Nobukhwebezane, mohumagatsana wa metsi
Home | Written stories | Multilingual stories | Nobukhwebezane, mohumagatsana wa metsi

Written stories

Nobukhwebezane, mohumagatsana wa metsi

Author

Ka Luyanda Sikhakhane

Illustrator

Ditshwantsho ka Natalie le Tamsin Hinrichsen

Ngwaga le ngwaga, ka December, e ne e le nako ya moletlo wa Kwanzaa  – nako ya fa malapa a abelana dijo le dimpho. Mme ngwaga mongwe le mongwe, pele ga masa Khwezi, Lubo le Malaika ba ne ba tsoga ba bo ba ya kwa nokeng. Fa ba le mo tseleng, ba ne ba opela dipina tse di monate ba bo ba kgetla dimmulubere.

Basetsana ba bararo ba ne ba itumela ka metlha, ka gonne ka letsatsi leno, ba ne ba tla fitlhela mohumagatsana wa metsi, e bong Nobukhwebezane, a ba letetse kwa nokeng. Fa ba ntse ba atamela, ba ne ba tle ba utlwe lentswe la gagwe le le monate le opela jaana:

            “Baaforika tsogang …ke nako ya Kwanzaa!

            Re abelana dimpho tse dintle … re bontshana lorato!

            Tlisang maungo, nama le mageu.

            Mmang re je, re ketekeng mmogo … re bontshane lorato!”

 

                                                      

 

Basetsana ba ne ba tle ba dule mo dintshing tsa noka ba reetsa pina. Go tswa foo, fa letsatsi le tlhaba, Nobukhwebezane o ne a tla ba naya diroto tse di tletseng ka merogo le maungo gore ba ye le tsone gae kwa motseng wa bone.

“Sala sentle, Mohumagatsana wa Metsi!” ba ne ba tle ba rialo fa ba ntse ba sianela gae gore baagi ba motse ba apaye dijo le go baakanyetsa moletlo wa Kwanzaa.

Mme gantsi go ne go na le sengwe se se neng se tshwenya Nobukhwebezane. “Ke ipotsa gore ke eng fa basetsana bale ba se nke ba nteboga fa ba tsaya diroto tsa maungo le merogo?” o ne a tle a ipotse jalo fa a ntse a dutse a le nosi.

Kwa motseng, batho botlhe ba ne ba phuthegela kwa ntlong ya kgosana, ba apere diaparo tsa mebala e e galolang. Kwa ntle ga maungo le merogo e e tswang go mohumagatsana wa metsi, baagi ba motse ba ne ba tlisa mabele le nama mme ba bo ba apaya mmogo fa bana ba ntse ba tshameka.

Fa batho ba motse ba sena go ja, ba ne ba abelana dimpho ba opela le go bina. Batho ba ba godileng ba ne ba refosana go anela mainane a bone a ba a ratang thata.

Ngwaga mongwe, fa nako ya Kwanzaa e goroga, Khwezi, Lubo le Malaika ba ne ba tsoga mme ba bo ba itlhaganelela kwa nokeng jaaka gale, ba opela le go kgetla dimmulubere mo tseleng. Fa ba ntse ba atamela noka, ba ne ba lemoga gore go na le sengwe se se phoso. Ba ne ba sa utlwe Nobukhwebezane a opela.

“A Nobukhwebezane a ka tswa a santse a robetse?” Malaika a ipotsa jalo.

“Gongwe ga a tsoga sentle,” Khwezi a akantsha jalo.

“Gongwe o lebetse gore gompieno ke tshimologo ya Kwanzaa,” ga rialo Lubo.

Fa ba fitlha kwa nokeng, Nobukhwebezane o ne a sa bonale gope.

Ba sa lebelela, ba ne ba fatlhiwa ke lesedi le le phatshimang. Morago ga foo lentswe le le kwa godimo le le tshosang le ne la re, “Mongwe le mongwe yo o fiwang sengwe o tshwanetse go leboga! Seo ke maitseo a mantle!” Go tswa foo lesedi leo le ne la nyelela mme ga sala fela letsatsi le le tlhabang kgakala ka kwa morago ga dithothana. Basetsana ba ne ba hutsafala thata fa ba lemoga gore ba ne ba lebetse go dira jalo. “Ga re ise re ko re leboge Nobukhwebezane ka ntlha ya dimpho tsa moletlo wa Kwanzaa! Gantsi re tsamaya re itlhaganetse,” ga rialo Lubo ka bohutsana.

Ba ne ba simolola go tsamaya ka iketlo ba boela gae, dipelo tsa bone di le botlhoko.

“Re tla fitlha re reng fa re fitlha kwa motseng fa re tla re iphotlhere fela?” ga botsa jalo Malaika.

Khwezi o ne a retologela mo ditsaleng tsa gagwe a bo a re, “Ditsala, … re tshwanetse go boela morago mme re ye go kopa maitshwarelo mo mohumagatsaneng wa metsi.”

“Mme gone Nobukhwebezane ga a batle go nna le kamano epe le rona. Ga a batle go re bona!” ga rialo Lubo a ikutlwa a sena tshepo.

“Ke dumalana le Khwezi,” ga rialo Malaika. “Re tshwanetse go boa re ye go kopa maitshwarelo. Tota le fa re sa fitlhele Nobukhwebezane a le teng, re ka mo tlogelela molaetsa mo ditlhaping.”

“Ke kgopolo e ntle eo,” ga rialo Lubo, a simolola go ikutlwa botoka. “Waitse ke eng, fa re le mo tseleng re boela kwa nokeng, re ka kgetla dimmulubere gore re di neye Nobukhwebezane jaaka mpho.”

Basetsana ba bararo ba ne ba kgetla kgetsi e e tletseng ka dimmulubere. Ba ne ba nyenya fa ba ntse ba taboga ba boela kwa nokeng. Fa ba ntse ba atamela, ba ne ba utlwa pina e e monate e ba e itseng sentle:

            Baaforika tsogang … Ke nako ya Kwanzaa!

            Re abelana dimpho tse dintle … re bontshana lorato!

            Tlisang maungo, nama le mageu.

            Mmang re je, re keteke mmogo … re bontshane lorato!”

 

                       

 

“Nobukhwebezane o boile! Mohumagatsana wa metsi o boile!” ba goa jalo, ba tabogela kwa dintshing tsa noka.

Nobukhwebezane o ne a dutse mo lefikeng gaufi le dintshi tsa noka, a nyenya.

“Mohumagatsana, re maswabi tota go bo re ise re ko re go leboge ka ntlha ya dimpho tsa gago tsa maungo le merogo!” ga rialo Malaika.

“Ee, Nobukhwebezane, re kopa maitshwarelo. Tsweetswee re itshwarele,” Khwezi a ikuela jalo.

“Kwanzaa ke nako ya go abelana dimpho. Gompieno re go tshwaretse mpho!” ga rialo Lubo, a naya Nobukhwebezane kgetsi e e tletseng ka dimmulubere.

Nobukhwebezane o ne a lebelela mo teng ga kgetsi mme a nyenya. “Dimmulubere tseno di lebega di le monate. Ke a leboga, ditsala!”

“Le rona re a go leboga , Mohumagatsana, ka ntlha ya dimpho tse o ntseng o re naya tsone ngwaga le ngwaga ka nako ya moletlo wa Kwanzaa. Re a go leboga,” Malaika a rialo a le ditlhong.

“Ditsala tsa me, … Kwanzaa ke nako ya go aba, ya boitumelo, ya kagiso le ya lorato! Atamelang, ke batla go lo ruta pina e ntšha!” Go tswa foo Nobukhwebezane a opela jaana:

“Lebogang ka metlha, bontshang lorato ka metlha mme lo tla amogela ka ntlha ya seo!

Lebogang ka metlha, bontshang lorato ka metlha mme lo tla amogela ka ntlha ya seo!

Lebogang ka metlha, bontshang lorato ka metlha! Dilo tseno di molemo ka metlha!”

“Jaanong, itlhaganeleng gae,” a rialo. “Go nna thari! Tsayang diroto tseno tsa maungo le merogo. Ba lo letile.”

“Re a leboga, Mohumagatsana wa Metsi. Re a leboga, Nobukhwebezane!” basetsana ba rialo.

“Tsamayang sentle! Itumeleleng moletlo wa Kwanzaa!” Nobukhwebezane a goa jalo.

“Le wena, Mohumagatsana! Re a leboga!” basetsana ba goa jalo.

Fa basetsana ba goroga kwa gae, batho ba motse ba ne ba setse ba ba letetse. “Re a leboga, basetsana. Go bonala lo tlile ka maungo le merogo e e oketsegileng go feta le fa e le leng pele. Re a leboga!” ga rialo kgosana ya motse.

Fa basetsana ba utlwa seno, ba ne ba lebana … mme ba nyenya. Ba ne ba itse gore Nobukhwebezane o ba itshwaretse. “Re a leboga, Mohumagatsana,” ba sebaseba jalo.

 

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

A balelapa la gaeno kgotsa baagi ba tikologo ya lona ba nna le seabe mo go ketekeng moletlo o ka mo go kgethegileng e leng wa Seaforika kgotsa wa Aforika Borwa? Moletlo ono o bidiwa eng mme go ketekiwa eng?
Ke mefuta efe ya maungo le merogo e gantsi lo e jang kwa meletlong ya lona? Torowa dingwe tsa maungo le merogo eno.
Itlhamele pina ya gago e mo go yone o lebogelang dilo tse di molemo tse o di newang letsatsi le letsatsi.