Mpho ya ga Busi
Home | Written stories | Multilingual stories | Mpho ya ga Busi

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Mpho ya ga Busi

Author

Kanelosešwa ka Joanne Bloch

Illustrator

Ditshwantsho ka Jiggs Snaddon-Wood

Translator

E ranotswe ke Lorato Trok

Busi ke segwagwana se se tala se se neng se dula le balelapa la gagwe mo thoko ga noka e e motsopodia kwa dithabeng tsa Drakensberg. Busi e ne e le segwagwa se se itumetseng, mme go ne go le sengwe se le sengwe fela se se neng se mo utlwisa botlhoko. O ne a lebega a farologane le bomorwarragwe, bokgaitsadie, le digwagwa tse dingwe tsotlhe. Sefatlhego sa gagwe se ne se tshwana le tsa bone. Mmele wa gagwe o ne o tshwana le wa bone. Mme fela leoto le le lengwe la ga Busi la kwa morago le ne le le teleletelele e bile le le le kimakima. Ka dinako dingwe digwagwa tse dinnye di ne di mo rumola ka leoto le la gagwe le le sa tlwaelegang, mme se se ne se mo utlwisa botlhoko thata. 

 

“Fa fela ke ne ke tshwana le mongwe le mongwe!” o ne ka gale a bua jalo a hemela kwa godimo. “Fa fela nka be ke se maswe jaana!” 

 

“Ke matlakala a eng!” Rremogolo Segwagwa a rialo. 

 

“Rremogolo o nepile!” Mama Segwagwa a rialo. “Go tla jang gore segwagwana se se kgethegileng jaaka wena jaana se bue matlakala a makana?” 

 

Mme fela Busi o ne a sa ba dumele. Fa digwagwa tse dingwe di ne di dutse mo dintshing tsa noka ka nako ya selemo mo bosigong, Busi o ne a dula kwa morago ga tsone tsotlhe gore go se nne le ope wa bone yo o ka bonang leoto la gagwe le le teleletelele la kwa morago. Fa ba ne ba tshwara dintsi tsa dijo tsa motshegare, o ne a fitlha leoto leo, gore a kgone go tshwana le ba bangwe. 

 

Kgakajana le noka, mo legageng le le lefifi kwa godimo ga thaba go ne go dula ntsu e e setlhogo. “O nne kgakala le ntsu ele!” Mama Segwagwa o ne a kgalema ka gale. 

 

Ka letsatsi lengwe, fa Busi a ne a hutsafetse, o ne a itsamaela a ya go thuma a le esi. “Ke maswe thata gore nka tshameka le ba bangwe,” o ne a akanya jalo. “Bogolo nka tlhola ke le esi.” 

 

Segwagwana sa thuma nako e telele, jaanong a gagabela kwa ntle ga metsi go ikhutsa mo bojannyeng jwa dintshi tsa noka. Fa a rapaletse jalo mo letsatsing, a lebelela kwa godimo, mme a bona legaga la ntsu. 

 

“Ke fa nka tloga fa!” a nagana a le esi. O ne a re o a tlolela mo metsing fa a utlwa mantswe a a iketlileng go tswa kwa legageng. 

 

“Motlotlegi,” Busi a utlwa lentswe la ngwana le re, “Ke feetse legaga mme e bile ke go baakanyeditse dijo tsa motshegare. A nka ya kwa nokeng fa o ntse o ja, gore ke kgone go tlhatswa mosese wa me? Ke one fela o ke nang le o ne jaanong, mme o leswe thata.” 

 

“A o gopola gore ke sematla, ngwanyana?” ga goa lentswe le le kwa godimo, le le tenegileng. “Fa ke go tlogela o ya gaufi le noka, o tlile go tshaba!” 

 

“Nnyaa, Motlotlegi,” segwagwa sa utlwa ngwana a rialo. “Nka se tshabe. O tla itse gore ke sa ntse ke le teng gonne o tla utlwa ke itaya mosese wa me o o metsi mo matlapeng go fitlha o nna phepa.” 

 

“Gone go siame,” ntsu e e setlhogo ya rialo, “mme o itlhaganele ka gonne go na le tiro e ntsi e o tshwanetseng go e dira!” 

 

Busi o ne a lebelela fa mosetsanyana yo o apereng mosese o o leswe thata a tsamaela kwa nokeng. O ne a dula mo thoko ga Busi, mme a simolola go lela. 

 

“O se ka wa lela, mosetsanyana,” ga bua segwagwa ka bonolo, mme ngwana a lela thata. 

 

“Oh, Segwagwa,” a lela botlhoko, “Nka se tsamaye ke kgonne go ya gae gape! Ntsu e e setlhogo e le e nkutswile kwa motseng wa gaetsho mo bekeng e e fetileng, jaanong ke lekgoba la gagwe!” 

 

Fela ka nako eo, ba ne ba utlwa lentswe la ntsu le le bogale thata le goa go tswa kwa legageng la yona, “Mosetsana, a o sa le teng? Fa ke sa utlwe modumo wa go itaaganngwa gone jaanong, o tlile go tsena mo mathateng a MAGOLO!” 

 

“Tsala ya me,” Busi a bua ka potlako, “ga o na nako! Mphe mosese wa gago, mme o taboge ka lebelo thata ka moo o ka kgonang ka teng. Ke tla betsa mosese mo matlapeng a, mme ntsu o tla utlwa modumo. Ka nako e a lemogang gore o tshabile, o tla be o le kwa gae le mme wa gago!” 

 

“Segwagwa, o na le pelo e ntle,” mosetsana a rialo. “Mme fela setshedi se sennye jaaka wena se tla kgona jang go betsa mosese thata go dira modumo o o kwa godimo?” 

 

“Ee,” Busi a rialo, “ga o ise o bone leoto la me le le kgethegileng, le le tiileng!” 

 

Ka ditlhong, segwagwa se ne sa bontsha mosetsanyana leoto la gagwe la kwa morago le le kima, le a neng a le fitlhile mo tlase jaaka tlwaelo. Jaanong ngwana a itse fa a na le tšhono. O ne a goga mosese wa gagwe mme a o inela mo metsing. Fa o le metsi, a o betsaka mo matlapeng ka makgetlo a mantsinyana. Jaanong a isa mosese ka potlako kwa go Busi. O ne a atla segwagwa mo phatleng, a sebaseba, “Ke a leboga,” mme a tshaba. 

 

GWA! GWA! GWA! ga ya mosese o o metsi, fa Busi a o betsa mo letlapeng ka nako e e telele. Leoto la gagwe le le teleletelele le ne le le maatla thata e bile go le bonolo gore a kgone go dira modumo o mogolo. E ne e le fela fa ntsu e bitsa mosetsana gape gore a itlhaganele, moo Busi o neng a latlhela mosese mo fatshe, a itatlhela mo nokeng mme a thuma ka bonako. 

 

“Morago ga nako e telele!” ga bua mmagwe Busi fa a goroga kwa gae. “O ntse o le kae?” 

 

Fa a atlarela Busi, o ne a bona mokgabiso o montle o o phatsimang mo phatleng ya ga Busi, gona mo mosetsana a mo atlileng teng. 

 

“O montle jang!” ga rialo Mama Segwagwa, mme bomorrwarragwe le bokgaitsadie ba dumelana. Fa Busi a bona moriti wa gagwe mo metsing, o ne a nyenya ka monyenyo o mogolo o o bophara wa segwagwa. O ne a itumeletse gore o lebega a le montle. Mme go feta seo, o ne a itumeletse gore leoto la gagwe le le teleletelele e ne e se selo se se maswe kwa bofelong.