E kile ya re nako nngwe ga bo go na le mosimane mongwe yo o bidiwang Tshego. O ne a rata go itse dilo e bile a sa utlwe. Tshego o ne a rata go bona mafelo a masha. O ne a botsa dipotso ka sengwe le sengwe. “Mama, a diphologolo di kgona go utlwa? Mama, a diphologolo di tlhaloganya se re se buang? Mama, a diphologolo di kgona go bua? Mama, ke eng fa dikatse di re miau fa di lela. O ne a nna a tswelela jalo go fitlhela mmaagwe a mo raya a re a tswele kwa ntle a ye go tshameka. Tshego o ne a tswela kwa ntle mme a dula fa thoko ga katse ya gagwe, Frisky. O ne a lebelela Frisky, mme Frisky le ene a mo lebelela. Go ne go ntse e kete Frisky o batla go bua sengwe.
“Frisky ke eletsa e kete nkabo ke kgona go bua le wena mme le wena o bue le nna,” ga rialo Tshego. Mme Frisky o ne a re miau fela mme a furalela Tshego. Tshego o ne a fegelwa kwa godimo. O ne a ipotsa gore go ne go kabo go ntse jang fa diphologolo di ne di ka kgona go bua. Go na le gore dintša di bogole, dikatse di lele mme dinonyane di tswirinye, di ne di tla kgona go bua mme di re bolele se tota di se batlang. Tshego o ne a tshegela kwa tlase fa a akanya ka seo ka gonne o ne a itse gore seo se ka se ka sa direga le ka motlha. “Tshego?” Tshego o ne a tshoga thata jaana fa a utlwa leina la gagwe, mme e ne e le Mama yo o emeng mo kgorong.
O ne a rwele hutse ya gagwe ya letsatsi ya mebalabala. Mme ke fa Tshego a gopola gore ba ile go kampa! “Tshego, a o pakile sengwe le sengwe se o tla se tlhokang?” Mama a botsa jalo. “Ee, Mama, ke feditse go paka maabane bosigo,” Tshego a nyenya. “A re tsamaye he!” mmaagwe a rialo. “Ke bona papa gago o pega dilo tsa bofelo mo koloing.” Tshego o ne a itse gore go kampa go tla nna monate. O ne a shwegashwega a batla go itse sengwe le sengwe ka diphologolo tse di leng gaufi le lefelo la go kampa. Lelapa le ne la tsena mo koloing mme fa ba ntse ba le mo tseleng, Tshego o ne a bala metsotso go fitlha ba goroga kwa lefelong la go kampa.
Lefelo la go kampa le ne le le lentle. Le ne le tletse ditlhare, mme Tshego o ne a itlhaganeletse go ya go sekaseka lefelo leno le lesha. “Papa, a nka kgobokanya dikgong tsa molelo fa wena o ntse o tlhoma tente?” Tshego a botsa jalo. “Ke kgopolo e ntle eo, mme o se ka wa tsamaela kgakala. Ga ke batle gore o timele mo gare ga ditlhare,” Papa a rialo. “Go siame!” Tshego a goa jalo fa a ntse a taboga go ya go batla dikgong. Mme e re ka Tshego a ne a shwegashwega go bona dilo mme o ne a sa utlwe, o ne a simolola go tsamaela kwa teng teng ga sekgwa a sa lemoga. O ne a leba ka fa tlase ga matlhare, ka fa morago ga mafika le kwa godimo ga ditlhare go bona diphologolo tsotlhe tse di nnang koo. Fa Tshego a sena go kgobokanya mokoa o mogolo wa dikgong, o ne a lebaleba mme a lemoga gore o … timetse! Mo nakong eno, ditlhare tsotlhe di ne di bonala di tshwana, mme o ne a itse gore o ne a ka se kgone go bona tsela e e boelang kwa lefelong le ba kampelang mo go lone. Go ise go ye kae go ne ga fifala, mme ngwedi o ne o sa bonale gope. Tshego o ne a nna fa fatshe, a khutaganya mangole a gagwe mo sehubeng sa gagwe mme a lelela kwa tlase.
O ne a tla tlhola a bona jang batsadi ba gagwe gape? Ka yone nako eo Tshego a utlwa mantswe a a sebasebang gaufi. O ne a tlogela go lela mme a shebasheba. A ka tsela nngwe batsadi ba gagwe ba ile ba kgona go mmona? Mme e ne e se batsadi ba gagwe. Mo pele ga gagwe go ne go eme pitse e ntle le morubisi o o nang le matlho a magolo a a kgolokwe. “Mathata ke eng, lekawana? O lelela eng?” ga botsa jalo morubisi. Tshego o ne a sa dumele se a se utlwang. A ruri morubisi o sa tswa go bua le ene? “O … o kgona go bua?” Tshego a kokwaetsa jalo. Morubisi o ne a tshegatshega. “Ebu, re kgona go bua. Jaanong, tsweetswee re bolelele gore ke eng fa o le fano o le nosi mo lefifing.” “Ke ile ka timela fa ke ntse ke kgobokanya dikgong tsa molelo,” Tshego a rialo. “O tshwanetse wa bo o sule ke tlala,” ga rialo pitse. Mala a ga Tshego a ne a duma go dumalana le seo! “Ntetela fano mme ke tla ya go go tseela sengwe sa go ja.” Fa a rialo, a tsamaya a ntse a tshematshema. Morubisi o ne a sala mme a ntsha Tshego bodutu. Pitse e ne ya boa e tshwere kala, e e nang le diapole tse dikgolo tse dikhibidu. Tshego o ne a tlhafuna diapole tse pedi ka bonako ka ntlha ya tlala mme morago ga foo a ikutlwa botoka thata. “Jaanong, ke akanya gore ke bone batsadi ba gago kwa ntlheng ele,” ga rialo pitse. “Tlaya, palama mo mokwatleng wa me, mme ke tla go isa kwa go bone.” Tshego o ne a palama mo mokwatleng wa pitse mme morubisi ene a fofela mo legetleng la ga Tshego. Ba tsamaya mmogo ba ralala ditlhare.
Go ise go ye kae ba ne ba fitlha kwa lefelong la go kampa. Tshego o ne a tlola a fologa mo mokwatleng wa pitse mme a leboga diphologolo tsoopedi ka ntlha ya thuso ya bone. “A ke tla lo bona gape?” a botsa jalo. “Gongwe,” ga araba jalo morubisi, mme fa a rialo, diphologolo tseno ka bobedi tsa boa tsa nyelela mo gare ga ditlhare. “Mama, Papa!” Tshego a goa jalo fa a ntse a taboga go ya go ba tlamparela ka lorato. Batsadi ba gagwe ba ne ba lebega ba tshwenyegile. “Ke maswabi go bo ke ne ke ile nako e telele jaana, mme ke ne ke timetse. Ka lesego, pitse e ntle le morubisi yo o pelonomi ba ne ba mpusetsa mo go lona. A lo ne lo itse gore diphologolo di kgona go bua?” Tshego o ne a sa kgone go didimala! Mmaagwe le rraagwe ba ne ba itumetse thata jaana go mmona mo e leng gore ba ne ba lebana ba nyenya mme ba tlamparela Tshego gape. Malatsi a sekae moragonyana, e ne e le nako ya go boela gae. Fa ba goroga fela kwa gae, Tshego o ne a taboga a ya go batla Frisky. “Dumela, Frisky. A o ne o ntlhologeletswe?” Tshego a botsa jalo. Frisky o ne a ikotlolola mme a dira modumonyana a re miau. “Ke itse sephiri sa lona,” Tshego a rialo, “mme fa o siame, o ka nna wa bua le nna.” Frisky o ne a sutlha tlhogo ya gagwe mo letsogong la ga Tshego mme a gagabela mo diropeng tsa gagwe. Mme Tshego o ne a itse gore Frisky o tlhaloganya sengwe le sengwe se a se buileng!

Nna le matlhagatlhaga a leinane!
- A o kile wa latlhega mo lefelong le o sa le itseng? O ne wa ikutlwa jang? Balelapa la gaeno ba ile ba go bona jang gape?
- A o akanya gore diphologolo di a re tlhaloganya fa re bua le tsone? Ke eng fa o akanya jalo?
- Tlhopha phologolo le fa e le efe. Jaanong kwala dipotso tse pedi tse o neng o ka e botsa tsone fa e ne e ka kgona go bua.
- Kwala konelo e ntšha ya leinane leno. Akanya ka Frisky a bua le Tshego. Frisky o ne a tla reng?