Phama le tlhaka ya mmidi 8
Home | Written stories | Multilingual stories | Phama le tlhaka ya mmidi 8

Written stories

Phama le tlhaka ya mmidi 8

Author

E kwadilwe ke Margot Bertelsmann

Illustrator

E tshwantshitswe ke Chantelle le Burgen Thorne

Phama o ne a na le tlhaka ya mmidi. Mmaagwe o ne a sa itse fa e le tlhaka ya boselamose.

“Letsatsi lengwe, tlhaka eno e tlaa fepa setšhaba,” ga bua Phama. Mama a tshega.

Phama a jala tlhaka mme ya simolola go gola. E ne ya golela kwa godimo tota ya ba ya nyelelela kwa marung.

“Ke ya go palamela kwa godimodimo,” ga bua Phama. Rre a nyatsa. Ga utlwala lentswe le legolo.

“Nkgelela-gagaša-šuma-phinya! Ke utlwa monkgo wa madi a mogaka!” E ne e le dimo o o makgakga.

“Ntshware fa o kgona,” Phama a mo kgokgontsha. Phama a bona kgetsana ya boselamose.

E ne e na le gouta yotlhe e e kileng ya epiwa ke setšhaba. Phama a bona moopedi wa moselamose.

O ne a itse dipina tsotlhe tse di kileng tsa opelwa mo setšhabeng. Phama a bona ganse ya boselamose.

E ne e tsala mae a a neng a lekana batho botlhe. “Ke tlaa go tlela ka letlotlo,” Phama a goeletsa go Nkoko kwa tlase.

Nkoko a goga mowa kgakala. Phama a roba segwere se se butswitseng sa mmidi go tswa mo letlhakeng. O ne a o besa.

Morago a tshasa botoro mo ditlhakeng tsa mmidi mme a isa kwa nkong ya ga dimo go mo gadisa.

“Mphe mmutlwana wa me wa meno o mogolo,” ga goa dimo. Fela Phama a bo a ile. 6 Le kgetsana fela jalo. Le moopedi.

Le ganse. Tota le letlhaka la mmidi le ne le ile. Ka go re Phama o ne a le kgetlhile.

 

Monate wa Nal’ibali

Megopolo e re ka buang ka yona

A go siame gore Phama a tseye letlotlo la ga dimo a sa mo kopa? Goreng o re e ne e siame/e ne e sa siama? O akanya gore Phama o tlile go dirang ka kgetsana ya letlotlo la ga dimo le moopedi? Ke eng se o ka bong o se dirile ka tsela e sele fa o ne o le Phama?

Se se bonwang ka matlho

Iterowele setshwantsho sa ga Phama le dimo yo o pelo e maswe se se bontshang gore dimo yono o mogolo go le kana kang.

Go Bala

Nna mophuruphutshi wa mafoko! Leba leinane leno sentle. A o kgona go bona dilo tse Phama kgotsa dimo yo o pelo e maswe ba neng ba di dupelela, ba di bona kgotsa ba di latswa?

Go Kwala

Akanya Phama a kwala mo tayaring ya gagwe letsatsi la fa a ne a pagame kwa godimodimo ga letlhokwa la mmidi. O ne o ka simolola jaana: Tayari e e Rategang, O tla gakgamala fa nka go bolelela ka se se diregileng gompieno …

Botaki

Baya ditlhotlha tsa mmidi o o o jeleng. Baya dipente tsa mebala e e farologaneng mo dikhontheinareng tse dinnye. Ina ditlhotlha tsa mmidi mo penteng, o bo o gatisa diphethene le dipopego tse di farologaneng mo pampiring.

Tiragatso

Ipone o le dimo yo o pelo e maswe. Tsamatsamaya jaaka e kete ke ene fa o ntse o bua o re “Nkgelela-gagaša-šuma-phinya! Ke utlwa monkgo wa madi a mogaka!” ka lentswe le le kwa godimo, le le dumang.