Thaga e nnye ya moikgantshi | Nal'ibali
Home | Story Resources | Multilingual stories | Thaga e nnye ya moikgantshi

Thaga e nnye ya moikgantshi

Author

ke Nicky Webb

Illustrator

ke Vian Oelofson

Bogologolo go ne go na le thaga e nnye yo o neng a ikgantsha thata ka diphofa tse ntle tse diserolwana le molomo wa yona o montsho o o phatsimang. O ne a kotame mo matlhakeng fa thoko ga noka a goa ka lentswe le le neng le utlwa ke botlhe, “Ntebeng! A ga ke montle? Lebang diphofa tsa me tse di serolwana tse di phatsimang!

Lebang molomo o o phatsimisang jaaka marang a letsatsi!”

 

Dinonyane tse dingwe le diphologolo di ne di sa rate thaga e nnye. Ga se fela gore o ne a ikgantsha! o ne gape a le pelomaswe.

 

 “Heela wena, Kwena!” ga goa Thaga, “Ka meno a gago a a maswe. A makima, a bogale, ga a phepa, e bile go na le manathwana a dinama fa gare ga ona! Phooo! O eletsa e kete o ka bo o na le molomo o o tshwanang le wa me!”

 

Kwena ya nwela mo metsing mme ya akanya gore go ne go ka nna monate jang fa Thaga e ka bo e tshwaregile mo menong a yona!

 

E rile fa nako ya Thaga ya go aga sentlhaga e fitlha, a tswelela ka boikgantsho jwa gagwe jwa metlha yotlhe. Go na le gore a batle bojang, matlhaka le diphofa tse di dirisiwang ke dinonyane tsotlhe, e ne a itlhophela go dirisa pampiri e e phatsimang le sephuthelo se se lakaselang, mme a se loga go nna sentlhaga. E rile fa a fetsa, sentlhaga sa gagwe sa benya sa galalela mo letsatsing. “Nkadimeng ditsebe,” ga goa Thaga. “Lebang sentlhaga sa me! A ga se sa maratagolejwa? Bona gore se benya jang mo letsatsing!”

 

 

Khudu ya tlolatlola go kgabaganya matlhaka mme ya ema go leba sentlhaga se se makatsang sa Thaga. “A ga o eletse fa o ka bo o na le legae le le tshwanang le la me, Khudu?” ga bua Thaga. “La gago le maswe e bile le bodutu. Leba gore la me le manyedinyedi jang,”

 

Khudu a tshikinya tlhogo, “Nna pelo ya me e tshweu mo legapeng la me, Thaga. Le a ntshireletsa, se se botlhokwa thata mo go nna,”

 

Morago, ga goroga legotlwana, la ntsha tlhogo fa tlase ga kgobelelo ya matlhare. Matlho a lona a ganelela mo pampiring e e phatsimang. Ijoo, sentlhaga sa gago se a fatlha,” la goa.

 

Thaga ya gogomosa diphofa. “Ga go a nna jalo?” a bua ka boikgogomoso. “A ga o a lapa, Legotlo, go nna ka fa tlase ga matlhare le matlharapana a mathokwa? Legae la gago le tlhomola pelo e bile le bodutu.”

 

 “Nnyaya, Thaga,” ga bua Legotlo. “Fa o lekana le nna, o tsongwa ke diphologolo di le dintsi. Fa ke iphitlhile kwa tengteng ga tlhatlagano ya matlhare, ga go yo o ka mponang, ka jalo se se nthusa gore ke se nne mojo wa diphologolo dingwe. Gaaboboi ga go lelwe, go lelwa gaabo mogale.”

 

 “Ke a itse gore o buisiwa ke go nna lefufa,” ga bua Thaga a tsholeditse molomo.

Jaanong go ne go na le noga e kgolo gaufi le noka e e neng e robetse go tloga mariga a simologa. E rile fa e phaphama, ya utlwa e tshwerwe ke tlala thata, ke fa e tloga e ya go batla sengwe se e ka itlosang tlala ka sona. A bona Khudu e nnye e arametse marang a letsatsi. E rile fa Khudu e bona Noga e ntsha leleme mo ganong e bile e gototse matlho ya busetsa tlhogo ya yona mo logapeng. Noga a kgorogotsa Khudu makgetlhonyana, a bona e kete ke logapa fela le le thata, a tswela pele go ya go sela dijo tse a ka di tlhafunang ka meno a gagwe.

 

Ka bonako Noga ya bona Legotlo, a ntse a sela dithotse le maungo mangwe a a monate go ipeela dijo tsa motshegare. A gagaba go ya kwa go ena, a nanya gore a se dire mokgwasa, fela mala a gagwe a a neng a duma a mo swabisa. Legotlo a inaya naga, a tsena ka lenga la seloko. A iphitlha ka fa tlase ga tlhatlagano ya matlhare. A iphitlha moo ka tidimalo, a sa itshikinye. Noga a phuruphutsa matlhare nakwana, jaanong mala a gagwe a ne a dumela kwa godimo. O ne a tshwerwe ke tlala mme a se na nako ya go tlhotlhora matlhare otlhe go batla Legotlo le le ka se mo kgoriseng, ka jalo a tswelela pele.

 

Ya re a tsamaya a iphitlhela a le gaufi le noka. Koo, a bona sengwe se se makatsang. Se ne se lebega e kete ke sentlhaga, fela se ne se lakasela e bile se benya mo letsatsing le le galalelang. Noga a bona Thaga e fofela mo sentlhageng. “Go a makatsa gore nonyane ga e a ka ya leka go fitlha sentlhaga gore noga e e tshwerweng ke tlala e seke ya se bona,” noga ya bua ka pelo.

 

A gagaba ka setu a lebile kwa nokeng a tsamaela gaufi le matlhaka go ya kwa sentlhageng sa Thaga. Ka lesego, fa a ipaakanyetsa go tsenya tlhogo ya gagwe mo sentlhageng go ja nonyane e nnye, a bonwa ke dinonyane tse dingwe, tse di neng tsa goa mokgosi. Thaga ya tswa ka lobelo mo sentlhageng nako e santse e le teng mme ya inaya naga, fela noga ya thubaka sentlhaga sa ba sa wela fa fatshe, sa tswa diphatsana “Seo se tla go ruta, wena Thaga, gore boikgantsho ga bo duele,” ga bua dinonyane tse dingwe.

 

 

 “Jaanong bona!” ga bua lemphorwana, “Diphofa tsa gago di fetogile, jaanong di thokwa!”

 

Thaga ya leba diphuka tsa yona ka pelobotlhoko. Ee, tota di ne di le thokwa. O ne a le ditlhong. E seng ka gore o tswile mo leganong la noga, ka gonne ntlo ya gagwe e thubakilwe e bile diphuka tsa gagwe tse di serolwana di fetogile go nna thokwa, di tshwana le tsa dinonyane tse dingwe.

 

Thaga o ne a ithuta go le gontsi. A seka a tlhola a ikgantsha mme a simolola go nna pelonomi mo diphologolong dingwe. Le fa e le gore diphuka di ne tsa boela go nna serolwana gape, go fitlha gompieno, mariga mangwe le mangwe, di fetoga go nna thokwa, go mo gakolola ka bosilo jwa gagwe.

 

 

Thaga e nnye ya moikgantshi

  • Dirisa mmopa, tege ya go tshameka kgotsa Poresitiki go ipopela badiragatsi ba leinane, kgotsa ithalele ditshwantsho tsa gago mme o di segolole. Dirisa badiragatsi ba gago go anela leinane gape ka mo o ratang ka teng!
  • A go na le mainane mangwe a o a itseng a mo go ona go nang le dinoga le dinonyane. Go diragala eng mo mainaneng a? A go na le ditshwano mo leinaneng le?