Goreng dipela di se na megatla
Home | Written stories | Multilingual stories | Goreng dipela di se na megatla

Written stories

Goreng dipela di se na megatla

Author

ke Themba Mabaso

Illustrator

ke Vian Oelofson

Bogologolo tala, diphologolo di ne di se na megatla. Di ne di sa itumelele go nna jaana, ka jalo di ne tsa tshwara kopano kwa letamong.

Pela e ne e lebeletse diphologolo tse di fetang di ya kopanong.

“Itlhaganeleng! Re batla go goroga ka nako kwa kopanong,” ga goa Mmutla a ntse a tlolatlola.

“O seke wa tshwenyega, ke tla go sala morago!” ga araba Pela fa a fetsa a retologa go aramela marang a letsatsi le le bothito.

“A wena ga o ye kopanong?” ga botsa Kgabo a feta ka tsela.

 “O seke wa tshwenyega, ke tlaa lo latela mo nakong e khutshwane,” ga araba Pela a kakaletse ka mokwatla go thutafatsa mpa ya gagwe.

Phologolo ya bofelo go tla mo go Pela e ne e le tsala ya gagwe e ba ntshanang sa inong, Khudu. “A ga o tle kopanong?” a botsa.

“Nka dira jalo fa tsala ya me e ka mpega,” ga araba Pela.

“Fela kgopa ya me e setse e le boima,” ga bua Khudu.

 “Fela, ga ke bokete. O ka se utlwe gore ke palame mo mokwatleng wa gago,” ga bua Pela ka monyenyo o o edileng.

“Fela kgopa ya me e thata e bile e a kokonela,” ga tlhalosa Khudu. 

“Nna, pela! Ke tlwaetse go nna mo matlapeng a a thata!” ga bua Pela, a palama mo mokwatleng wa Khudu. Pela o ne a le bokete, fela Khudu o ne a ka dira eng? Pela ke tsala ya gagwe ya go wa le go tsoga.

Kwa kopanong diphologolo di ne tsa bua ka megatla.

“Tota ga ke montle fa ke se na mogatla,” Phiri a ngunanguna.

“Fa ke leka go retologa ke ntse ke taboga, ke a wa gonne ga ke na mogatla,” ga bua Lengau.

“Ke tlhoka leoto la tlaleletso go lokolola mabogo a me fa ke palame mo ditlhareng go kga maungo,” ga bua Kgabo.

 

 

 “A re kopeng mmopi go re naya megatla,” Tau a dira tshitshinyo.

“Jaanong diphologolo tsa tsholetsa difatlhego tsa tsona kwa legodimong. “Oh, Mmopi wa rona, re kopa megatla!” ba kopa ka boikokobetso.

Ga utlwa lentswe le le bokete go tswa kwa magodimong. “Ka moso maphakela, le ye kwa nokeng mme le tla fitlhela go na le megatla mo setlhareng se segolo.

Diphologolo tsa boela gae di na le tsholofelo e bile di itumetse.

 “Ruri ke fela pelo go iponela mogatla. Kamoso, a re tsamaye mmogo re ye go itseela megatla,” ga bua Pela fa Khudu a mo folosa mo legapeng le o le bitsang ‘legae’.

Ka a ne a itse gore o tsamaya ka bonya, Khudu a tsoga phakela mo letsatsing le le latelang. Go ne go santse go le lefifi fa a tloga mo gae mme diphologolo tse dingwe di ne di santse di robetse.

Fa Khudu a feta gaufi le ntlo ya Pela, a goa, “Tlaa kwano! E tla re ye go tsaya megatla ya rona!”

 “E seng gompieno, ke batla go nna fa gae. Ke tlile go nna fa godimo ga lefika ka aramela letsatsi. Tswee-tswee ntlele mogatla koo mme o tlaa nnaya ona fa o boela gae,” ga bua Pela a nyenya. “O ntlele mogatla o moleele, wa boboa

jo bontsi.”

Khudu o ne a gakgametse gore Pela ga a tle go tsamaya nae. “Ke tlaa dira jalo, a bua a itumetse, fa a akanya gore ga a tlo pepa Pela mo mokwatleng wa gagwe.

E rile fa bosigo bo sa, diphologolo dingwe tsa simolola go bothologela kwa nokeng ka makatlanamane. Di ne di tsamaya ka bonako go gaisa Khudu, ka jalo ba mo feta mo tseleng. Fela Khudu o ne a ikemiseditse go fitlha kwa setlhareng go tsaya mogatla wa gagwe le wa tsala ya gagwe, ka jalo a tswelela pele ka go gagaba.

E rile fa diphologolo di le gaufi le noka, tsa bona setlhare se mo go sona go neng go le megatla e le mentsi. Go na le megatla e mekhutshwane le e meleele, megatla ya boboa le e mesesane. Go ne go na le megatla e mentle le e e befileng.

Diphologolo tsa simolola go atamela setlhare. Go ne go le mpaananeng gore diphologolo tse di tla gorogang pele di tla iponela megatla e mentle. Kgabo o ne a tlola go tswa mo setlhareng go ya go se sengwe. Tau, Lengau, le Pitse e tilodi, Tlou le Tshukudu ba ne ba okaoka. Phokoje a goroga ka bonako fela jaaka kolobe, le fa go le jalo kolobe a diega ka a ne a tsamaya a ema go ja digwere le medi ya dijalo. Khudu ene o ne a le kwa morago.

Kgabo ya nna ene wa ntlha go fitlha mo setlhareng. A tsaya mogatla o moleele go feta e mengwe. Lengau ya nna wa bobedi le ene a iponela mogatla o moleele. Diphologolo tse dingwe tsa itlhophela megatla e e setseng, e e neng e lepelela mo setlhareng.

E rile fa Kolobe le Khudu ba goroga, ga bo go setse megatla e le mebedi fela. O mongwe o ne o le mokhutshwane e bile o le phaphati mme o mongwe o le mosesane e bile o tshopegile. Kolobe ya tsaya mogatla o o tshopegileng, mme Khudu a tsaya o mokima.

 

Go ne go sa sala mogatla ope mo setlhareng, e bile go ne go se ope yo o gakologelwang gore Pela le yona e ne e batla mogatla.

Go tswa mo letlapeng la gagwe, Pela e ne e bona diphologolo tse di tlang gae. Di ne di tsamaya ka boitumelo di tsokotsa megatla ya tsona go tswa mo letlhakoreng le lengwe go ya go le lengwe. “Ga ke itse gore ke tlile go dirang fa ba mpha mogatla wa me!” Pela a buela mo pelong.

Pela a bona Khudu le Kolobe ba tsamaya mmogo. “A lo tlile le mogatla wa me, Khudu?” ga botsa Pela fa ba mo atamela.

“Nnyaya, re maswabi, tsala ya me, re fitlhetse megatla e fedile! Nna le Kolobe re fitlhetse go setse e mebedi ya bofelo. Leba mogatla wa me,” ga tlhalosa Khudu, a supa mogatla wa gagwe o mokhutshwane. “Ke ona fela o o neng o setse.”

 “Nka bo ke ile ka bonna!” ga bua Pela ka maswabi. “Ke lebelo go gaisa bobedi jwa lona. Nka bo ke iponetse mogatla o montle e le tota fa nka bo ke se setshwakga.” Khudu le Kolobe ba tsamaya ka setu.

Jaanong ke ka moo dipela di senang megatla– fela ba santse ba dula mo matlapeng ba itumelela bothito jwa letsatsi!

 

 

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  • Akanya fela fa diphologolo di ka bo di tlhophile megatla e e farologaneng go tswa mo setlhareng. Thala setshwantsho sa phologolo nngwe le nngwe fela ka mogatla o o farologaneng le e mengwe, jaaka Khudu ka mogatla wa tau kgotsa pitse e tilodi ka mogatla wa kolobe.
  • Nna letseka la mafoko! Leba leinane ka tsenelelo. A o kgona go bona: maina a diphologolo di le nne – mafoko a mabedi a dinomoro – mafoko a le matlhano a a tlhalosang megatla?
  • Itsheme o le Pela. Kwalela Mmopi lokwalo o mo kope gore a go neye tšhono e nngwe ya go fiwa mogatla.