Pela e e leswe | Nal'ibali

Written stories

Pela e e leswe

Author

Joanne Bloch

Illustrator

Heidel Dedekind

Translator

Lorato Trok

Pela Dumi o rapame ka mokwatla wa gagwe, a beile mpa ya gagwe mo letsatsing mo letlapeng le legolo, le le sepapetla. O ne tloga a robala fa a utlwa ditshego tse di kwa godimo. Ka botshwakga, a bula leitlho le le lengwe. Dipela tse pedi tse dinnye di ne di feta.

“AOOOO!!!” ga rialo nngwe ya tsone e bolelela e nngwe fa ba fetile letlapa ka pabalesego. “Pela ele e nkga BOSULA!” Ba tshegatshega gape fa ba tsamaya ka bonako.

Dumi a hemela kwa godimo, a leleka ntshi e e neng e fofa gaufi le tsebe ya gagwe. “Ga go a siama!” a nagana. “Ga go yo o ntlhaloganyang.”

E ne e le nnete. Dumi o ne a nkga ka gonne a le leswe. O ne a le leswe ka gonne o ne a sa tlhape, mme go ne go se ope yo o itseng gore ke goreng a sa tlhape. Nnete e ne e le gore, Dumi o ne a tshaba metsi. Nako nngwe, fa e ne e le lesea, o ne a wela pele ka tlhogo mo metsing a seretse. Dumi o ne a sa kgone go thuma, mme ka lesego, abuti wa gagwe a mo ntsha ka maoto a gagwe a kwa morago. Go tloga ka letsatsi leo, Dumi ga a batle go nna gaufi le metsi. Fa dipela tse dingwe di ya kwa sedibeng moso mongwe le mongwe go ya go tlhapa, Dumi o ne a tsamaya a ya go iphitlha mo ditlhatshaneng. Go ne go se ope yo a ka fetolang mogopolo wa gagwe ka metsi – le e seng mmagwe tota!

Malatsi a feta – selemo se ne se le mogote thata mme go se na pula. Dumi o ne a tswelela go nna leswe. Boboa jwa gagwe bo ne bo le mafura e bile bo kgamathetse, mme o ne a nkga bosula thata. Se se fetang tsotlhe, setlhopha sa dintshi se ne se mo sala morago gongwe le gongwe kwa o neng a ya gone. Dumi o ne a sa rate se, jaaka go solofetswe, mme fela o ne a dira e kete ga a kgathale.

Moso mongwe, bagolo ba motse ba ne ba tla go bua le Dumi. Ba ne ba emetse kgakala, mme Dumi o ne a ba bona ba tshwere dinko tsa bone mme ba felelwa ke mowa.

“Re maswabi, Dumi,” ba rialo, “mme fela jaaka o itse dipula ga di ise di ne ka nako e telele. Go na le dintshi tse dintsi mo. Dintshi di rata leswe, mme o leswe thata, ka jalo dintshi di a go rata! Dintshi tse tsotlhe di tlile go re lwatsa … Go botoka gore o tswe ka motse.”

Dumi wa batho! O ne a tla dirang? Ka kutlobotlhoko, a itsamaela. O ne a tsamaya lobaka lo lo telele. Letsatsi le ne la gotela thata fa le tlhatlogela kwa loaping le le pududu le le phatsimang. Tlhogo ya gagwe e ne ya mo imela, mme maoto a gagwe a ne a le botlhoko thata! A feleletsa a utlwa gore a ka se kgone go tsamaya kgato e nngwe.

“Ke tlhoka moriti!” a rialo, a lebelela gotlhe. Go ne go se na ditlhare tse dintsi mo karolong e ya naga, mme a bona setlhatsana sa mmitlwa gaufi. Ka iketlo, Dumi a tlhotsetsa kwa setlhatshaneng seo. A rapama mo tlase ga sona, mme a ya ka boroko.

Go fetile diura tse dintsi. Dumi o ntse a robetse monate thata mo e bileng a sa bona maru a pula ya matlakadibe a ipopa mo loaping. Letsatsi le ne le nyeletse. Loapi le ne le ntshofala. Phefo e ne e nna tsididi, mme fela pela e e lapileng e ne e robetse. Ga bofelo, pula e ne ya tshologa.

Dumi o ne a tsoga. Marothodi a makima a pula a ne a mo tshela mmele otlhe! Kwa motseng wa dipela, dipela tsotlhe di ne tsa iphitlhela pula mo tlase ga majwe a magolo. Mme fela mo, go ne go se gope kwa a ka iphitlhang teng! Pele, fa Dumi a bona le go utlwa pula, o ne a goa le go lela mme a ikgoloka a itira bolo e e boboa. “Thusang!” a goa. “Bathong thusang!” Mme le dintshi tota di ne di seo, Dumi o ne a le mongwe fela.

Jaanong sengwe se se sa tlwaelegang sa direga. Fa pula e e tsiditsana e tsamaya mo mmeleng wa gagwe, Dumi a lemoga gore ke maikutlo a a monate. Ka iketlo, a ritibala mme moragonyana, a lekeletsa go bula matlho. “Pula e lebega bontle,” a rialo, “e bile e dira gore naga e nkge foreše!” Jaanong Dumi a ema, a bula molomo wa gagwe go nwa marothodi a pula. “Gape e latswega monate!” a bua ka kgakgamalo. O ne a itumetse mme a simolola go phophotha leoto la gagwe le go thwantsha menwana ya gagwe.

Ke fa Dumi a retologa, mme a bina tsela yotlhe go boela kwa motseng wa dipela, a opela a ntse a tsamaya: “Pula! Pula! Ke rata pula! Pula! Pula! Pula!”

Dumi o gorogile kwa motseng fa letsatsi le phirima. Ga go na pela e e mmoneng – botlhe ba ne ba iphitlhetse pula ka fa tlase ga majwe a magolo. Dumi o ne a sa kgathale. O ne a tlwaetse go nna a le esi, le gone, o ne a itumetse thata! O ne a ja matlhare a se kae go lalela, a gagabela ka fa tlase ga setlhatsana mme a ya ka boroko gape.

Fa Dumi a tsoga, pula e ne e emisitse mme motse o ne o le montle o le foreše. Fa letsatsi le tlhaba, go ne ga thunya khapete ya malomo a a pinki.

“Ijoo!” a rialo a lebelela gotlhe.

Ka nako eo, dipela tsotlhe tsa tsamaela kwa go ene. Di ne di le mo tseleng go ya kwa sedibeng go ya go tlhapa. Ba ne ba tshogile thata go bona Dumi yo mošwa, yo o phepa, yo o nkgang monate!

“Dumi! Go diragetse eng?” botlhe ba botsa, ba mo dikaganyeditse. Mme go na le gore a bue, Dumi a simolola go thwantsha menwana mme a phophotha leoto la gagwe … ke fa a bina a opela gape. Dipela tsotlhe tsa tsaya karolo, fa di tsamaela kwa sedibeng: “Pula! Pula! Re rata pula! Pula! Pula! Pula!”

Nna le boitlhamedi!

Fa bana ba gago matlhare a magolo a pampiri mme tshitshinya gore ba take ditshwantsho tsa gore Pela Dumi o ne a ikutlwa jang ka metsi kwa tshimologong kgotsa bokhutlong jwa leinane – kgotsa tsoopedi!