Timi le mmeodi

Written stories

Timi le mmeodi

Author

Ndidi Chiazor-Enenmor

Illustrator

Natalie and Tamsin Hinrichsen

Translator

Sekepe Matjila

Timi le mmaagwe ba ne ba nna mo motseng o o bidiwang Mozala. Go ne go na le sengwe se se sa tlwaelegang ka Timi – moriri wa gagwe! O ne o gola ka bonako. O ne o gola ka bonako thata mme mmaagwe a tshwanelwa ke go mo isa kwa go mmeodi Matlhatso mangwe le mangwe. Fa go ne go le sengwe se Timi a neng a se ila, e ne e le go beola moriri! Nako ya go beola moriri e ne e le ya matshwenyego ka gonne Timi o ne a lela. “Ga ke batle go beola moriri wa me!” o ne a rialo ka gale.

Mmaagwe o ne a mo tuntuletsa pele ba ya kwa go mmeodi, fela fa ba goroga, Timi o ne a tsholola dikeledi. Ka jalo Mmaagwe o ne a tshwanetse go dira tsotlhe go leka go dira gore Timi a nne bokgwabo fa a beolwa moriri. Ka dinako dingwe o ne a mo naya dibisikiti. Timi o ne a rata dibisikiti, fela o ne a di kometsa ka bonako mme a simolola go lela gape. Ka dinako dingwe Mmaagwe o ne a bina. A binela kwa molemeng. A binela kwa mojeng. A tshikinya mmele wa gagwe, fela Timi a tswelela ka go lela le go lela. Fa jaanong Jango, mmeodi, a ipaakanyetsa go beola moriri wa Timi, Timi o ne a ipaakanyetsa go lela le go feta! Sa ntlha o tla sunetsa, a bo a sisa pelo, mme a bo simolola go lelela kwa godimo, “Hiyaa, hiyaa, hiyaa!” “Ke beola moriri fela, Timi. Ga go botlhoko,” Jango o ne a bua jalo, a leka go ritibatsa maikutlo a Timi, fela se se ne se dira gore Timi a lele le go feta. Ka dinako dingwe Jango o ne a opela go gomotsa Timi, fela Timi a tswelela go lela.

 

Ka letsatsi lengwe, Timi o ne a lelela kwa godimo mo bafeti ka tsela ba neng ba tlhola gore go diragala eng mo lebentleleng la mmeodi se se dirang gore mosimane a lelele kwa godimo jalo! “Mogalammakapaa! Ke mosimanyana fela yo o beolwang moriri,” ba bua jalo. Timi o ne a se na sepe le gore batho ba mo tlhomile matlho. O ne a lela a bo a lela go fitlha Jango a fetsa go beola moriri wa gagwe. Ka letsatsi lengwe, o ne a bokolela kwa godimo gore Nkoko Binite a tle a ikokotlela ka thobane ya gagwe. O ne a agile gaufi le lebentlele la go beola, fela o ne a tsositswe mo borokong jwa maitseboa ke selelo se se tlhabang pelo sa ga Timi. “Batho ba Modimo!” ga bua Nkoko Binite. “Ke ne ke akanya gore ke sengwe se se boitshegang se se diragalang fa!” A bo a boela morago kwa gae a ntse a tlhotsa go tsaya tlhapi e e monate e e gadikilweng go tla go e naya Timi. “Ke akanya gore se se tla dira gore a didimale,” a akanya jalo. Fela e rile a naya Timi tlhapi, a e latlhela mo ganong, a e tlhafuna mme a e kometsa … mme a tswelela ka go lela!

 

Morago ga gore Timi a bothologe le mmaagwe tsatsi leo, Jango a nna fa fatshe ka kopi ya teye mme a akanya a bo a akanya. Tota go sengwe se se ka dirwang go khutlisa selelo sa Timi fa a beolwa moriri! Mme se sa naya Jango leano le lentle! “Ke gone! Ke bone tharabololo,” a goa ka boitumelo. Fa Timi a tla gape go beola, morago ga gore Jango a ntshe sekero, a simolola go anela Timi leinane. “E rile ka letsatsi lengwe ga bo go le mosimane yo o neng a sa rate go beolwa, ka jalo a tlogela moriri wa gagwe o gola o be o gola,” ga bua Jango. “Moriri o ne wa gola go fitlhela e nna letšhiri le le komota. Go ise go ye kae letšhiri la simolola go bofagana.” “Ga bo go diragala eng?” ga botsa Timi a kgaoditse go lela. “Dintshi le ditshenekegi dingwe tsa ikagela dintlhaga mo moriring wa gagwe,” Jango a tswelela.“Jaanong, go ne ga diragala eng ka ene?” Ga botsa Timi a tshwenyegile.

 

“Mosimane o ne a simolola go goga moriri wa gagwe le go ingwaya tlhogo ka gonne ditshenekegi di ne di saila mo tlhogong ya gagwe di dira gore e tlhotlhonye. A goga moriri a ingwaya, a goga moriri a ingwaya letsatsi lotlhe. Moragonyana tlhogo ya gagwe le diatla tsa simolola go nna botlhoko ka ntata ya go goga le go ngwaya,” ga bua Jango. “Ijo, se se a boitshega! Go bo go diragala eng gape?” ga botsa Timi a utlwela mosimane botlhoko. “Tlhogo ya gagwe le mabogo a gagwe a ruruga,” Jango a tswelela. “Ka letsatsi lengwe mmaagwe a mo tlisa mo lebenkeleng la me. E rile fela ba se na go goroga fa, a nna fa setulong gore tlhogo ya gagwe e beolwe. O ne a nna ka tshisibalo gore ke mo neye peolo e e gaisang tsotlhe.”

 

“Ruri?” ga botsa Timi. “Ee ruri!” ga bua Jango. “E rile fa ke fetsa go beola moriri wa mosimane – jaaka ke fetsa go beola wa gago jaanong – mosimane a bo a ntlamparela.” Timi a bo a leba tlhogo ya gagwe. Go beolwa tlhogo go fedile! O ne a itumelela leinane thata mo o neng e bile a sa lemoge gore Jango o beola moriri wa gagwe. A tlola mo setulong a atlarela Jango. Jaanong o itse gore go ne ga diragala eng? Timi ga a ka a tlhola a lela gape kwa lebenkeleng la mmeodi ka gonne Jango o ne a mo anela leinane ka dinako tsotlhe fa a tlile go beola! Mme mmaagwe Timi o ne a itumetse ka gonne mainane a Jango a ne a khutlisitse matshwenyego a beke nngwe le nngwe a go beolwa.