Lenaane la ga Nomsa la go reka kwa mabenkeleng | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Lenaane la ga Nomsa la go reka kwa mabenkeleng

Written stories

Lenaane la ga Nomsa la go reka kwa mabenkeleng

Author

Cicely van Straten

Illustrator

Vian Oelofsen

Translator

Sekepe Matjila

Nomsa o ne a lebile ausi wa gagwe o mogolo, Mandisa, a dira sebaga. Mmaabona a bo a bitsa go tswa kwa kitšhining,

“Mandisa, tsweetswee nkele lebenkeleng. Lenaane la go reka ke le.” Mandisa a buisa lenaane la go reka kwa mabenkeleng,

“Borotho, majerine, phinate-batha, jeme ya apolokose, folouro, mae, sukiri, mašwi, teye le letswai. Ke tla tlhoka dikgetsana di le pedi go rwala dithoto tse.”

Nomsa a ya kwa godimo le kwa tlase. “A nka tsamaya le wena? Tsweetswee a nka tla?” O ne a tshotse madi a a ipoloketseng ona.

O ne a rata dimonamone tse dikgolo tse di kgolokwe tsa mmala wa namune kwa marekelong. “A mme go a tlhokega?” Mandisa a ngongorega.

O n e a na le dingwaga di le somepedi mme Nomsa o ne a na le di le thataro mme ka dinako dingwe o bona monnawe a mo dia ka go salela kwa morago.

“O tla tshwanelwa ke go nthusa go rwala dithoto.” “Ke tla dira jalo, ke tla dira jalo!” Nomsa a solofetsa. “Buisa lenaane gape, ke batla go utlwa gore re

ya go reka eng.” “Borotho, majerine, phinate-batha, jeme ya apolokose, folouro, mae, sukiri, mašwi, teye le letswai,” ga buisa Mandisa fa

Nomsa a bala dilo ka menwana. Dilo tse lesome, e nngwe le e nngwe ke ya monwana o le mongwe. Nomsa o ne a ese a kgone go buisa,

fela o ne a itse go gopola dilo sentle thata.

Basetsana ba ya mo mmileng. Phefo e ne e foka! Ya pheula mesese ya bona ya ba ya tlatsa leswe mo mmileng mme la tabogela le go

itshopaganya ka maoto a bona. Fa ba feta mo saluneng sa meriri mo karatšheng ya ga Mme Ngubane ba bona Fezeka le Phumla ba loga meriri.

Mme Ngubane o ne a le setswerere sa go loga meriri. Fezeka le Phumla e ne e le ditsala tse dikgolo tsa ga Mandisa.

“Ijoo, o montle e le tota!” ga bua Mandisa a tsena mo saluneng go leba setaele se sentšhwa sa mologo. Se ne se le se sentle e le tota.

“O apere hempe e ntšhwa,” Mandisa a bolelela Fezeka. A inama go utlwelela lesela ka menwana ya gagwe. “O e rekile kae?”

Nomsa a ngongorega. O ne a batla gore ba itlhaganelele go ya lebenkeleng. Fela se Mandisa a akanyang ka sona malatsi a ke diaparo, moriri le ditlhako.

“Ke rata sebaga sa gago, Phumla!” ga bua Mandisa a sekamela ka mo go ene go tshwara sebaga sa tsala ya gagwe se sentšhwa. Fela, ijoo nna we!

Phefo ya foka ka lenaane la go reka la tswa mo seatleng sa ga Mandisa! La fofa go tlola legora, la tlola le dithulelo tsa ntlo ya baagisane.

Le ne le ile, le ile, le ile! Go fitlhela le sa bonagale! “Jaanong ke mo mathateng,” ga bua Mandisa a baya letsogo mo molomong.

“Ke tshwanetse go boela gae ke kope Mama a mphe lenaane le lengwe, fela o tlile go tenega!”

“Ga go tlhokege! Ke gakologelwa lenaane la go reka,” ga bua Nomsa a ya kwa godimo le kwa tlase. “Ke gakologelwa sengwe le sengwe.”

A emisa matsogo a gagwe a bala dilo tsotlhe tse di mo lenaaneng la go reka mo menwaneng ya gagwe e e lesome.

Monwana mongwe le mongwe e ne e le wa sengwe le sengwe mo lenaaneng la go reka. “Borotho, majerine, phinate-batha, jeme ya apolokose,

folouro, mae, sukiri, mašwi, teye le letswai!” a rialo. Mandisa a mo leba a kgakgametse. “Tiro e ntle e le tota, Sisi! Ke itumela fa o tlile le nna.

A re ye kwa lebenkeleng ka bonako go reka dilo tseo. E seng jalo Mama o tlile go tenega.” Fa ba goroga kwa lebenkeleng la Mambhele Cash Store,

Mandisa a kopa dilo tsotlhe tse Nomsa a neng a di gakologelwa ka menwana ya gagwe e e lesome mme a di tsenya mo dikgetsaneng tsa dithoto.

Nomsa o ne a lebile lebotlolo le legolo la dimonamone tsa mmala wa namune le lebotlolo la jelly babies gaufi le thili.

A ntsha madi mo kgetsaneng ya gagwe a e naya Mandisa. A mmontsha dimonamone tse a neng a di batla mme Mandisa a di reka.

Mandisa a mo rekela le lolipopo e e khibidu. “Ke ka gonne o nkitshitse mo kotsing,” ga bua Mandisa. “Ke a itse gore o rata dilolipopo tse di khibidu.”

 

Ba thusana go tshwara dithoto go boela gae Nomsa a ntse a mokona lolipopo.  Kwa gae, ba simolola go ntsha dithoto mo dikgetsaneng

ba di baya mo tafoleng ya kitšhini mme Mandisa a botsa, “Mama, a nka dira dipanekuku tse re tla lalelang ka tsona maitsiboa?”

O ne a itse gore Nomsa o rata dipanekuku. “Ee,” ga bua mmabona. “Ke na le tiro e ntsi ya sekolo e ke tshwanetseng go e tshwaya.

O tla bo o nthusitse fa o ka dira dijo tsa bosigo.” Mmogo Nomsa le Mandisa ba tlhakanya folouro, mae, mašwi, sukiri le letswai le lennye go dira dipanekuku.

Ba tlogela motswako go ema ura pele ga ba o dirisa. Jaanong ba simolola go dira dipanekuku, ba dira dipanekuku ba dira dipanekuku di le dintsi.

Kitšhini e ne e nkga monate! Fa Papa a goroga mo gae, a ya ka tlhamalalo kwa kitšhining. “Nko ya me e mpolelela gore re tlile go ja dipanekuku bosigong jo!

 

E bile ke bona barwadi ba me ka bobedi ke diapei. Lo tlile go tsenya eng fa gare ga tsona?” a botsa. “Go na le nama ya minsi e e setseng maabane.

Re tla dirisa yona,” ga bua Mandisa. “Gape go na le jeme ya apolokose. Jeme ya apolokose ke e rata go feta dilo tsotlhe mo lefatsheng!” ga bua Nomsa.

“Le nna fela jalo,” ga bua Papa a tshega. Fa Mama a goroga mo kitšhining, a opa legofi. “Lo dirile bontle, basetsana ba me!” a rialo.

Dipanekuku di ne di le monate. “Ke gakologelwa resipe ya metswako,” ga bua Nomsa. A tsholetsa seatla a simolola go bala ka menwana e le metlhano.

“Folouro, mae, mašwi, sukiri le letswai le lennye!”

 

Rraagwe a tshega a mo forogotlha mo legetleng. “Mosetsana wa me yo o botlhale!” a rialo. “Gongwe le nna ke tshwanetse go menwana ya me go gakologelwa dilo!”c