Sopo ya mosadimogolo | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Sopo ya mosadimogolo

Written stories

Sopo ya mosadimogolo

Author

Wendy Hartmann

Illustrator

Natalie and Tamsin Hinrichsen

Translator

Lorato Trok

Bogologolotala go kile ga bo go le mosadimogolo yo o neng a rekisa sopo e e di gaisang tsotlhe mo mmarakeng wa motse. E ne e le sopo e e monate, e e molelo ya koko. Go ne go se motho yo o neng a itse leina la mosadimogolo mo motseng. Go se motho yo o neng a itse gore o nna kae. E bile ga go motho yo o neng a itse gore ke goreng sopo ya gagwe e ne e le monate e bile e le molelo. Ba ne ba sa akanye ka dilo tse. Ba ne ba reka sopo mme ba ijela.

 

Moso mongwe le mongwe, mosadimogolo o ne a tla mo mmarakeng. Ka gale o ne a tla a rwele pitsa e kgolo e ntsho e tletse sopo ya koko a bo a nna le yona ka fa tlase ga setlhare mo tlase ga moriti. Go ise go ye kae, o tla bo a rekisitse sopo yotlhe. A bo a phuthela madi a gagwe ka lesela, a a tsenya mo kgwatlheng, a baya pitsa e e lolea mo tlhogong a bo a tsamaya.

 

 

 

Go ne go na le mosimane a bidiwa Fezile yo o neng a nna mo motseng gaufi le mmaraka. O ne a rata sopo ya koko thata. Go bua boamaruri, o ne a e rata mme e bile a sa kgore. O ne a batla go itse gore mosadimogolo yo o dirang sopo e e monate jaana o tswa kae. Ka letsatsi lengwe fa mosadimogolo a baya pitsa ya gagwe e e lolea mo tlhogong a tswa mo mmarakeng, Fezile a mo sala morago. O ne a le kelotlhoko go tsamaya mo meriting, le fa morago ga ditlhare le ditlhatshana, gore mosadimogolo a seke a mmona. O ne a mo sala morago sebaka se seleele, ka tselana e e kgakajana e e neng e tswa mo motseng mme e tlhatlogela mo thabaneng. O ne a ntse a palama, a palama, a bo a palama go fitlha ka phirimane. Fezile o ne a boifa, fela a tswelela go tsamaya.

 

Morago ga nako e telele mosadi a goroga mo ntlwaneng e e mo godimo ga thabana. A baya pitsa fa pele ga ntlo. Fezile a leta go fitlha mosadi a tsena mo ntlong a bo a tswala lebati. A atamela go bona se se fa gare ga pitsa. Ka tshoganyetso, Fezile a utlwa lebati le bulega. A iphitlha ka bonako mo lefelong le o neng a ka kgona go bona mosadimogolo bonolo. Mosadimogolo a ya kwa pitseng mme a simolola go opela:

“Pitsa ya boselamose, pitsa ya boselamose,

Ntirele sopo, e e molelo, molelo, molelo.

Ntirele sopo ka koko. Ntirele sopo ya koko.

Ntirele sopo e nka e rekisang mme batho ba e reke.

Tsweetswee pitsa ya boselamose, tsweetswee pitsa ya boselamose!”

 

Go ise go ye kae ke fa pitsa e tletse sopo ya koko! Mosi o o bolelo o tswa mo pitseng e kgolo e ntsho ka monko o o monate o ileng wa tshwarisa Fezile tlala. E rile fa mosadimogolo a fetsa go tsena mo ntlong, Fezile a nanya ka bofefo a ya mo pitseng e kgolo. A leba ka fa tlase ga pitsa. Le fa e le gore pitsa e ne e phophoma ka sopo e e molelo ya koko, go ne go se na molelo o o tukang ka fa tlase ga yona. “Ke tshwanetse go itshelela sopo,” Fezile a bua a le esi. “Ke tshwerwe ke tlala thata!” A otlololela seatla kwa pele a se tsenya mo pitseng go tsaya kabetla ya nama ya koko. Ka bonako mosadi a tswa mo ntlwaneng ya gagwe mme a bona Fezile a tsentse seatla mo pitseng. “IJO NNA WEE! Ijo nna wee! Ijo nna wee!” a goa. “NNYAYA! NNYAYA! NNYAYA!” Fezile a tswa a taboga ka bonako thata. Mosadimogolo a mo lelekisa, a ntse a goa, fela a seke a mo tshwara.

 

 

Fezile a taboga thata, a ba a fitlha a babalesegile kwa gae. A bolelela mmaagwe le rraagwe tsotlhe tse a di boneng ka mosadi le pitsa ya boselamose. Botlhe ba tswela kwa ntle go leba kwa godimo ga thabana, mme ba bona mosi wa pitsa o tlhatlogela kwa godimo. “Ee,” ga bua jalo batsadi ba ga Fezile, “bona sele. Re kgona go bona mosi o o tswang mo pitseng ya boselamose.” Mosadimogolo a se tlhole a boela kwa mmarakeng mme le batho ba se ka ba tlhola ba ya kwa godimo ga thabana go mo etela. Ba ne ba boifa thata. Fela go tloga fa, fa mongwe le mongwe a bona maru mo gaufi le thabana, ba re, “Leba! Leba kwa godimo kwa! Ke mosi o o tswang mo pitseng ya boselamose ya mosadimogolo.”