Lebaka la go bo Kwena e nna mo nokeng
Home | Written stories | Multilingual stories | Lebaka la go bo Kwena e nna mo nokeng

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Lebaka la go bo Kwena e nna mo nokeng

Author

Ka L.R. Mashigo

Illustrator

Ditshwantsho ka Chantelle le Burgen Thorne

Ka letsatsi lengwe, bogologolo tala, Tau e ne ya tlhophiwa go nna kgosi ya sekgwa. Ka letsatsi leo, Pitse ya Naga e ne ya phutha diphologolo tsotlhe mme ya re, “A re direng moletlo wa go keteka go tlhomiwa ga kgosi ya rona e ntšha.” “Abo e le kgopolo e e molemo jang ne,” ga rialo Lengau. “Ke akanya gore Kwena ke ene a tshwanetseng go bina le kgosi ka letsatsi la moletlo.” “Ke dumalana le seo,” ga rialo Mokgantitshwane. “Mme fa e le gore Kwena o tla bina le kgosi, o tshwanetse go tlhapa mo nokeng gore letlalo la gagwe le nne phepa le bo le phatshime, fela jaaka la me.” Diphologolo tsotlhe di ne tsa dumalana le Mokgantitshwane. Letlalo la ga Kwena le magwata thata e bile le swabile. O ne a tlhoka go tlhapa mo nokeng gore letlalo la gagwe le nne phepa le go phatshima fa a ya go bina le kgosi e ntšha. Mme Kwena wa batho o ne a sa dumalane le seo. “Nka se kgone go tlhapela mo nokeng!” Kwena a tlhaeletsa jalo. “Ga ke ise ke ko ke tsene mo nokeng. Ga ke kgone le go thuma!” Mme ga go na ope wa diphologolo yo o neng a reetsa Kwena. Botlhe ba ne ba tswa mo kokoanong mme ba ya gae.

Kwena o ne a le nosi. O ne a tshwenyegile thata gore mongwe le mongwe o tla mo tshega fa a sa kgone go thuma. Letlalo la gagwe le ne le tla nna phepa le go phatshima jang fa a sa kgone go tlhapa mo nokeng? Mme a akanya ka leano. “Ke tla ya kwa nokeng bosigo fa mongwe le mongwe a robetse. Mme ga go na ope yo o tla mponang ke leka go thuma.” Bosigong joo, fa diphologolo tsotlhe di ne di robetse, Kwena o ne a ya kwa nokeng. O ne a akanya gore ga go na ope yo o mmonang, mme o ne a lebetse gore Morubisi o nna a thantse bosigo! Morubisi o ne a lebeletse fa Kwena a relela ka kelotlhoko mo teng ga noka mme a ithuta go thuma. Mme Morubisi o ne a didimala a re tu.

Kgabagare letsatsi la moletlo le ne la goroga. Diphologolo tsotlhe di ne tsa phuthega mo lefelong la kokoano. “A go na le mongwe yo o itseng gore Kwena o kae?” Mokgantitshwane a botsa jalo a ntse a lebaleba. “Ke solofela gore o phepa e bile o a phatshima gore a tle go bina le kgosi.” Mme go ne go sena ope yo o itseng gore Kwena o kae. Mme Morubisi a re, “Ke akanya gore ke itse gore o kae. Ntateleng!” Diphologolo tsotlhe di ne tsa latela Morubisi fa a ntse a fofa go ya ntlheng ya noka. Fa ba fitlha kwa nokeng, ba ne ba fitlhela Kwena a lebega a galefile e bile a hutsafetse. O ne a ntse mo nokeng ka malatsi a le mantsi, mme letlalo la gagwe ga le ise le nne phepa e bile ga le phatshime le eseng. “Tsweetswee tswa mo nokeng,” diphologolo tsotlhe tsa goa jalo. “Moletlo o tla tloga o simologa mme o tshwanetse go bina le kgosi!”

“Nnyaa, nka se ka!” ga araba jalo Kwena. “Mme fa go na le bangwe ba ba ka atamelang mo nokeng, ke tla ba ja. Lo nkgalefisitse thata lotlhe.” Mme ke ka lebaka leo, le gompieno, Kwena a nnang mo nokeng. Letlalo la gagwe le sa ntse le le magwata mme o sa ntse a galefile. Mme ga go na ope wa diphologolo yo o mo atamelang. Botlhe ba boifa tota gore Kwena a ka nna a ba ja!

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  • Kwena o ne a tshaba gore diphologolo tse dingwe di tla mo tshega, ka jalo o ne a ya kwa nokeng a le nosi. A o akanya gore go siame go ya gongwe o le nosi o sa bolelele tsala kgotsa leloko lengwe la lelapa gore o tla bo o le kae?
  • Ke eng fa Kwena a ne a galefetse diphologolo tse dingwe? A o akanya gore o ne a na le lebaka le le utlwalang la go galefa? Ke eng fa go sa siama go nna o galefetse batho ba bangwe ka nako e telele?