Go fofisa khaete | Multilingual stories | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Go fofisa khaete

Written stories

Go fofisa khaete

Author

Ka Michelle Friedman

Illustrator

Ditshwantsho ka Vian Oelofsen

Translator

Thanolo ka Lorato Trok

“Ijoo wee!” Motlatsi le Tshepo ba ne ba tshoga fa khaete ya bona e e bontsho le bohibidu e wela mo godimo ga marulelo a ga Moh Ntshona e ikgokelela ka eriele ya TV.

“Ka bonako! Re tshwanetse go e bofolola!” Tshepo a goa.

Motlatsi o ne a phamola mogala mme a o goga. Se se mo tshositseng, eriele ya TV e e neng e setse e tsofetse, e ne ya kobega go fitlhela e e le gaufi le go tshwara dithaele tsa marulelo a moagisane wa bona. 

“Rre o tlile go tenega thata!” Tshepo a lela, a tswala sefatlhego sa gagwe ka matsogo a gagwe.

“E seng halofo ya go tenega go tshwana le Moh Ntshona!” Motlatsi a araba. A goga monnawe mme a tikela ka bonako mo morago ga karatšhe. “Bona! Ke yoo!”

E le ruri, Moh Ntshona o ne a eme mo morago ga setswalo sa gagwe sa kitšhini matsogo a gagwe a le mo lethekeng la gagwe. Basimane ba ne ba kgona go bona gore o tenegile thata. O ne a lebelela kwa godimo ga marulelo mme a bona eriele e e kobegileng. Matlho a gagwe a bulega thata. A tshikinya tlhogo ya gagwe. Dintshi tsa gagwe tsa matlho tsa kopanela mo gare ga sefatlhego sa gagwe. A phophotha leoto la gagwe mo fatshe. Dipounama tsa gagwe e ne e le mola o mongwe o mo telele.

“Rre o re boleletse gore re fofise khaete fela kwa phakeng mme re tshepisitse gore re tlile go dira jalo!” Tshepo a sebela morwarraagwe.

“Re mo mathateng a magolo jaanong,” Motlatsi a dumela. “Ga re a mo utlwelela! O nagana gore o tla dira eng?” Leoto la gagwe la raga lerole.

“Gongwe Rre o tla tsaya khaete ya rona,” ga araba Tshepo, “kgotsa ga a na go re fa madi a go reka dimonamone gape.” A lebelela mo matlhong a morwarraagwe.

Sefatlhego sa ga Motlatsi se ne se swabile. “Ai! Eng gape?”

“Re tlodile tshepiso ya rona. Tshepiso ke selo sa bosakhutleng.” Tshepo a dula mo fatshe mme a tsenya tlhogo ya gagwe mo matsogong a gagwe.

“Go diragala eng jaanong?” ga botsa Motlatsi fa a loma dinala tsa gagwe.

Tshepo a ngapa tlhogo ya gagwe. “Rre a ka se re tshepe gape.”

“Se o se raya goreng, Tshepo? Ke eng go tshepa?” ga botsa Motlatsi.

“Ssh! E seng kwa godimo jalo! Moh Ntshona o tla re utlwa! Ke nagana gore go raya gore ga a na go re dumela gape fa re mmolelela sengwe,” Tshepo a sebaseba.

“O raya jaaka ke ne ke re ke falotse Dipalo kwa sekolong?” Motlatsi a botsa, a fufula.

“Nnyaa, o dumetse seo gonne a buisitse pegelotiro ya gago ya sekolo,” Tshepo a rialo.

“O raya gore jaaka fa ke mmolelela gore ke jele aesekerimi motshegare?” Motlatsi a tshitshinya, a leka go tlhaloganya.

Tshepo a tshikinya tlhogo ya gagwe. “E seng jalo,” a rialo. “E tshwanetse e nne selo se se botlhokwa.”

“Jaaka fa ke ne ke latlhile diranta tse pedi tse a neng a di mphile?” Motlatsi a botsa. “Ke mmoleletse gore e wele mo kgetsing ya me.”

“O ne a itse gore seo ke nnete ka gonne kgetsi ya gago e ne e gagogile,” Tshepo a tlhalosa.

“Jaanong eng? A se se raya gore Rre o tla tsamaya mme a se tlhole a boa? Kgotsa o tla re koba?” ga botsa Motlatsi, a batla go lela.

Tshepo a tshikinya tlhogo. “Le e seng! Rre o a re rata! Ke fela gore fa o tshepisa motho gore o ka se dire selo, ga o a tshwanela go se dira – ka dinako tsotlhe. Mme, fa o tshepisa motho gore o tla dira sengwe, o tshwanetse go se dira gore motho a go tshepe. Jaaka fa o ne o tshepisitse Sibongile gore o tla bona pene ya gagwe e ntšhwa o bo o e bona! Jaanong sshh!”

Tshepo le Motlatsi ba ne ba okomela kwa morago ga karatšhe. Ba bona Moh Ntshona a lebeletse selefounu ya gagwe. O ne a tloga a letsa mogala.

“O ile go leletsa Rre! Nnyaa! Re ka mo emisa jang?” ga rialo Motlatsi. O ne a re o a tshaba fa Tshepo a itsenya mo kotsing. O ne a tswela kwa ntle, mo gare ga kotsi!

“Dumela, Moh Ntshona,” ga rialo Tshepo a tsamaela kwa terateng. “Ke kopa maitshwarelo ka eriele ya gago.”

Moh Ntshona a mo lebelela kwa godimo le kwa tlase molomo wa gagwe o tswalegile. O ne a hemela kwa godimo. “Eriele e ntšhwa e tlhwatlhwagodimo o a itse, Tshepo. Gongwe o ka batla tiro wa nthekela e ntšhwa!” Lentswe la gagwe la tswela kwa ntle le le kwa godimo jaaka tloloko.

“Rre o re fa madi a kgwedi le kgwedi,” ga rialo Motlatsi a tla go ema mo thoko ga monnawe. “Re tla dirisa madi a rona go go rekela eriele e ntšhwa.” O ne a eletsa gore a ka bo a sa bua seo, mme fela o ne a itse gore o ne a tshwanetse.

“Ruri?” ga rialo Moh Ntshona fa lentswe la gagwe le ya kwa godimo. “Lo a fiwa leng madi a kgwedi e bile ke bokae?”

“Ka bobedi re fiwa diranta tse tlhano ka beke,” ba sebaseba mmogo, ba boela morago ga nnye.

“Ke diranta tse lesome ka beke. Re ka boloka …” ga rialo Tshepo, lentswe la gagwe le nyelela. Go ka tsaya nako e telele go e duelela eriele e ntšhwa mme Rre o tla itse gore go diragetse eng.

Barwarre ba ne ba lebelelane ba feletswe ke maatla ebile ba lebetse ka Moh Ntshona. Fa ba mo lebelela gape, ba ne ba maketse. Sefatlhego sa ga Moh Ntshona se ne se lebega se le bolete ebile se bontsha toro.

Basimane ba tshwara mowa wa bona.

“Bana, ke ne ke na le khaete pele. E ne e le kwebu le pinki. Ke ne ke eme mo gare ga tshimo ya ntlo ya ga rremogolo kwa Lesotho ke e tshwere ka mogala wa teng. E ne ya fofela kwa godimo kwa loaping. E ne e lebega e itumetse thata. Ka e tlogela. Ke ne ka e lebelela e fofela kwa godimodimo go fitlhela e sa tlhola e bonala.”

O ne a nyenya le basimane. “Go siame, Tshepo le Motlatsi. Nka se bolelele rraalona. Eriele ele e e tsofetseng e ne e ntse e se na mosola. Ke ne ke tlhoka go reka e ntšhwa. Ke tla ntsha lere mme lo pagame kwa godimo lo ntshe khaete ya lona.”

Fa a tsamaya ba mo utlwa a re, “Gongwe ke tla bo ke na le seno se se molelo sa tšhokolete le kuku mo kitšhining fa lo fologa!”

Basimane ba ile ba lebana mme ba nyenya. 

Nna le boitlhamedi!

Mo leinaneng, go na le tlhaloso gore sefatlhego sa ga Moh Ntshona se lebega jang fa a tenegile. Rotloetsa bana ba gago go taka gore setshwantsho sa sefatlhego sa bona kgotsa sa tsala se nna jang fa ba tenegile.