Letsatsi le re le gopolang
Home | Written stories | Multilingual stories | Letsatsi le re le gopolang

Written stories

Letsatsi le re le gopolang

Author

Lorato Trok

Illustrator

Rico

“Itlhaganele Neo, ga re na nako!” Hope a rialo a baya kgetse ya gagwe e e boima mo fatshe. Ene le Josh ba ne ba emetse Neo. Ba ne ba ya kwa phakeng e le karolo ya leano la ga Hope!Hope o simolotse go loga leano fa a fetsa go buisa buka e ntšhwa e mmaagwe a mo e reketseng. E ne e le ka ga mosetsanyana yo o pelokgale yo o bolokileng motse wa gaabo kgatlhanong le phologolo e e tshosang. Hope o itumeletse buka eo thata mme o ne a fetsa go e buisa ka letsatsi le le lengwe fela a bo a lora ka ga phologolo eo bosigong joo!

“Ke tshepa gore leano la gago le tla re itumedisa. Goreng o itlhaganetse jaana?” Neo a botsa a tswala mojako wa mo pele. O ne a apere diaparo tsa gagwe tse a di ratang thata, hutshe le petšhe ya leitlho tsa magodu a lewatle.“Le nna ga ke itse sepe fela jaaka wena, Neo. Hope o nkopile gore ke tle ka khaete ya me kwa phakeng”, Josh a rialo a supa khaete ya gagwe.

“Ntshepeng, lo tlile go itumelela se!” Hope a rialo a tsamaya ka bonako mo pele ga ditsala tsa gagwe. Neo le Josh ba ne ba mo sala morago, ba leka go mo fitlhelela.Fa ba fitlha kwa phakeng, ba bone ratoropo a kgobokanetswe ke setlhopha sa batho ba bantsi. “Go diragala eng?” Josh a botsa mosadi yo o neng a eme gaufi.

“Ke gore, ka nako e telele, ratoropo o ne a utlwa dingongorego tsa gore ga gona moriti o montsi kwa phakeng,” a rialo. “Ka jalo, o ne a netefatsa gore go jalwa ditlhare tse dintsi mme o ne a le koo go keteka le botlhe.”“Ao bathong! Phaka e tletse thata gore leano la me le dire,” Hope a rialo, a swabile.“Leano lefe?” Neo le Josh ba botsa ka nako e le nngwe, ba lebelelana.

“A lo gopola leinane le ke le buisitseng la mosetsana yo o pelokgale yo o bolokileng motse wa gaabo?” Hope a botsa. “Ke ne ke akantse gore re tla dira sebopiwa se se tshosang, re se gokelele mo khaeteng ya ga Josh mme re se fofise mo phakeng. Fela jaanong bona!” Hope a rialo a kaya batho ba ba kgobokanetseng ratoropo ba itumetse.Neo a bona ka moo Hope o neng a utlwile botlhoko ka teng. “A leano le lentle, Hope!” a rialo. “A re yeng kwa morago ga setlhare se segolo sele. Ga go yo o tla re bonang kwa.” Josh le Hope ba dumelana ka tlhogo mme ba tsamaya.

“Josh, tsamaya o ye go batla dikgong. Wena Neo, apola hutshe ya gago o ntshe petšhe ya gago ya leitlho,” Hope a rialo a ntsha diaparo tsa gagwe tsa karate le balune mo kgetsaneng ya gagwe.Josh o ne a bona dikgong tse di tshesane mo thoko ga motomo wa matlakala mme ditsala tse tharo di ne tsa dula mo morago ga setlhare ba dirisa kgole e e tswang mo kgetsaneng ya ga Hope go gokelela dikgong mmogo ka sebopego sa letshwao le sefapaano go dira mmele wa sebopiwa. Jaanong Hope a butswela balune mme a e gokelela go dira tlhogo ya sebopiwa.Ba ne ba apesa sebopiwa diaparo tsa ga Hope tsa karate le diaparo tsa ga Neo tsa magodu a lewatle, hutshe le petšhe ya leitlho. Josh a gokelela khaete ya gagwe mo sebopiweng. Jaanong ba ne ba siame!

Bana ba ne ba ema kwa morago ga setlhare mme ba repisa kgole ya khaete. Phefo e kgolo e e bokete e ne ya phamola sebopiwa ya se isa lefaufaung. Godimo, godimo, godimo, sa tsamaya, se taboga mo lefaufaung se ba katogile.

Ka nako eo, Bella le mmaagwe ba ne fetsa go goroga mo phakeng go tsamaisa Noodle. E rile fa Noodle a bona sebopiwa se akgega mo lefaufaung, o ne a simolola go bogola le go goga kgole ya gagwe. Bella o ne a leka ka thata go tshwarelela kgole ya ga Noodle, fela a e goga thata mo Bella o neng a tshwanelwa ke go e tlogela. Noodle a taboga mo gare ga phaka. Bella le mmaagwe ba taboga mo morago ga gagwe.Jaanong sebopiwa sa simolola go fologela kwa tlase go ela kwa tlhogong ya ga ratoropo fa a ne a bua le baagi! Noodle o ne a tabogela kwa ntlheng ya gagwe a ntse a tsweletse go bogola sebopiwa a se lelekisa – le Bella le mmaagwe ba ntse ba le mo morago ga gagwe.

Josh o ne a goga dikgole tsa khaete, a leka go fofisetsa sebopiwa gape kwa godimo kwa lefaufaung, fela go ne go setse go le thari. Noodle o ne a tlolela sebopiwa, a digela ratoropo mo fatshe. Dipampiri tsa puo ya ga ratoropo di ne tsa fofa tsa tlalatlala le phaka, mme batho ba simolola go tshabela dintlheng tsotlhe.

Neo, Josh, Hope, Bella le mmaagwe ba taboga go ya go thusa. Ba ne ba fitlhela ratoropo a wetse mo fatshe fa thoko ga sebopiwa Noodle a ntse a tsweletse go se bogola. Bana ba ne ba thusa go didimatsa Noodle fa mmaagwe Bella ene a thusa go emisa ratoropo.

 

Jaanong Hope a tlhalosa leano la gagwe le gore go senyegile kae. Ratoropo o ne a reeditse mme fa Hope a fetsa go bua, a mo lebelela fela … mme a simolola go tshega. “Mme jaanong, o ka ikwalela leinane la gago ka ga sebopiwa se se tshosang,” ratoropo a tshitshinya.

Le fa e le gore leano la ga Hope ga le a diragala jaaka a ne a eleditse, e ntse letsatsi le mongwe le mongwe a tla le gopolang.