Temo le magodu a dimela
Home | Written stories | Multilingual stories | Temo le magodu a dimela

Written stories

Temo le magodu a dimela

Author

Kgosi Kgosi

Illustrator

Magriet Brink and Leo Daly

Translator

Sekepe Matjila

Temo e ne e le mosetsana yo monnye yo o botlhale a nna mo motseng wa Qunu. O ne a rata go ya sekolong le go ithuta dilo tse dintšhwa.

Ka letsatsi lengwe kwa sekolong, baithuti ba mophato wa gagwe ba ne ba ithuta ka go jala le go godisa merogo.

Temo o ne a kgatlhwa thata ke kakanyo e mme a fitlha a bolelela batsadi ba gagwe kwa gae ka ga se.

TRRRRING! Tshipi ya bofelo ya sekolo ya lela mme baithuti ba tswa mo phaposing ka lebelo go leba gae.

 

Fa Temo a goroga kwa gae, mmaagwe le rraagwe ba ne ba le mo kitšhining ba nwa teye.

“Dumela, Mama. Dumela Papa,” a bua jalo a tsena mo kitšhining.

“Dumela, Temo,” ga araba batsadi ba gagwe.“Letsatsi la gago le ne le jang kwa sekolong gompieno?” ga botsa mmaagwe.

 

“Go ne go le monate! Ke ithutile sengwe se se kgatlhisang,” Temo a araba a phophoma ka boitumelo

a le mo tseleng go ya kwa phaposing ya gagwe ya go robala.

Batsadi ba ga Temo ba ne ba akabetse gore morwadiabona o bua ka eng, fela pele

ba mmolelela gore a ba tlhalosetse, a bo a setse a nyeletse.

Mo phaposing ya gagwe, Temo a apola yunifomo ya sekolo mme a apara diaparo tse dingwe.

Fela tse e ne e se diaparo tsa gagwe tsa ka gale. O ne a apara obarolo, dibutsu tsa kwa tshingwaneng le hutshe.

 

Temo a bo a boela mo kitšhining. “Ta-da! Mama le Papa, bonang!” a bua jalo.

Batsadi ba gagwe ba ne ba kgakgametse. Temo o ne a sa rate go dira ditiro tsa fa gae, goreng jaanong a apere diaparo tsa go dira?

“Goreng o apere diaparo tseo, Temo?” ga botsa rraagwe.

“Ka gonne ke batla go simolola go ijalela merogo, Papa,” a bua a itumetse.

“Jaanong, o batla go itirela tshingwana ya merogo fa gae?” ga botsa mmaagwe.

 

“Ee, Mama,” Temo a araba.

Batsadi ba ga Temo ba tlhomana matlho ba akabetse gore Temo a ka kgona jang go tlhokomela

tshingwana ya merogo a ntse a rata go ngunanguna ka ditiro tse di bonolo jaaka go dira teye. Fela ba swetsa go nna le tshepo mo go ene.

Ka moo, Temo le rraagwe ba tswela kwa ntle mme ba tlhopha karolwana ya setsha mo jarateng mo

Temo a neng a ka simolola tshingwana ya gagwe ya merogo teng. Jaanong rraagwe Temo a tsena mo ntlong go apara oborolo.

 

Sa ntlha Temo le rraagwe ba ne ba dirisa foroko ya tshingwana go tlhagola le go baakanya mmu wa setsha

se ba neng ba tlile go jala mo go sona. Se se ne sa thusa go dira mmu boleta gore ba kgone go jala disata.

Foroko e ne ya thusa le go ntsha mefero le matlapa ka fa tlase ga mmu. Fa ba fetsa ba haraka mofero le matlapana

go tswa mo mmung. Temo le rraagwe ba ne ba tsenya mofero mo polasetiking e ntsho mme ba e latlhela mo motomong wa matlakala.

 

Mo letsatsing le le latelang fa Temo a goroga go tswa kwa sekolong, o ne a apola diaparo tsa sekolo mme a ya kwa

tshingwaneng ya gagwe le rraagwe. Rraagwe o ne a rekile disata tse ba tlileng go di jala. Ka jalo ba jala ba bo ba jala!

Ba ne ba jala disata tsa sepinatšhe, digwete, ditamati le dinawa. Jaanong Temo a bo a nosetsa mmu gore disata di kgone

go mela. Letsatsi lengwe le lengwe morago ga moo Temo o ne a itumelela go tla gae go tla go nosetsa tshingwana ya gagwe.

 

Fela go ne go na le bothata bo bonnye: fa go se ope yo o lebileng, diphologolo di ne di simolola go ja merogo mo tshingwaneng ya ga Temo ya merogo!

Ka letsatsi lengwe, fa a goroga go tswa kwa sekolong, Temo a fitlhela dipodi di ja merogo mo tshingwaneng ya gagwe. O ne a di leleka mme a tabogela kwa ntlong.

“Mama! Papa! Dipodi di ja merogo ya me. Goreng lo sa tlhokomele gore di se dire jalo?” a bua a lela.

“Maitshwarelo, Temo,” rraagwe a kopa maitshwarelo. “Nna le Mama re ne re robetse. A re yeng kwa ntle re bone se re ka se dirang.”

 

Ka jalo ba ya kwa tshingwaneng. Dipodi di ne di dirile tshenyo e ntsi thata! Fela e ne e le karolo e nnye ya tshingwna e e neng e senyegile.

“A re ageng legora go dikologa tshingwana, Papa,” Temo a dira tshitshinyo.

“Ke mogopolo o montle!” ga bua Papa.

Ka jalo Temo le rraagwe ba ne ba aga legora go dikologa tshingwana gore dipodi di se tlhole di kgona go tsena.

Mo letsatsing le le latelang fa a boa kwa sekolong, Temo a fitlhela dikgomo di ja dijalo tsa gagwe.

Dikgomo di ne tsa nna botlhale ka go bula legora la tshingwana ka dinaka tsa tsona!

 

Temo a leka go leleka dikgomo, mme nngwe ya dikgomo ka dinaka tse dikgolo, tse di bogale ya mo leba mme a tshoga thata!

Dikgomo di ne di lebega di le dikgolo thata! Ke fa a tshabela mo ntlong.

“Mama! Papa! Jaanong dikgomo di ja merogo mo tshingwaneng ya me ya merogo,” a rialo.

 

 

Temo le rraagwe ba tswela kwa ntle mme ba fitlhela dikgomo di fula mo tshingwaneng ya ga Temo. Rraagwe a di leleka.

“Papa, goreng re sa notlele legora ka senotlolo se segolo?” Temo a dira tshitshinyo. “Se se ka dira gore dikgomo di se ke tsa kgona go bula legora gape.”

Rraagwe a akanya gore ke leano le lentle mme ba tsamaya go ya go reka senotlolo se segolo ba bo ba notlela legora.

Mo letsasing le le latelang fa Temo a boa kwa sekolong, dijalo tsa gagwe di ne di jewa, e se dipodi, e se

dikgomo, e le dinonyane mo tshingwaneng ya gagwe! A di lelekisa mme a taboga go ya go bolelela batsadi ba gagwe.

 

“Mama! Papa! Jaanong dinonyane di ja dijalo merogo mo tshingwaneng ya me,” a bua a lela.

Rraagwe Temo a ya kwa ntle le ene go bona gore bothata ke eng.

"Ga ke itse gore ke direng jaanong, Temo,” ga bua rraagwe a ingwaya tlhogo fa a ntse a akanya thata.

“Ke a itse gore re ka dirang,” Temo a bua ka bonako. “Re ka tsenya letloa mo godimo ga tshingwana, jaanong dinonyane ga di kitla di kgona go ja dimela.”

 

Tota Temo o ne a nepile! O ne a se tlhole a tshwenyega ka diphologolo tse di jang mabele mo tshingwaneng ya gagwe

gape. Ga go dipodi tse di ka tsenang, ga go dikgomo tse di ka tsenang e bile ga go dinonyane tse di ka tsenang.

Dimela mo tshingwaneng ya gagwe tsa gola tsa bo tsa gola, go ise go ye kae merogo e ne e setse e siame go ka kotulwa!

Mmaagwe Temo o ne a apaya sopo e e monate ya dinawa, digwete, sepinatšhe le ditamati mme botlhe ba ja dijo tse di monate tse di tswang mo tshingwaneng ya ga Temo.