Monang le lefele
Home | Written stories | Multilingual stories | Monang le lefele

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Monang le lefele

Author

Ka Madikapi Pulane Mahlasela

Illustrator

Ditshwantsho ka Magriet Brink le Leo Daly

Ka maitseboa mangwe a a mogote a selemo, lefele lengwe le ne la tsamaya ka iketlo le ralala tafole ya boapelo. Le ne le ja mafofora a borotho a a neng a latlhetswe mo tafoleng ke balelapa, ba gone jaanong ba neng ba ile ka boroko mo malaong a bone. Morago ga moo o ne a utlwa modumo. Bzzzz, bzzzz! “Ke eng seo?” ga botsa jalo lefele. Le ne la lebaleba mme le ne le sa kgone go bona sepe.

Morago ga foo le ne la utlwa modumo oo gape. Bzzzz, bzzzz! “Ke mang yo o dirang modumo o o tenang oo?” lefele la sebaseba jalo. “Ke monang,” lentswe lengwe le ne la araba jalo. “Wena o mang? Mme ke eng fa o buela kwa tlase jalo?” Lefele le ne la lebaleba. “O fa kae?” a botsa jalo. “O tshwanetse wa bo o le monnye tota ka gonne ga ke kgone go go bona. Ke solofela gore wa itse gore ke nna boso fa.” Monang o ne wa kotama mo godimo ga tafole gaufi le lefele. “Wa re ke wena boso?” monang a rialo ka lentswe le le sotlang. Lefele le ne le sa rate seo gotlhelele.

 

                                                                                                                                                                  

 

“Ke nna boso fano. Fa batho ba mphitlhela ke ja dijo tsa bone, ga ba tlhole ba ja dijo tseo. E nna tsa me, e leng selo se se bontshang gore ba ntlotla e bile ba ntshaba,” lefele la ikgantsha jalo. Mme la furalela monang la tsamaela kwa sinking mo go neng go na le dijana tse di leswe mme la simolola go ja masalela a a mo dipoleiting. Ka nako eno yotlhe, monang o ne o ntse o lebeletse lefele ka kelotlhoko. Morago ga foo o ne a fofa mo godimo ga tlhogo ya lefele, o ntse o suma nako yotlhe. “Fa e le gore o boso, ke eng fa o ja dijo tsa bone tse di setseng?”ga botsa jalo monang. Lefele le ne la tshikinya leoto la lone le le fa pele go leka go koba monang, mme monang o ne wa nna o suma o dikologa lefele. Kgabagare, lefele le ne la re, “A o ka tlogela go dira modumo o botlhoko oo tlhe? Fa batho ba ka re fitlhela, ba tla re phatlakanya ka bobedi jwa rona.” “Ga ke tshabe batho!” monang wa araba jalo. “Ke a ba loma ke bo ke gopa madi a bone.

Fa ba leka go mphatlakanya, ke a fapoga ke bo ke ba tila mme ke bo ke nyelela. Mme fela fa ba akanya gore ke ile, ke tla bo ke boa gape! Modumo o ke o dirang o ba tlhakanya tlhogo. Ba ikhurumetsa ka dikobo le fa go le mogote. Mme fa ke ba loma, go dira gore ba tswe thuruga e e babang.” Morago ga foo monang wa ipolaya ka ditshego. Ka tshoganyetso fela mongwe o ne a tshuba lebone mo boapelong. Monna mongwe o ne a tsena a ya kwa sinking e e mo boapelong mme a tlatsa galase ka metsi mo thepeng. Lefele le ne la betsega la tsena mo teng ga phatlha e e kafa morago ga kgoro go iphitlha. Go bonala monang o ne o sa tshwenyege le eseng.

 

                                                                                                                                                          

 

.O ne wa tswelela o dira modumo wa gagwe wa go suma, o fofela kwa le kwa o dikologa monna yole fa a ntse a nwa metsi. La ntlha, monna o ne a leka go betsa monang ka letsogo la gagwe. Le fa go ntse jalo, monang o ne wa nnela go suma mo godimo ga tlhogo ya gagwe. Monna o ne a selekega le go feta go fitlhela a o betsakaka ka selepara sa gagwe. Mme monang o ne wa nna o itshoketsa o ya kwa le kwa o iketlile, o dira modumo wa one wa go suma o o selekang. Kwa bofelong, monna o ne a itlhoboga, a bo a tima lebone mme a boela a ya go robala.

“Ke akanya gore ke tla nna mo ke iphitlhileng teng go sekaenyana,” lefele la akanya jalo. “Ga ke itse gore monang o ile kae mme ga ke tlhomamisege gore go babalesegile go tswa.” Mme le ne le dirile sentle gore le nne le iphitlhile ka gonne monang o ne o fofetse kwa kamoreng ya bana o ntse o suma mo ditlhogong tsa bone. “Papa!” mongwe wa bana a goa jalo. “Go na le monang mo kamoreng ya rona.

Tla o re thuse tlhe.” Seno se ne sa tsosa lelapa lotlhe, mme go ise go ye kae mongwe le mongwe o ne a batla mo kamoreng nngwe le nngwe, ba tshotse mesamo le diselepara, ba ipaakanyeditse go betsa monang. Mme gone, nako nngwe le nngwe fa mongwe a bona monang, o ne o tla bo o ba fapoga fela o ba tila o bo o nyelela. Seno se ne sa tswelela ka nakwana, mme kgabagare, batho ba ne ba itlhoboga. Ba ne ba boela ba ya go robala mme ba goga dikobo go tswala ditlhogo tsa bone, tota le fa go ne go le mogote thata go dira seo. Fa monang o boela o fofela kwa boapelong, lefele le ne la tswa mo le iphitlhileng teng. “Ija, ke kgatlhegile,” a bolelela monang jalo. “O dirile gore batho ba le botlhe ba tabogele kwa le kwa ba leka go go tshwara, mme ga go na ope wa bone yo o kgonneng.” “Ke go boleletse gore ga ke tshabe ope. Jaanong a ko o mpolelele, o akanya gore ke mang boso wa mmatota?” monang wa botsa jalo. “Ga go na pelaelo gore ke wena!” ga araba jalo lefele. “O ka tswa o le monnye, mme o fentse batho.” “Ke a itumela gore re dumalana ka seo,” ga rialo monang ka boipelo. “Go tloga jaanong, o mpitse fa batho ba go tshwenya.” 

“Ke tla dira jalo, ke leboga thata,” ga araba jalo lefele fa le ntse le itlhaganelela go ya go batla manathwana a a oketsegileng a dijo. Go tloga ka letsatsi leo, lefele le monang e ne ya nna ditsala tse dikgolo mme ba ne ba dirisana mmogo go tena batho thata ka mo ba ka kgonang ka teng!

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  • Akanya ka ditshedi tse di tshwenyang batho: menang, dintshi, mafele le dipe tse dingwe tse o di itseng. Ke efe mo go tsone e e tshwenyang thata? Ke eng fa o akanya jalo?
  •  Kwala poko ka nngwe ka ditshedi tse di fa godimo kgotsa ka tse di oketsegileng. Akanya ka tsela e di lebegang ka teng, di tsamayang ka teng, ka modumo o di o dirang le dilo tse di di dirang go tena kgotsa go tshosa batho.
  •  Itlhamele tshenekegi ya gago! Torowa tshenekegi ya gago. Kwala gore e bogolo jo bo kana kang, e ja eng le gore e dira modumo o o ntseng jang.