Maseka a botsala
Home | Written stories | Multilingual stories | Maseka a botsala

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Maseka a botsala

Author

Ka Zahida Wahab

Illustrator

Ditshwantsho ka Chantelle le Burgen Thorne

alesa le Gracie e nnile ditsala tse dikgolo go tloga ba le dingwaga di le tharo. E ne e le baagelani mme le bommabone le bone e ne e le ditsala. Ba ne ba fetana ka kgwedi mme ba ne ba godisitswe jaaka bonkgonne. Ba ne ba dira sengwe le sengwe mmogo. Ba ne ba tsena sekolo se se tshwanang mme ba feleletsa ba le mo tlelaseng e le nngwe! Mme ka letsatsi lengwe, fa basetsana bano ba ne ba setse ba godilenyana, go ne ga direga sengwe se se neng sa dira gore ba hutsafale thata.

Gracie o ne a goroga kwa ntlong ya gaabo Palesa a geletse dikeledi. “Bothata ke eng?” ga botsa jalo Palesa, a tshwenyegile thata ka tsala ya gagwe.

“Papa o bone tiro kwa toropong e nngwe, mme lelapa la gaetsho le tshwanetse go fuduga,” Gracie a rialo a ntse a lela. Basetsana ba babedi ba ne ba kgapha dikeledi. “Mama, a Gracie a ka sala le rona tlhe?” Palesa a lopa mmaagwe jalo. “Mama, a Palesa a ka tsamaya le rona tlhe?” Gracie a lopa mmaagwe jalo. Mme, ka maswabi, seno se ne se ka se kgonege ka gonne mongwe le mongwe wa basetsana o ne a tshwanetse go nna le balelapa la gaabo.

                                                                                                                                                                                                   

 

. Letsatsi pele ga balelapa la gaabo Gracie le tsamaya, Palesa o ne a akanya ka mpho e e kgethegileng e a ka e nayang tsala ya gagwe. E ne e le leseka la pheko le mmèmogolo wa gagwe a kileng a le mo naya dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Mosadi yo o neng a rekisetsa mmèmogolo wa gagwe leseka leo o ne a re o dirile maseka a le mabedi fela a mofuta oo.

Leseka le lengwe le ne le na le pheko ya letsatsi, mme e nngwe e ne e na le pheko ya ngwedi. Mmèmogolo wa ga Palesa o ne a tlhophetse Palesa letsatsi. “O lesedi la matshelo a rona,” o ne a rialo fa a naya Palesa leseka leo. Fa mmèmogolo wa ga Palesa a tlhokafala, Palesa o ne a utlwa lorato la ga mmèmogolo wa gagwe ka metlha fa a tsentse leseka leno. Le ne le kgethegile thata mo go ene. “Ke batla go naya Gracie leseka leno,” Palesa a sebaseba a bua a le nosi. “Le tla mo gopotsa gore re tla nna re le ditsala tse dikgolo ka metlha.” Gracie o ne a fudugela kwa sekolong sa gagwe se sesha, mme o ne a tlhologelelwa tsala ya gagwe thata. Basetsana ba babedi ba ne ba kwalelana nako nngwe le nngwe fa ba bona nako. Ka letsatsi lengwe, Palesa o ne a amogela sephuthelwana ka poso. Se ne se tswa kwa go Gracie.

“Ke ipotsa gore go na le eng mo go yone,” Palesa a rialo fa mmaagwe a mo naya sephuthelwana. “Se bule!” Mama a nyenya.

Palesa o ne a gakgamala, ka gonne o ne a fitlhela leseka le le tshwanang fela jaaka le a le fileng Gracie mo teng ga sephuthelwana seo. “Ke eng fa Gracie a busitse leseka la me?” Palesa a botsa jalo, a tshwenyegile e bile a hutsafetse go sekaenyana. Mme fa Palesa a lebelela leseka ka kelotlhoko, o ne a bona gore leno le ne le na le pheko ya ngwedi. “Leno ke leseka le lengwe le Nkoko a ileng a mpolelela ka lone!” Palesa a rialo a na le monyenyo o mogolo. Mme o ne a amogela gape le lekwalonyana le le tswang kwa go Gracie. Gracie o ne a kwala jaana: Ke fitlhetse leseka leno mo ntlong ya rona e ntšha. Ke ne ka leka go le busetsa kwa go mong wa lone, mme o ne a re ke le tseye ke mpho. Ke a go le romelela go go gopotsa gore re tla nna re le ditsala tse dikgolo ka metlha. “A bo e le tiragalo e e gakgamatsang ruri,” Palesa a rialo, fa a ntse a tsenya leseka.

                                                                                                                                                                              

 

Palesa o ne a itse gore ke letshwao la gore ditsala tse pedi tseno di tla nna e le ditsala ka metlha, go sa kgathalesege gore yo mongwe o nna kgakala go le kana kang le yo mongwe. Ba ne ba tshwana le letsatsi le ngwedi, mongwe le mongwe a ntsha lesedi ka tsela ya gagwe e e tlhomologileng.

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  •  A o na le tsala e kgolo? Ke eng se o se ratang ka tsala ya gago e kgolo?
  •  Torowa setshwantsho sa gago le tsala ya gago e kgolo lo dira sengwe se lo se ratang thata.
  •  O ka nna gape wa kwala lekwalo le go le kgabisa o tlhalosa kafa o ratang tsala ya gago e kgolo ka teng. O ka simolola lekwalo la gago ka go bolela jaana, “Jabu yo o rategang, ke leboga go bo o le tsala ya me. Ke a go rata ka gonne …