Ntšwa | Nal'ibali

Written stories

Ntšwa

Author

Kai Tuomi

Illustrator

Jiggs Snaddon-Wood

Translator

Sekepe Matjila

Fa lefatshe le sa le lešwa, Ntšwa e ne e le phologolo ya naga. O ne a tshela ka go kailakaila mo nageng a le esi. Bosigo o ne a baya tlhogo ya gagwe godimo ga maroo a boboa e nna molebeledi wa legaga la gagwe.

Nobantu, mosadi wa ntlha, o ne a nna mo ntlwaneng gaufi le legaga la Ntšwa. Ka letsatsi lengwe fa a tsamaya a lebile gae, Nobantu a bona Ntšwa e beile tlhogo godimo ga maroo a boboa, e robetse ka leitlho le le lengwe, mme a e utlwela botlhoko.

“Ke ipotsa gore nka dira eng go thusa Ntšwa?” a akanya. “O lebega a jewa ke bodutu.”Fa Nobantu a ntse a loga leano, Ntšwa ya tsoga mme ya mmogola.“Ntšwa,” a bitsa, “o molebeledi yo o matsetseleko.”

“Ee,” Ntšwa ya rora, “Ke molebeledi yo o gaisang mo nageng yotlhe. Ditsebe tsa me di utlwa sentle mme ke kgona go utlwa le medumo e e kwa tlase thata, matlho a me a kgona go bona mo lefifing, mme e bile ke robala ke butse leitlho le le lengwe.”

“Bontle e le tota” ga bua Nobantu. “Tsweetswee, a o ka nthuta go nna molebeledi yo o tlhwatlhwa? E tla kwa ntlwaneng ya me ka moso ka lotlatlana. Fa o ka dira jalo, ke tla go fa dijo tse di bolelo gore o je.”

Ntšwa e ne e ise e je dijo tse di bolelo mo botshelong jwa yone, fela ya bona e le mogopolo o montle.

Ka lotlatlana letsatsi le le latelang, Ntšwa a tla a ntse a kailakaila go tswa kwa nageng go ya kwa ntlwaneng ya ga Nobantu. A mo dumedisa mme a rora, “Jaanong o tshwanetse go leba se ke se dirang. Ke tla go ruta go nna molebeledi yo o tlhwatlhwa.”

Jaanong Ntšwa ya rapama kwa ntle ga ntlwana ya ga Nobantu, tlhogo e laditswe mo godimo ga maroo a boboa. A tshwarwa ke boroko leitlho le le lengwe le butswe.

Mo bosigong joo a lelekisa diphologolo di se kae tsa naga. Mo mosong Nobantu a mo fa dijo tse di bothito mo mogopong wa bogologolo wa thini.

“Dijo ke tse,” ga bua Nobantu.Ntšwa ya ja dijo ka bonako.“A ke go rutile go nna molebeledi yo o tlhwatlhwa?” a bogola.

“Ke akanya jalo,” ga araba Nobantu ka monyenyo, “fela o ka nna wa mpontshaa gape maitseboa. Fa o ka dira jalo, ke tla go fa dijo tse di bolelo MME e bile ke tla go direla bolao jo bonnye jo o robalang mo go bona.”

Ntšwa a itatswa dipounama. Dijo tse di bolelo di ne di le monate, mme e bile ga a ise a robale mo bolaong mo botshelong jwa gagwe.

Ka lotlatlana, Ntšwa a tla a kailakaila go tswa kwa nageng go ya kwa ntlwaneng ya ga Nobantu. Jaaka a ne a solofeditse, go ne go na le bolao jo bonnye bo mo emetse. Bo ne bo le boleta e bile bo le manobonobo – bo le monate go gaisa go robala fa fatshe mo legageng – Ntšwa ya robala ka bonako ka leitlho le le lengwe le butswe.

Mo bosigong joo a leleka diphologolo tsa naga di le mmalwa. Mo mosong Nobantu a mo fa dijo tse di bothito mo mogopong wa bogologolo wa thini.

“Dijo ke tse,” ga bua Nobantu.Ntšwa ya ja dijo ka bonako.“A ke go rutile go nna molebeledi yo o tlhwatlhwa?” a bogola.

“Ke akanya jalo,” ga araba Nobantu ka monyenyo, “fela o ka nna wa mpontsha gape maitseboa. Fa o ka dira jalo, ke tla go fa dijo tse di bolelo, o ka nne wa robala mo bolaong gape, E BILE ke tla go sidila mokwatla.”

Ntšwa a itatswa dipounama. Dijo tse di bolelo di ne di le monate, bolao bo ne bo le manobonobo – manobonobo go gaisa go robala fa fatshe kwa legageng – mme e bile ga a ise a sidilolwe mokwatla mo botshelong jwa gagwe.

Ka lotlatlana, Ntšwa a tla a kailakaila go tswa kwa nageng go ya kwa ntlwaneng ya ga Nobantu. Ya robola mo bolaong jo bonnye. Nobantu a e sidila mokwatla. A maikutlo a mantle! Ntšwa ya bogola ka boitumelo, mme ya robala ka bonako ka leitlho le le lengwe le butswe.

Mo bosigong joo a leleka diphologolo tsa naga di le mmalwa. Mo mosong Nobantu a mo fa dijo tse di bothito mo mogopong wa bogologolo wa thini. Ntšwa ya ja dijo ka bonako.

“O a itse ke eng, Nobantu,” Ntšwa ya bogola, “malatsi a le mararo a a latelanang ke lekile ka bojotlhe go go ruta go nna molebeledi yo o tlhwatlhwa, fela go itshupa o ise o tshware sepe. Ga ke akanye gore o tla kgona go ithuta se.”“Ga nkitla ke kgona?” ga botsa Nobantu a nyenya.

“Nnyaya, Ga ke akanye jalo,” ga araba Ntšwa. “Bothata ke gore o robala ka fa gare ga ntlo, ditsebe tsa gago di dinnye, e bile ga o kgone go bona mo lefifing. Ka jalo ke na le leano le le botoka. Go na le gore nna ke rute WENA go nna molebeledi yo o tlhwatlhwa, Nna ke tla nna molebeledi wa ntlo ya gago. Wena o tla mphepa ka dijo, wa mpha bolao go robala wa bo wa ntshidila mokwatla.”

“Jaanong motshameko ona?” ga botsa Nobantu.“Motshameko?” Ntšwa ya mo dilola.Nobantu a bontsha Ntšwa tsela ya go tshameka ka thobane, Go ne go le gontle! 

Fa ba feditse, ba dumelana gore Ntšwa e tla nna fa gae mme e nne molebeledi wa ga Nobantu.Ka lotlatlana maitseboeng ao, Ntšwa ya tshwarwa ke boroko mo bolaong ka monyenyo mo sefatlhegong le matlho a le mabedi a tswetswe.

Ke ka moo ene le bana ba gagwe, le bana ba bona ba simolotseng go nna le batho, e bile ke ka moo dintšwa e sa tlholeng e le diphologolo tsa naga tse di kailakailang mo nageng e bile di robala mo magageng ba le nosi.