Nonyane ya pula | Nal'ibali
Home | Story Resources | Multilingual stories | Nonyane ya pula

Nonyane ya pula

Author

Joanne Bloch

Illustrator

Mieke van der Merwe

Translator

E ranotswe ke Opelo Thole

Mo nageng e e bidiwang Gabon, go ne go na le motsana o monnye fa sekgwa se felelang teng. Mo gare ga sekgwa se, mo dikaleng tse di kwa godimodimo tsa setlhare se segolo thata, go ne go nna nonyane e e kgethegileng – nonyane e e neng e nesa pula.

Fa e sale go simolola bogologolo moo e bile baagi ba motsana ba sa tlholeng ba gakologelwa, baagi ba ne ba netefatsa gore ba tshola nonyane e e itumetse. Ba ne ba baya matlhotlhora a borotho, manathwana a maungo le mašwi a a sa bedisiwang a khokhonate, mme beke le beke kgotsa dibeke tse pedi setlhopha sa baagi ba motse se ne se isa dijo tse di monatenate tse kwa sekgweng. Fa ba sena go di baya mo tlase ga setlhare, mongwe wa bona o ne a tshameka molodi o o bonojana mo pianong e e lediwang ka kgonojwe. Morago ga nakonyana, nonyane e ne e fologela mo fatshe go tla go ja le go nwa. Fa e feditse, e ne e simolola go opela pina e e monate thata. Ka yona nako eo, e ne e tsholetsa diphuka tsa yona tsa mmala o mopududu jo bo tseneletseng, e bile o phatsima, mme mo metsotsong e se kae, pula e ne e simolola go na.

Se se ne sa tswelela dingwaga tse dintsi thata. Ka ntlha ya gore pula e ne e na ka gale, dijalo di ne di gola ka bontsi mme go ne go na le dijo tse dintsi mo motseng. Mme fela ka iketlo dilo di ne tsa simolola go fetoga. Ka tsela nngwe, baagi ba motse ba ne ba tlhola ba samagane le go dira tsele le tsele mme ba ikgatolositse nonyane ya pula. Ba ne ba re “Ga go re sepe, pula e tla na. Ke nako ya gore re emise go senya nonyane e e tsofetseng ele e e makgakga!”

Fela batho ba ne ba fositse. Fa ba ne ba emisa go tlhokomela nonyane, pula le yona e ne ya emisa go na. Dijalo di ne tsa simolola go omelela le go swa, mme diphologolo tsa bopama le go nna bokoa. Go ntse go le jalo, go ne go se ope mo motseng yo o yang kwa sekgweng go fepa nonyane e e neng e nesa pula. Jaanong botlhe ba ne ba samagane le go dira tsele le tsele ba leka go batla madi a go reka dijo mo toropong e e gaufi.

Ka letsatsi lengwe le mogote wa lone o neng o ntsha tlhapi mo bodibeng, mosetsana yo monnye yo o neng a bidiwa Ketti o ne a tsena mo sekgweng fa a tswa kwa sekolong. “Go botokanyana ka gore mo teng mo go tla nna tsiditsana,” o ne a akanya jalo. O ne a tsamaya a bo a tsamaya, mme morago ga nakonyana, o ne a Web-the-rain-bird-spread-2fitlha fa setlhareng se se telele se nonyane ya pula e neng e nna mo go sone. Ketti o ne a lebelela kwa godimo ga setlhare. Ka bonako, o ne a gakologelwa ka moo nkoko wa gagwe a neng a tlhola a tla le ena mo sekgweng go jesa nonyane fa a ne a santse a le monnye. Ketti o ne a bula kgetsana ya gagwe ya dibuka mme a ntsha lenathwana la borotho le le neng le setse mo dijotshegareng tsa gagwe. Ka kelotlhoko o ne a baya borotho mo tlase ga setlhare. Morago, ka gonne o ne a sa tsaya piano e e lediwang ka kgonojwe, o ne a opela pina ya bogologolo e e neng e le kgale a e itse botshelo jwa gagwe jotlhe.

Ka modumo o mogolo wa ka bonako, nonyane e ntle ya mmala o mopududu e ne ya tswa mo dikaleng tse di fa godimo ga tlhogo ya ga Ketti mme ya simolola go ja borotho. Fa nonyane e sena go fetsa, e ne ya bula molomo wa yona mme ya opela dinoto di se kae tse di monate, tse di molotsana. Morago e ne ya tsholetsa diphuka tsa yona tse di phatsimang mme ka bonako Ketti o ne a utlwa go duma ga maru. Ka nako ya fa a goroga kwa gae, go ne go na marothodi a makima, a a neng a timola bolelo jwa lefatshe le le neng le hibitse ka ntlha ya mogote.

Ketti o ne a itumetse thata, go fitlhela a bolelela batsadi ba gagwe gore go diragetse eng. “Tlogela makgakga!” o ne a kgalemelwa ke mmaagwe. “Ga go sa tlhole go na le ope yo o dumelang gore nonyane ke yona e dirang gore pula e ne!”

“Mme wa gago o nepile,” ga rialo rraagwe Ketti. “Leuba le fedile jaanong mme re tla siama. O se ka wa senya gape ka borotho ka go fepa nonyane e e bogagapa ele ya motsofe!”

Le fa Ketti a sa arabisa batsadi ba gagwe, o ne a na le bonnete jwa gore ba ne ba fositse. “Fa fela Nkoko a ne a santse a tshela,” a rialo, “o ne a tla ntumela!” Fela mmemogolo wa ga Ketti o ne a tlhokafetse mo dingwageng di le mmalwanyana tse di fetileng. Selo se le nosi se Ketti o neng a se tlogetse, e ne e le piano ya bogologolo e e lediwang ka kgonojwe ya ga nkoko wa gagwe.

Go ne ga feta dibeke tse pedi mme go ne go se na pula. Dijalo di ne tsa simolola go omelela gape mme dikgopo tsa diphologolo tse di tshwerweng ke tlala di ne tsa simolola go bonala le go feta. Letsatsi le ne le fisa kwa ntle ga kutlwelobotlhoko mo loaping le le phatsimang la mmala o mopududu. “Ga ke kgathale gore ba re eng!” ga akanya Ketti. “Re tlhoka pula. Ke ya go fepa nonyane gape kamoso!”

Ka mahube a letsatsi le le latelang, morago ga go tsaya seripana sa borotho le moretlwa o ka tlala seatla mo phaposing ya boapeelo, Ketti o ne a tswa a ngongoela mo ntlong. O ne a le gaufi le go tsena mo gare ga sekgwa. Se o neng a sa se lemoge, e ne e le gore rraagwe le ene o ne a tsogile. Fa a bona se morwadie o neng a se dira, a lemoga gore o ya go fepa nonyane ya pula gape. “Ke tla ruta ngwana yo o sa reetseng molao yo maitseo!” o ne a bua a le nosi a tenegile. O ne a phamola bora le metswi ya gagwe mme ka tshisibalo o ne a sala Ketti morago go ya kwa sekgweng.

Fela fa nonyane e fologela mo tlase go ja dijo tse Ketti a neng a di e tliseditse, rraagwe o ne a tsholetsa bora jwa gagwe mme a golola motswi wa gagwe o o nang le botlhole. Motswi o ne wa tsena ka tlhamalalo mo pelong ya nonyane. Nonyane e ne ya lela selelo se se tlhabang pelo. Ka letshogo, Ketti o ne a retologa – ka bonako a bona rraagwe a wela fa fatshe, a tlhokafetse. Ketti o ne a goeletsa kwa godimo mme fa a retologa gape – a bona motswi o wa fela kwa ntle ga go gobatsa mmele o o phatsimang wa nonyane. Morago nonyane, kwa ntle ga kgobalo epe, e ne ya fofela kwa lekaleng le le kwa godimodimo la setlhare.

Ketti o ne a tswa ka lebelo mo sekgweng mme a bona pono e e gakgamatsang. Phologolo nngwe le nngwe le motho mongwe le mongwe yo o neng a mmona o ne a robetse fa fatshe a tlhokafetse. Pelo e ne e uba, mme a tabogela kwa gae. Ka bonako o ne a bona piano ya bogologolo e e lediwang ka kgonojwe ya ga nkoko wa gagwe. “E ke yona fela tshepo ya me ya bofelo!” a akanya jalo. “Nonyane ya pula e tenegile. Ke tshwanetse go e itumedisa gape! Ke TSHWANETSE!”

Morago ga halofo ya ura, Ketti o ne a boetse fa tlase ga setlhare se segolo. Mmele wa gagwe o ne o fufutse thata mme o ne a fegelwa. Dikgato di le mmalwa go tswa fa a neng a le teng go ne go robetse setopo sa ga rraagwe. Ketti o ne a lebelela kwa thoko ka bonako, mme ka diatla tse di roromang, a simolola go letsa piano e e lediwang ka kgonojwe.

O ne a e letsa a bo a e letsa, go fitlhela menwana ya gagwe e nna botlhoko. Kwa bokhutlong, go ne ga direga se o neng a se batla go gaisa dilo tsotlhe mo lefatsheng. Nonyane e ne ya fologela kwa tlase jaaka e kete ga go a direga sepe. Nonyane e ne ya ja moretlwa o o neng o santse o le mo fatshe mme ya opela dinotonyana tse di molotsana. Morago, fa Ketti a ntse a tsweletse go letsa piano, nonyane e ne ya tsholetsa diphuka tsa yona … Ketti o ne a utlwa modumonyana mo morago ga gagwe. E ne e le rraagwe yo o neng a sa tswa go tsoga. “Ke maswabi!” a bua gangwe le gape a raya nonyane e kgolo, ya mmala o mopududu. Morago o ne a otlolola seatla sa gagwe kwa go morwadie mme ba tsamaya ka iketlo go boela kwa motseng. Batho botlhe le diphologolo tsotlhe di ne di tshela gape kwa motseng.

Mo bosigong joo baagi ba motse ba ne ba nna le kopano. Ba ne ba dumelana ka bongwe jwa pelo gore ba ithutile thuto e botlhokwa. Mme go simolola ka lona letsatsi leo, go ne go sa fete beke e le nngwe kwa ntle ga leeto le le kgethegileng la go ya kwa sekgweng go fepa nonyane e e neng e nesa pula.