Bopelonomi ga bo na tlhwatlhwa
Home | Written stories | Multilingual stories | Bopelonomi ga bo na tlhwatlhwa

Written stories

Bopelonomi ga bo na tlhwatlhwa

Author

Zahida Wahab

Illustrator

Heidel Dedekind

Listen to the story here

Mo motsaneng mongwe o o kgakala, go ne go na le mosimane yo o neng a nna koo mme o ne a humanegile mme a disa dinku gore a kgone go fepa ba lelapa la gagabo. O ne a le bopelonomi ka metlha e bile a rata go thusa baagelani ba gagwe mme e le tshegofatsho mo go rremogolo le mmèmogoloagwe ba ba mo godisitseng fa e sa le a ne a le mosimanyana yo monnye. Leina la gagwe e ne e le Thabo mme o ne a ratiwa ke mongwe le mongwe.

Mmè Abbas a re: “Aha! Ke a leboga Thabo, go bo o nketse lebenkeleng go ya go nthekela borotho, o ka itseela tšhentšhe.”

 

Mme Thabo ne a itse gore Mmè Abbas o ne a tlhoka sente nngwe le nngwe e a neng a na le yone. A bo a bolela jaana a nyenya: “Go siame, Mmè Abbas, bopelonomi ga bo na tlhwatlhwa.”

Ka letsatsi lengwe, rapolasi yo Thabo a neng a mmerekela, o ne a tla gae le setlogolo sa gagwe e bong Simphiwe. Simphiwe o ne a apere diaparo tse dintle e bile a bua Seesemane sentle.

Rapolasi o ne a re: “Thabo, tla o dumedise Simphiwe, Simphiwe o nna kwa toropong mme o tla bo a re etetse ka nakwana. Ke solofela gore bobedi jwa lona lo tla utlwana mme lo tla kgona go ntshana bodutu.” Thabo o ne a itumeletse go bona thaka ya gagwe. Gongwe, ba ka nna ditsala tse di ntshanang se inong.

Mme go ise go ye kae boitumelo jwa ga Thabo bo ile jwa fetoga bohutsana. O ne a lemoga gore, Simphiwe o ne a sena maitseo e bile o ne a ikgogomosa. O ne a sa tlotle malomaagwe le fa e le ope wa badiri ba bangwe mo polasing. Simphiwe o ne a bolela jaana a tshegela kwa godimo a tshega banna ba ba palamang dikolotsana tsa ditonki go ya tirong le go boa: “Batho ba siilwe ke nako. Mme ke mang tota yo a ka tlhophang go nna mo go senang batho gone?”

Mme gape Simphiwe o ne a gana go thusa ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa mo polaseng. “Ke motho yo o rutegileng thata. A lo akanya gore ke ya sekolong fela gore ke feleletse ke dira tiro ya diatla? Nka se dire epe ya ditiro tseno!”

Go na le gore a thuse, Simphiwe o ne a senya malatsi a gagwe a robetse kafa tlase ga setlhare, a gana go thusa go apaya sefitlholo kgotsa dijo tsa motshegare kgotsa go dira epe ya ditiro tseno. Thabo o ne a kgobegile marapo thata go bona mosimane wa thaka ya gagwe a le botswa jaana e bile a sena bopelonomi. Thabo o ne a akanya jaana: “Ke tsena sekolo mo motsaneng wa gaetsho. Kwa sekolong re rutiwa mosola wa go nna bopelonomi le go dira ka natla. Thabo o akanya gore "Simphiwe ga a ithuta dilo tseno tsa motheo.” “Ke seelele fa e le gore o akanya gore a ka tswelela mo botshelong ka tsela eno.”

Ka letsatsi lengwe, Simphiwe o ne a jewa ke bodutu mme a swetsa gore o tla ya go iphokisa phefo mo sekgweng se se mo polasing. Mongwe le mongwe o ne a mo tlhagisa gore go kotsi go dira jalo, ka gonne go ne go na le dintša tse di timetseng tse di nnang kwa sekgweng. Di ne di nna di tshwerwe ke tlala e bile di ne di se botsalano le e seng! Mme Simphiwe o ne a tshega fela. A bua jaana ka makgakga: “Lona lo itse eng? Nna ke botlhale mme ke kgona go itlhokomela.”

Thabo o ne a ile go reka dilwana le rapolasi. Fa a boa, badiri ba ne ba mmolelela gore Simphiwe o ile a sweditse go ya go iphokisa phefo kwa sekgweng a le nosi. Thabo o ne a phamola thobane le lebokoso la mmetšhise ka bonako mme a taboga go ya go batla Simphiwe.

Thabo o ne a taboga ka bonako a ralala sekgwa mme a bua a le nosi a sebaseba a re: “Ga a lemoge gore o mo kotsing e kana kang. Ba bangwe ba rile ke tlogele mosimane yo senang maitseo yo o tswang kwa toropong gore a ithute sengwe, mme ga ke batle gore Simphiwe a diragalelwe ke sengwe se se bosula. Go ise go ye kae go tla bo go le lefifi, mme go kotsi mo sekgweng, segolobogolo mo mosimaneng yo o tshwanang le Simphiwe yo o iseng a ko a tswe kwa toropong.”

Thabo o ne a ntse a mmatla nako e telele fa ka tshoganyetso a utlwa mongwe a goa mme a tsiboga. O ne a tabogela kwa ntlheng e a utlwang motho a goa mme a bona Simphiwe a le fa gare ga setlhopha sa dintša tsa naga. Dintša tseno di ne di shenne meno a tsone a a bogale mme di ipaakanyetsa go mo garola. Thabo o ne a tshwanelwa ke gore a akanye ka bonako. O ne a tshuba thobane e a neng a tlile ka yone mme a kgotlha dintša ka yone.

Ka lobakanyana, dintša di sa ntse di batla go tlhasela basimane, mme kgabagare di ne tsa retologa di kgobakgoba.
 

Simphiwe o ne a roroma ka ntlha ya letshogo. O ne a thinyegile legwejana fa a ne a leka go tshabela dintša mme o ne a tlhotsa ka ntlha ya botlhoko. Thabo o ne a na le maatla ka ntlha ya tiro yotlhe e e boima e a neng a e dira mo polasing, ka jalo o ne a kuka Simphiwe tsela yotlhe go ya kwa polasing.

Malatsi a sekae moragonyana Simphiwe o ne a fodile, mme go ne go na le sengwe se se fetogileng ka ene. O ne a le pelonomi e bile a sa tlhole a ikgantsha thata. O ne a didimetse mme a le maitseo mo go malomaagwe le badiri botlhe. Fa a bona Thabo, o ne a mo leboga go bo a bolokile botshelo jwa gagwe mme a mo naya founo ya gagwe ya selula e le tsela ya go bontsha kanaanelo ya gagwe, mme Thabo o ne a gana go amogela mpho eno. O ne a nyenya fela mme a re, “bopelonomi ga bo na tlhwatlhwa,” mme a tswelela pele a tlhatswa kolotsana ya tonki.

 

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

 

  • Torowa setshwantsho go tlhalosa karolo eno ya leinane: Mongwe le mongwe o ne a mo tlhagisa gore go kotsi go dira jalo, ka gonne go ne go na le dintša tse di timetseng tse di nnang mo sekgweng. Di ne di nna di tshwerwe ke tlala e bile di ne di se botsalano le e seng! Mme Simphiwe o ne a tshega fela.
  • Buisa leinane leno gape. Dira lenaane la dinonofo tsotlhe tse di farologaneng tse Thabo a nang le tsone o bo o dira lenaane le lengwe la dinonofo tse Simphiwe a nang le tsone. Simolola jaana: Thabo o … Simphiwe o …

Buisa manaane a gago a mabedi– lenaane le le buang ka Thabo le lenaane le le buang ka Simphiwe – a buisetse kwa godimo. Dirisa lentswe la gago go bua mafoko a a mo maananeng a gago ka ditsela tse di tlhalosang gore a kaya eng