelaseng gore fa go ka nna le baithuti bangwe ba ba di batlang a ba di neye. Jabu o ne a itumetse thata. “Ke a leboga, Mmè Nako. Ga o itse gore seno se botlhokwa jang mo go nna!” a rialo a nyenya.

Tayari ya gagwe e ntšha e ne e le nnye sentle gore e lekane mo potleng ya gagwe, ka jalo o ne a ya gongwe le gongwe le yone. E ne e le pududu mme e na le lente mo gare ga yone. Mmè Nako o ne a re a ka dirisa lente eno jaaka letshwao go tshwaya tsebe e a batlang go phetlhela kwa go yone.

“Nkoko, bona tayari ya me e ntšha!” Jabu a goa jalo a le kwa hekeng fa a fitlha kwa gae a tswa sekolong. O ne a itumetse thata jaana mo e leng gore o ne a sa bone mogobe o mogolo wa seretse mo pele ga gagwe. O ne a gata mo teng ga one mme a phatshaganya fa fatshe! Mongwe le mongwe o ne a swa ka ditshego– tota le Jabu o ne a simolola go itshega.

Nkoko a re: “Hawu, Jabu, ke go boleletse gore o se ka wa itlhaganela jaana fa o itumetse. Bona jaanong o khupeditswe ke seretse! Mme ka lesego tayari ya gago e ntšha ga ya ka ya koloba.”

 


 

“Ke a itse Nkoko,” Jabu a rialo fa a ntse a ema. “Mme seno ke boitemogelo jwa ntlha jo ke ileng go kwala ka jone mo tayaring!”

Fa Jabu a sena go tlhapa mme a ikhutsitse morago ga dijo tsa maitseboa, o ne a nna gaufi le Nkoko mme a simolola go kwala.

Morago ga matsatsi a le mmalwa, Jabu o ne a itumetse thata ka gonne o ne a kwadile ka maitemogelo a mantsi a a nnileng le one mo tayaring ya gagwe e ntšha. O ne a baya letshwao la lente mo kgannyeng ya kafa a wetseng mo seretseng ka teng.

“Ke rata kgang eno, Nkoko,” ga rialo Jabu. “ Kgang eno e nthusa go gopola letsatsi le ke boneng tayari ya me ka lone. Mme bokgoni jwa me jwa go kwala bo a tokafala, Nkoko, ka gonne ke kwala letsatsi le letsatsi!”

Nkoko o ne a bolela jaana a nyenya: “Seo se a itumedisa, Jabu, jaanong, o ka ya go tsaya tayari ya gago ka gonne batsadi ba gago ba tla tloga ba founa.”

Jabu o ne a ntsha tayari ya gagwe mo potleng ya gagwe. O ne a itumetse thata ka gonne kgabagare o ne a itse sentle gore o tla reng fa e nna nako ya gagwe ya go bua mo founong!

 

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

 

  • Torowa setshwantsho go bontsha karolo eno ya leinane: Fa Jabu a sena go tlhapa mme a ikhutsitse morago ga dijo tsa maitseboa, o ne a nna gaufi le Nkoko mme a simolola go kwala.
  • Batla ditshedi di le nnè tse Jabu a di boneng mo leinaneng leno.
  • Dira tayari e e tshwanang le apole e e mo tsebeng 4. Kwala ka nngwe ya dilo tse di kgatlhang tse di go diragaletseng gompieno.