Home | Story Resources | Multilingual stories | Moriri wa metlholo

Moriri wa metlholo

Author

Mbali Kgame

Illustrator

Magriet Brink and Leo Daly

Zinhle o ne a rata go tshameka kgati mo patlelong le ditsala tsa gagwe Sindi le Zongi. Go sengwe se le sengwe fela se se neng se mo tshwenya. Fa ditsala tsa gagwe di tlolatlola, meriri ya bona e ne e ya kwa godimo le kwa tlase, e fetela go tswa letlhakoreng le lengwe go ya go le lengwe. Zinhle o ne a na le moriri o o bonolo mme o pitlagane o ipopile o le kgolokwe, mme le ka motlha ope o sa fetele kwa le kwa jaaka ya bone.

Lamatlhatso mongwe mo mosong Zinhle o ne a botsa mmaagwe, “Mama, goreng moriri wa me o sa golele kwa tlase go tshwana le wa ditsala tsa me? Meriri ya bona e ya kwa godimo le kwa tlase fa re tshameka kgati. E a kgatlhisa! Nna ke utlwa botlhoko gonne wa me ga o dire jalo. Ga o tshikinyege!” “Moriri wa gago o ka bo o farologane le wa ditsala tsa gago, fela o montle fela go tshwana le wa bona!” ga bua Mama. Sefatlhego sa ga Zinhle sa lebega se swabile, fela mmaagwe a nyenya a mo lebile. “Itebe, Zinhle,” a bua jalo. “Moriri wa gago o gola go simolola kwa meding, fela jaaka ditlhare le dimela. O kgolokwe e bile o mogolo, fela jaaka lefatshe le re tshelang mo go lona. O ka tshameka ka ona wa dira ditaele le dibopego tse dintle ka ona. Moriri wa gago ke wa metlholo – mme se se o dira o o kgethegileng!”

 

Mafoko a a itumedisa Zinhle. A tabogela kwa ntle go bolelela ditsala tsa gagwe ka moriri wa gagwe wa metlholo. Fela e rile a bolelela Zongi le Sindi se mmaagwe a mmoleletseng sona, ba bo ba lebelelana, mme ba thubega ka setshego.

“Moriri e ka nna wa metlholo jang?” ga botsa Zongi.

“Ha-ha-ha!” Sindi a tshega. “O se dire metlae e e ntseng jaana, Zinhle! Metlholo? Legoka!”

Matlho a Zinhle a tlala dikeledi, fela a seke a lela. O ne a sa batle gore Zongi le Sindi ba mo tshege gape.

Ka yona nako eo, basetsana ba bona Nkoko a tsholetsa letsogo a ba bitsa. O ne a eme mo mo gare ga mojako wa gagwe gaufinyane le bone.

“Bona, Nkoko o a re bitsa” ga bua Zinhle.

 

Basetsana ba bararo ba ne ba rata go thusa Nkoko. O ne a ba anela mainane a le mantis mme e bile a ba fa maungo a a omisitsweng ka gale fa ba mo etetse. Ka jalo Zinhle, Zongi le Sindi ba potlaka go utlwa gore Nkoko o ba biletsa eng.

“Ga ke a tsoga sentle gompieno,” Nkoko a rialo. “Ke batla go lo roma kwaNtuli go nthekela melemo.”

Basetsana ba ne ba utlwile botlhoko go utlwa gore Nkoko ga a tsoga sentle mme ba dumela go ya go reka melemo.

“Ke tla lo thalela mmepe gore lo seke lwa latlhega,” ga bua Nkoko. “Mmepe o tla lo isa kwa lefelong la ga Baba Ntuli, mme o tla lo naya dikgwere.” Morago Nkoko a tsena mo ntlwaneng go tsaya pampiri le phensele go thala mmepe. A leba mo šelofong, fela a seke a bona pampiri. “Ke tla tshwanela ke go loga leano le lengwe,” a rialo.

 

A leba mosetsana mongwe le mongwe ka kelotlhoko. Mme a bo a re, “Zinhle, o na le moriri o montle e le tota. O lebega o nonofile. Ke tla go loga ditsela go dira mmepe ka moriri wa gago. Mmepe o tla lo thusa go ya kwaNtuli.”

Nkoko a nna mo setulong sa gagwe se a se ratang, mme Zinhle a nna mo mmeteng fa pele ga gagwe. Nkoko a loga moriri wa ga Zinhle. Basetsana ba bangwe ba ne ba lebile ka kelotlhoko. Fa Nkoko a tsweletse go mo kama le go loga ditaele le ditsela tse di farologaneng, Zongi le Sindi ba ne ba akabaditswe ke boleele jwa moriri wa Zinhle.

“Mmaloo! Mmaago o nepile,” ga bua Sindi. “E le ruri moriri wa gago KE wa metlholo! O bonagala o le mokhutshwane, fela o moleele go feta ka mo o lebegang!”

“Ke nnete,” ga bua Zongi. “Ke dikgakgamatso!”

Zinhle a nyenya ka boitumelo.

 

Fa Nkoko a fetsa go loga moriri wa Zinhle, mologo o ne o bonagala jaaka mmepe go bontsha bana go ya kwaNtuli! Fa ba ntse ba tsamaya mo mebileng e e pitlaganeng mo sekgweng, Zongi le Sindi ba tsamaya ba ema go buisa moriri wa Zinhle go netefatsa gore ba ntse ba tsamaya ka tsela e e siameng. Fa ba ntse ba tsamaya, ba ne ba opela pina e ba itlhametseng yona:

“Nkoko o a lwala, Nkoko o a lwala.

Re ya kwa kwaNtuli, re ya go tsaya dikgwere –

dikgwere tse di tla alafang Nkoko!”

 

Basetsana ba goroga kwaNtuli. Kwa teng Baba Ntuli a ba fa diphuthelwana di le pedi tsa dikgwere go fa Nkoko. Fa ba le mo tseleng go boela gae ba dirisa moriri wa ga Zinhle go netefatsa fa ba ntse ba le mo tseleng e e siameng. Fa ba goroga ka pabalesego kwa gae, ba mo fa melemo.

Mo mosong o o latelang, Zinhle, Zongi le Sindi ba ya kwa ntlong ya Nkoko go ya go mo tlhola. Fa ba goroga, ba mo fitlhela a nosetsa tshimo ya gagwe.

“Dumelang, bana ba me,” Nkoko a rialo ka monyenyo o mogolo. “Ke ikutlwa botoka thata gompieno, ke leboga lona thata!”

Basetsana ba ne ba itumeltse go utlwa gore ba thusitse Nkoko, fela ba ne ba akanya ka sengwe gape.

“Nkoko, a o ka loga moriri wa me go jaaka o logile Zinhle?” ga kopa Sindi.

“Le wa me, tsweetswee!” ga bua Zongi.

“Go siame,” ga bua Nkoko. “Tsenang mo ntlong.”

 

Ka nako ya dikgang kwa sekolong mo letsatsing le le latelang, basetsana ba le bararo ba bolelela ditsala tsa bona mo phaposing ka ditaele tsa meriri ya bona tsa metlholo. Ka nako ya dijo, ba ne ba simolotse go tshameka kgati fa mosetsana mongwe a kopa go bona mologo wa mmepe wa go ya kwaNtuli. “Ruri ke moriri wa metlholo,” ga bua mongwe, mme botlhe ba dumelana le ene.