Mosetsana yo o lorileng a ile lefaufaung | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Mosetsana yo o lorileng a ile lefaufaung

Written stories

Mosetsana yo o lorileng a ile lefaufaung

Author

E kwadilwe ke Jeanine Vermaak

Illustrator

Ditshwantsho ka Magriet Brink le Leo Daly

Lesedi o ne a rata dinaledi. Fa bana ba bangwe ba fela pelo gore moso o goroga leng, ene o ne a fela pelo gore bosigo bo goroga leng. O ne a sa boife lefifi ka gope. O ne a rata go ya kwa ntle pele go robalwa gore a lebe lefaufau bosigo.

Jaanong, akanya fela ka dinaledi tsotlhe tse o di boneng. Makgolokgolo a dinaledi tse dintle tse di galalelang gammogo le ngwedi o o kgolokwe, o o serolwana.

“E setse e le nako ya go robala, Lesedi!” mmaagwe mosetsanyana a mmitsa.

“Ke etla Mama!” ga araba Lesedi.

Fela Lesedi o ne a ise a ipaakanyetse go boela mo ntlong. O ne a batla go bala dinaledi. “Nngwe, pedi, tharo, nne…” Lesedi o ne a badile go fitlha ka lekgolo le masome a mararo le metso e meraro fa a utlwa mmaagwe a mmitsa gape.

Fa a retologa go tsena mo ntlong, a bona lesedi le legolo le le phatsimang mo lefaufaung. Le ne le atamela ka bonako. E ne e le sesutlhalefaufau se segologolo! Lesedi a seke a tlosa matlho mo go sona mme a se tlhoma matlho go fitlhela se tsurama mo tshingwaneng e e fa pele ga ntlo.

Lesedi a ya kwa sesutlhalefaufaung gore a se ame. Se ne se le borethe, se phatsima e bile se le bothito. Mojako o mogolo mo letlhakoreng wa bulega ka bonako mme serepudi sa ikala fa fatshe.

“Motlhamongwe nka leba ka bonako ka fa gare,” ga akanya Lesedi.

Ka bonya, a palama serepudi. Go ne go le dipone tse di phatsimang le dikonopo tse dihibidu le tse ditala gotlhe fela. Fela e ne o ne a gogetswe thata ke konopo e tona ya mmala wa namune ka fa tlase ga letlhabaphefo.

“Ke ipotsa gore go ka diragala eng fa nka tobetsa konopo ele?” a buela kwa godimo.

BEEP ga utlwala modumo fa a tobetsa konopo. Mme mojako wa tswalega ka bonako mme ga utlwala modumo o mogolo o re BOOM fa enjine e duma. Morago, a utlwa lentswe le tswa mo sepikareng le re, “Sesutlhalefaufau se a tlhatloga ka 3,2,1…”

Lesedi a utlwa sesutlhalefaufau se suta! Se tshikinyega go tswa molemeng go ya mojeng; se tshikinyega go tswa godimo go ya kwa tlase, morago sa fofela godimo ka lebelo.

“Mama o tlile go šakgala thata,” Lesedi a akanya, fela go ne go tletse monyenyo mo sefatlhegong sa gagwe. Ruri nako ya go ya lefaufaung e ne e fitlhile! O ne a kgona go bona ntlo ya gaabo e ntse e nna nnye le go feta fa sesutlhalefaufau se ntse se pagamela kwa godimo.

O ne a kgadikanya lebogo mme a re, “Sala sentle Mama! Ga ke ye go nna lebaka le leleele!”

Sa ya kwa godimo, kwa godimo, kwa godimo sesutlhalefaufau. Sa ikgara go dikologa dinaledi. Sa tsopodia go dikologa dipolanete sa tlhatlogela kwa godimo kwa sebakeng. “Ema go fitlha ke bolelela Tshepo le Amina ka se fa ke fitlha kwa sekolong,’a akanya jalo.”

Lesedi o ne a ntse lebile kwa ntle ka letlhabaphefo fa a bona sengwe kwa pele ga

gagwe. A e ka nna …? Ee, e ne e le yona! E ne e le ngwedi … mme e bile go ne go le monna a eme mo go yona. O ne a bonala e kete o kgadikanya lebogo go mo dumedisa.

“Ke monna mo ngweding!” Lesedi a goa ka boitumelo.

Monna a tswelela go kgadikanya lebogo go fitlha sesutlhalefaufau se tsurama mo ngweding ka mokgwasa o o bofefo. A bo a tsamaya go fitlha a konyakonya mo letlhabaphefong la ga Lesedi.

“Dumela,” a buela mo letlhabaphefong. “Ga nke ke nna le baeng ba bantsi. Leina la gago ke mang?”

“Ke nna Lesedi,” a bua ka boipelo. “Ke ne ke sa tshwanela go tla fa. Se ga se sesutlhalefaufau sa me. Se tsurame mo tshingwaneng ya rona, ka jalo ka tsena mo go sona mme sa fofa ka nna!”

“Ke ka ntlha ya gore o le muotolodi ka tsalo,” ga bua monna.

“Ee tota. Ke rata lefaufau mme e bile ke rata dinaledi le go feta. E bile, leina la me ke Lesedi, bokao jwa lona ke go bonesa,” a bua jalo.

“Go gontle e le tota! Sengwenyana ke se, se o ka yang le sona kwa gae.” Lesedi a bula letlhabaphefo mme a tshwara lebogo la gagwe. Monna a mo fa letlapa le lennye. “Ke letlapa le le kgethegileng la ngwedi. Jaanong o na le sengwe se se ka go thusang go gakologelwa tekelelo ya gago.”

“Ke leboga go menagane, Monna yo o mo ngweding!”

Le fa e le gore Lesedi o ne a itumeletse tekelelo ya gagwe, o ne a ikutlwa a lapile. “Bathong! Mama o tlile go tshwenyega ka nna!” a akanya jalo, a ntse a edimola. A leba mo matlhakoreng. “Motlhamongwe fa nka tobetsa konopo ya mmala wa namune gape, sesutlhalefaufau se ka mpusetsa gae.”

Ka jalo a e tobetsa. Ka bonako fela, ga utlwala lentswe le tswa mo sepikareng gape, le re, “loeto la go boela morago le a simolola ka 3,2,1…”

“Sala sentle, Monna yo o mo ngweding,” Lesedi a bua ka bonako.

“Tsamaya sentle, Lesedi. Ke solofela gore ke tla go bona gape,” a bua jalo a kgadikanya lebogo go mo laela.

Sesutlhalefaufau sa simolola go fofa go tswa mo ngweding mme sa retologa ka bonako. Lesedi o ne a kgona go bona Polanete ya Lefatshe kwa tlase-tlase. E ne e lebega e kete ke bolo e talalegodimo e e tlola-tlolang e a neng a tlhola a tshameka ka yona le ditsala tsa gagwe. Jaanong a utlwa sesutlhalefaufau se simolola go fofela kwa tlase, kwa tlase, kwa tlase, go fitlha se tsurama mo tshingwaneng se tlola-tlola. Mojako wa bulega, serepudi ya fologa.

“Ke gorogile fa gae!” ga goa Lesedi.

A taboga mo serepuding mme a leba ngwedi o mogolo, o o kgolokwe mme a akanya gore o bone monna yo monnye a kgadikanya lebogo.

Fa mmaagwe Lesedi a tla ka fa ntle go mmatla, a mo fitlhela a robetse a tshwerwe ke boroko mo tlhageng.

“Ao ngwanake, o tshwanetse go bo o lapile thata,” a bua jalo a mo tsholetsa.

A mo tsholetsa go mo isa mo ntlong mme a mo robatsa mo bolaong jwa gagwe. Jaanong a utlwa go le sengwe mo letsogong la ga Lesedi, letlapana le le kwebu.

“Mosetsanyana yo o kgatlhisang,” a nyenya, a atla Lesedi mo phatleng.

Morago a tima lebone a tswa mo phaposing ya gagwe, a sa lemoge gore letlapana le le kgolokwe le le kwebu le ne le phatsima mo lefifing.