Modirapula

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Modirapula

Author

Kgosi Kgosi

Illustrator

Magriet Brink en Leo Daly

Translator

Lorato Trok

Bogologolotala kwa Kgalagadi, go ne go na le monnamogolo yo o maatla a bidiwa Rapula. Rapula o ne a na le mpho e kgolo thata mo lefatsheng. O ne a na le maatla a go tlisa maru mmogo fa a ne a kgaogane. O ne a na le maatla a go nesa pula. O ne a itsege naga yotlhe jaaka Rapula, modirapula.

Go Rapula, go dira pula e ne e le tiro e e botlhoko thata. Go ne go tsaya maikatlapelo otlhe a o neng a na le ona, fela gape go ne go mo itumedisa go bona batho ba gagwe ba ungwa metsi a a fologang kwa loaping. Fa pula e ne e na, batho ba ne ba kgobokanya metsi mme ba a dirisetsa go nwa le go apaya. Matamo a ne a tlala mme diphologolo le tsona di ne di nna le metsi a go nwa. Pula gape e ne e fepa dipolasa tsa Kgalagadi.

Morago ga dingwaga tse dintsi tsa go dira pula, Rapula, modirapula, o ne a lwala mme maatla a gagwe a fokotsega. Naga ya Kgalagadi ya simolola go omelela ka iketlo. Majang a matala le ditlhare tsa simolola go nyelela. Le fa e le gore monnamogolo o ne a leka, o ne a kgona fela go dira pula e nnye. Mme nako le nako fa a leka, o ne a koafalela pele.

Ka bonako monnamogolo a lwala thata a nna bokoa moo e leng gore o ne a sa kgone go dira pula gotlhelele. Fa seo se ne se diragala, go ne go na le komelelo e kgolo. Naga e ne ya omelela le dijalo tsa pala go gola. Go ne go se na dijo tse di lekaneng. Diphologolo tsa swa, dimela tsa swa, le batho ba swa.

Batho ba Kgalagadi ba leta. Ba ne ba sa ntse ba na le tshepo ya gore modirapula o tla fola gape. Fa ba ntse ba letile, ba ne ba arogana bonnye jo ba neng ba na le bona mme ba fa modirapula dijo tse di monatenate tsa bona. “Gongwe o tla bona maatla a gagwe mo nakong e e sa fediseng pelo,” ba rialo.

Kwa bokhutlong batho ba lemoga gore Rapula ga a kitla a tsamaya a tokafala. Banna ba ba botlhale ba motse ba itse gore se ba ka se dirang ka nako eo, e ne e le go emela gore Rapula a fe mongwe o sele maatla a gagwe a a kgethegileng.

Fa Rapula, modirapula, a ne a swa, batho ba Kgalagadi ba ne ba utlwile botlhoko. Ba ne ba latlhegetswe ke leloko la botlhokwa la morafe wa bona. Mme jaanong, bagodi ba motse ba ne ba gomodiwa ke go itse gore mpho ya ga Rapula ga e a latlhega. E tshwanetse e be e neetswe mošwa mongwe.

Go ne ga nna phitlho e kgolo go tlotla modirapula yo o fetang ba bangwe. Batho ba ne ba tla go tswa kwa dikarolong tse di kgakala tsa Kgalagadi go nna teng. Ba ne ba tlisa bonnye jwa dijo le dino tse ba neng ba na le tsona go kgaoganya le ba bangwe.

Pele ga Rapula, modirapula, a ka fitlhwa mo mmung go ikhutsetsa ruri, selo se se gakgamatsang sa direga – selo se se neng se tla bontsha batho ba Kgalagadi gore modirapula yo mošwa ke mang. Mmala wa molagodimo o ne wa tlogela mmele wa monnamogolo wa modirapula mme wa tsena mo mmeleng wa mosetsanyana yo o bidiwang Mapula, yo e neng e le setlogolwana sa ga Rapula. Se e ne e le selo se se makatsang thata se se kileng sa bonwa, mme fela mongwe le mongwe o ne a itse gore ke ka tsela e badirapula ba neelanang ka yone maatla a bone. Se se diragala sewelo thata gonne badirapula ba tshela dingwaga tse dintsi, tse dintsintsi.

Mapula jaanong e ne e le modirapula yo mošwa wa Kgalagadi. Malatsi morago ga phitlho, batho ba ne ba keteka maatla a mašwa a mosetsanyana. Ba ne ba keteka ka mmino le dijo. Mongwe le mongwe mo Kgalagadi o ne a mo tlisetsa dimpho tsa diaparo tse dintšhwa, malomo, dijo tse di kgethegileng le dilo tse dingwe.

Go tseile malatsinyana gore Mapula a tlwaele maatla a gagwe, mme moragonyana a maatlafala. Jaanong o ne a tshwanetse go dirisa mpho ya gagwe sentle. Fa a tenegile ka nako ya go dira pula, o ne a ka dira pula ya matlakadibe le morwalela. Se se ka senya morafe wa gagwe otlhe.

Le fa Kgalagadi e ntse e se na pula nako e telele, Mapula o ne a ithuta ka bonya go itse go dirisa maatla a gagwe. Pele, o ne a ithuta go dira gore pula e ne ka go kopanya maru a mannye. O ne a ikatisa go dira se gangwe ka beke. Fela jaaka rraagwemogologolo, o ne a lapa thata morago ga go dira pula. Ka dinako dingwe o ne a tshwanela go robala malatsi a mabedi a a latelanang go boelwa ke maatla a gagwe.

Batho ba Kgalagadi ba ne ba le botlhale. Ba ne ba ithuta mekgwa e mešwa ya go boloka metsi a a tlhokegang thata a. Ba ne ba ithuta go aga matamo le go dira ditanka tse dikgolo go bolokela metsi mo go tsone.

Morago ga dikgwedi tse dintsi tsa go ikatisa, kwa bokhutlong Mapula o ne a kgona go tlisa dipula tse di nonneng gape mo Kgalagadi. Botlhe ba keteka pula e kgolo ka go bina le go opela. Go ne go nnile dingwaga tse dintsi thata ba sa bone pula e e kana mme ba ne ba itse gore komelelo e fedile. Ba ne ba itumetse gore go na le modirapula yo mošwa – modirapula yo o tla tokafatsang matshelo a batho botlhe.

Nna le boitlhamedi!

Fa o fetsa go buisa Modirapul, tshitshinya gore bana ba gago ba dire ditshwantsho tsa pula. Ba ka dirisa khothenewulu go dira maru mme ba sege marothodi a pula ka pampiri ya mmala wa botala jwa legodimo. Kgotsa, ba ka taka maru le pula ka menwana. Ba ka nna ba tsenya melagodimo mo ditshwantshong tsa bona!