Kgosana Sukiri le Awande, mobaki
Home | Written stories | Multilingual stories | Kgosana Sukiri le Awande, mobaki

Written stories

Kgosana Sukiri le Awande, mobaki

Author

E kwadilwe ke Ayanda Hlatshwayo

Illustrator

E tshwantshitswe Chantelle le Burgen Thorne

Go kile ga bo go na le kgosana e bidiwa Sukiri. Kgosana Sukiri o filwe leina le ka gonne a ne a rata dilo tsa sukiri jaaka dikhekhe, dibesikiti, dithate, magwenya le diphuding. Kgosana Sukiri o ne a le megagaru thata mo e bileng a ka se arogane marotho a gagwe a sukiri le bana ba bangwe mo motseng.

“Ga go ope yo o ka jang dikhekhe tsa me! A o a nkutlwa, Mary? Se ke molao!” ga bua Kgosana Sukiri a laela mobaki. “Dikhekhe, dibesikiti le dithate tsotlhe ke tsa me ke le esi.”

Ka letsatsi lengwe, ga goroga mobaki o montšhwa mo motseng. A simolola go abela bana botlhe ba mo motseng dilaye tsa khekhe le dibesikiti. E rile fa Kgosana Sukiri a utlwa ka tiragalo e, a šakgala thata a bo a romela basireletsi ba gagwe go ya go golega mobaki le go mo tlisa fa pele ga gagwe.

“Ke eng se se dirang gore o tle mo motseng wa me mme o simolole go fa bana dilo tse di tshwanetseng nna fela. O robile molao!” ga goa Kgosana Sukiri a šakgetse.

“Motlotlegi, ke kopa maitshwarelo ka boikokobetso. Tsweetswee ntetle go siamisa phoso ka go bakela wena o le esi,” ga araba mobaki o leina la gagwe e leng Awande. “Ke tla go bakela se se monate se se ntšhwa letsatsi le letsatsi. Tse ke di bakang tse di kgethegile tota. O tshwanetse go di fetsa tsotlhe ka letsatsi le le lengwe.”

“Tota ke tla dira jalo, ke tla kgona go di fetsa ka letsatsi le le lengwe!” ga bua Kgosana ka megagaru.

“Ke a leboga,” ga araba Awande a nyenya.

Ka jalo moso mongwe le mongwe, Kgosana Sukiri o ne a amogela dilo tse di monate tse di tswang fela mo isong, mme a bo kometsaa fela ka bonako. Fa malatsi a ntse a feta, dilo tse tsa nna monate le go feta mme le mothamo le one o oketsega. Kgosana Sukiri o ne a itumetse thata, mme a fetsa dikhekhe tsotlhe tse di monate, dibesikiti le dithate kwa ntle ga go abela ope wa bana ba mo motseng.

Jaanong fa dilo tse di monate di ntse di oketsega nako nngwe le nngwe, Kgosana Sukiri a se tlhole a kgona go di fetsa. A simolola go di boloka mo lefelong la sephiri mo paleising gore Awande a seke a itse gore o ne a sa kgone go di fetsa letsatsi le letsatsi.

Morago ga dibeke di se kae, Kgosana Sukiri o ne a tshwanetse go boloka dibakwa tse dintsi thata go fitlha lefelo la sephiri le tlala. Ka jalo a bitsa batlhanka ba gagwe le Mary, mobaki wa kwa bogosing, mme a ba kopa gore ba latlhe dibakwa tse dingwe.

“Lo netefatseng gore Awande ga a lo bone fa lo dira se,” a ba laela jalo.

Ka jalo, mo letsatsing le le latelang Mary le badiri ba tsaya dijo tse di setseng ba di isa kwa mpeng ya sekgwa se se kitlaneng mo morago ga paleise. Fela ga diragala dikgakgamatso: mo bosigong joo, fa botlhe ba robetse, dijo tsotlhe tse di latlhetsweng kwa sekgweng tsa iponatsha gape mo paleiseng!

Mo mosong o o latelang, Awande, wa mobaki, a tlisa tse di monate tse di sa tswang go ntshiwa mo isong mme a dira kopo ya go bona Kgosana Sukiri.

“O ne o akanya gore ga nkitla ke itse gore o latlha dilo tse ke go baketseng tsona? A ga o a dumela gore o tla fetsa tsotlhe tse ke di bakang mo letsatsing le le lengwe? Ke lekile go go tsibosa kwa tshimologong gore mebako ya me e kgethegile le gore o tshwanetse go di fetsa tsotlhe,” Awande a bua a šakgetse.

Kgosana Sukiri a simolola go tshoga mme mala a gagwe a simolola go sega, fela a ja, a bo a ja go fitlha a fetsa mebako yotlhe e e setseng go akaretsa a Awande a a tlisitseng mo letsatsing leo.

“Mebako e ga e sa nnatefela,” ga bua Kgosana Sukiri mo mosong o o latelang fa Awande a goroga ka mebako ya letsatsi leo.

“Tsholofetso ga e tlhabise ditlhong, Motlotlegi,” ga bua Awande.

Kgosana e ne e utlwile botlhoko. “Ke eng se nka se dirang go emisa gore o se tlhole o mpakela letsatsi lengwe le lengwe?” ga botsa Kgosana Sukiri.

“O bidiwa Kgosana Sukiri ka gonne o rata dilo tsa sukiri. Jaanong, ka ntlha ya melao ya gago, bana ba bangwe ga ba kitla ba itse tswina,” ga araba Awande. “Ka jalo o tshwanetse go ja, o bo o je mebako yotlhe, go fitlha melomo ya bana e nna tswina.” Ka seo, mobaki a retologa a tswa mo paleiseng, a tlogela khekhe e kgolo e e tswina gore Kgosana Sukiri a e je.

Kgosana Sukiri a akanya, a bo a akanya ka se Awande a se buileng fela o ne a sa tlhaloganye. Legano la bana le ka nna tswine jang fa e le ene fela a jang mebako ya ga Awande? Ka jalo Kgosana ya tswa go iphokisa phefo mo tshingwaneng fa go neng go le tidimalo. O ne a tshwanetse go akanya ka tsela e a ka emisang Awande go tlisa mebako e e monate letsatsi lengwe le lengwe.

Fa a ntse a kailakaila, kgwele ya dinao ya wela mo tshingwaneng mo ditlhareng. Ga latela mosimanyana yo o tletseng seretse a tswelela go tla go sela bolo. E rile fa a bona Kgosana Sukiri, a batla go wela fa fatshe ka ntlha ya letshogo.

“Motlotlegi, ke kopa maitshwarelo, ke tlile fela go tsaya kgwele,” ga bua mosimane yo o tshogileng.

Kgosana Sukiri yo o neng a le mo dikakanyong tsa go dira leano la gore a ka emisa jang go fiwa mebako ya sukiri a lebala go šakgala.

“Pele o tsaya kgwele ya gago,” a rialo, “mpolelele gore o ka dira jang gore legano la gago le nne tswina.”

“Ka dijo tse di dirilweng ka sukiri, Motlotlegi,” ga bua mosimane yo monnye a le ditlhong. “Dikhekhe, magwenya le dibesikiti – dilo tsotlhe tse re sa dumelelwang go di ja.”

Mosimane yo monnye o ne a swabile fa a bua se mme Kgosana Sukiri a tlhajwa ke ditlhong. E ne e le la ntlha a bona ka mo a ntseng a le megagaru ka teng. O na le mebako e le mentsi e e e sa tlholeng e mo natefela, fela bana ba mo motseng ga ba ise ba utlwe tswina ya mebako, mo nakong e telele thata.

Kgosana a boela mo paleising ka bonako mme a kopa gore Awande a bidiwe.

“Awande,” a rialo, “ke nnile megagaru le bosilo. Ke batla go direla baagi ba motse moletlo. Tsweetswee baka dilo tse monate tse di tla jewang ke bana le batsadi ba bona. Go tloga gompieno, mongwe le mongwe a ka ja mebako e e tswina fa a eletsa go dira jalo.

Awande a nyenya. “Ke tla dira jalo motlotlegi!” a bua jalo, a simolola go baka tse di monate tse di kgatlhisang, dikhekhe, dibesikiti le dithate tse batho ba motse ba iseng ba di bone kgotsa ba di ja. Mme ba ja ba bo ba ja go fitlha ba kgotsofala.

Mo mosong o o latelang, Awande, mmaki, a nyelela go se yo o itseng kwa a ileng. Kgosana Sukiri a tswelela go direla batho ba motse meletlo – fela mo nakong e, ena le Mary ba ne ba baka tse di monate ka bobona.