Letsatsi la Baatleletiki ba Sekolo sa Poraemari sa Ditshenekegi
Home | Written stories | Multilingual stories | Letsatsi la Baatleletiki ba Sekolo sa Poraemari sa Ditshenekegi

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Letsatsi la Baatleletiki ba Sekolo sa Poraemari sa Ditshenekegi

Author

Ka Karen Louise Olivier

Illustrator

Ditshwantsho ka Vian Oelofsen

Letsatsi la phakela le ne le phatsima thata fa Lulu a ntse a dutse mo letlhareng la bojang mo lebaleng la motshameko la sekolo sa bone. Gompieno e ne e le letsatsi la baatleletiki kwa sekolong sa Poraemari sa Ditshenekegi. Lulu o ne a itumetse thata. O ne a na le seabe mo motshamekong wa go tlolela kwa godimo. “Matsetse a kgona go tlolela kwa godimo thata!” a goa jalo fa a ntse a tlolela mo lejeng, go tswa foo a tlolela mo kalaneng mme a tlolela gape mo kaleng ya setlhare se se gaufi.

Lulu o ne a lebelela kwa tlase a le mo setlhareng mme a bona ditshenekegi tse dingwe di ipaakanyetsa go siamela ditiragalo tsa letsatsi leo. Ditshenekegi tsotlhe di ne di ikutlwa di itshepa ka gonne di ne di ntse di ikatisa thata go siamela letsatsi la gompieno.

Tsiekgope o ne a otlolola maoto a gagwe a kwa morago. “Maoto a me a nonofile thata. Ke akanya gore ke tla dira sentle mo motshamekong wa go tlolela kgakala gompieno,” a rialo. “Ke akanya gore ke tla fenya kgaisano ya me,” ga rialo lefele fa a ntse a ja senathwana sa gagwe sa bofelo sa sephaphatha mme a iphimola molomo ka lephuka la gagwe.

                                                                                                                                                                 

Dragonfly, Montsana, Notshi le Ntshi di ne tsa phaphata diphuka tsa tsone fa di ntse di ganetsana ka gore ke mang yo o ka kgonang go fofela kwa godimo thata. “Go fofela kwa godimo ke tiragalo e kgethegileng thata,” ga rialo Dragonfly. “Ga se ditshenekegi tsotlhe tse di nang le diphuka, mme rona ba re nang le tsone, re kgona go fofela kwa godimo thata. Ke akanya gore ke tla fenya sekgele gompieno.” Khukwane ya boloko o ne a itse gore a ka kgona go kgorometsa kgolokwe kgakala go feta ba bangwe ka maoto a gagwe a a kwa morago a a nonofileng. Tshoswane o ne a itse gore setlhopha sa gagwe se tla fenya kgaisano ya lobelo la neeletsano ka gonne ba ntse ba ikatisa go fetisa thobanenyana ka dikgwedi di le dintsi. Mme Serurubele o ne a itse gore a ka kgona go fofa mo godimo ga dikgoreletsi tsotlhe mo kgaisanong ya go tlola tshipi (steeplechase).

Lulu le ene o ne a ikutlwa a itshepa. “Ke tla tlolela kwa godimo go feta botlhe gompieno,” a rialo. “Zara o akanya gore a ka nkgaisa, mme ke tla fenya sekgele!” Mme fa a rialo Lulu a tlolela kwa godimo go tswa mo lekaleng la setlhare mme a wela … mo sengweng se se bobowa. “Ke fa kae?” Lulu a tlhaeletsa jalo a tlhakane tlhogo. Lulu o ne a etile mogopolo mme o ne a sa bona fa Kgabo a palama mo kutung ya setlhare.

Jaanong o ngaparetse mo boboweng jwa gagwe! Go tswa foo Lulu o ne a utlwa Mohumagatsana Podilekgwana a dira kitsiso a re, “Dumelang, dumelang. Re amogela baatleletiki botlhe, malapa a bone le babogedi ba rona! Ipaakanyeng ka gonne re tla tloga re simolola. Ke kopa gore baatleletiki botlhe ba kgobokane mo gare ga lebala, tsweetswee.” Lulu o ne a utlwa babogedi ba ba modumo ba tshega, ba opa diatla le go phaphata. Lulu le boidiidi bo ne bo sa itse gore go na le digwagwa tse di iphitlhileng kafa tlase ga matlhare a setlhare a a wetseng fa fatshe. Di ne di letetse fela nako e tshwanetseng ya gore di tswe di tlola mme di simolole go ja ditshenekegi tsotlhe tse di monate!

Ka nako eo, Lulu o ne a leka go tshikinyega gore a tswe mo boboweng jwa ga Kgabo, mme go ne go bonala seo se dira dilo maswe le go feta. Mme o ne a goela kwa godimo ka mo a ka kgonang ka teng a re, “Thusang! Thusang! A mongwe a ka thusa tlhe!” Mme go ne go sena ope yo o neng a kgona go utlwa lentswe la gagwe le le tshesane mo modumong wa ditshekenegi.

                                                                                                                                                                      

Morago ga foo Lulu o ne a utlwa Mohumagatsana Podilekgwana a re, “Basetsana ba ba tlolelang kwa godimo ba tla tloga ba simolola. Ke kopa gore mongwe le mongwe yo o batlang go nna le seabe, a ye kwa lefelong la go tlolela kwa godimo tsweetswee.” “Nnyaa tlhe,” Lulu a goa jalo. “Ke tlile go fetwa ke diragalo ya me!” O ne a leka go ragaraga gore a tswe mo boboweng jwa ga Kgabo, mme bo ne bo kitlane thata. Lulu o ne a simolola go lela.

O ne a ikatiseditse letsatsi leno thata mme jaanong a ka se kgone go nna le tshono ya go tsena mo kgaisanong. Morago ga nakwana, Lulu o ne a utlwa Mohumagatsana Podilekgwana a re, “Basetsana ba ba tlolelang kwa godimo ba dira sentle thata. Seno ke sebaka sa ga Zara sa bofelo sa go tlola. Mophakalego o kwa godimo thata. A re bone gore a o tla kgona.” Ke fa Lulu a gopola mafoko a ga mmaagwe, “Le fa go bonala go se na tsholofelo, o ka kgona go dira leano ka metlha, Lulu.” Ka jalo Lulu o ne a loga leano le le botlhale thata. “Ke letsetse,” a bua a le nosi. “Ke kgona go loma. Fa ke loma, go tla baba.” Mme ke sone se Lulu a ileng a se dira – o ne a loma Kgabo ka makgetlho a mantsi ka mo a ka kgonang ka teng. “Itshuuu!” Kgabo a goa jalo. “Sengwe se ntomile! Go baba tota.” O ne a ngapa mo go babang teng thata mo e leng gore o ne a ngapa Lulu gore a tswe mo boboweng jwa gagwe, mme o ne a tswa a fofela mo moyeng. “Ijoooo!” Lulu a goa jalo fa a fofela kwa godimo a tlola mophakalego! Zara o ne a sa dumele se a se bonang. “O tlhaga o tswa kae, Lulu? a botsa jalo a maketse.

Pele ga gore Lulu a arabe, Kgabo o ne a palelwa ke go itsetsepela mme a wa mo setlhareng. O ne a wela mo godimo ga digwagwa tse di neng tsa tshoga thata jaana mo e leng gore di ne tsa tlolela kwa le kwa gore di tshabe. Meruthwane e ne ya fofa mo godimo ga ditshenekegi tse dingwe go di sireletsa gore di se ka tsa jewa. E ne ya leleka digwagwa tsotlhe. Ka ntlha ya tlhakatlhakano eo, mongwe le mongwe o ne a akanya gore Lulu o fentse kgaisano ya go tlolela kwa godimo, mme Lulu o ne a tlhamalatsa dilo, “Nnyaa, ga ke a tlola. Kgabo o ne a dira gore ke fofele kwa godimo ga mophakalego. Zara ke ene a fentseng kgaisano ya go tlolela kwa godimo.”

Mohumagatsana Podilekgwana o ne a naya Zara sekgele. “Re a go akgola, Zara, re motlotlo ka wena,” a rialo. Go tswa foo a retologela kwa go Lulu. “Re motlotlo le ka wena, Lulu. O ile wa ikanyega mme wa tlhomamisa gore Zara o amogela sekgele. Mme gape o re bolokile mo digwagweng tse di bosula tsele! Ke akanya gore le wena o tshwanelwa ke go amogela sekgele.” Morago ga foo a naya Lulu sekgele sa go ikanyega le sa go nna pelokgale. Mongwe le mongwe o ne a opa diatla, mme Zara o ne a tlamparela Lulu ka lorato. Kwa bofelong jwa letsatsi, ditshenekegi tsotlhe di ne tsa dumalana gore ruri e ne e le letsatsi la baatleletiki le le tletseng ka ditiragalo tse dintsi go gaisa le di kileng tsa nna mo go lone!

Nna le matlhagatlhaga a leinane! 

  • Dira lenaane la ditshenekegi tsotlhe tse di mo leinaneng. (NTLHA E E KA THUSANG: Go na le ditshenekegi di le 12.) 
  • Torowa tshenekegi e o e ratang mme o bo o kwala RATA kafa tlase ga setshwantsho se o se torowileng. 
  • Jaanong torowa tshenekegi e o sa e rateng mme o bo o kwala GA KE E RATE kafa tlase ga setshwantsho se o se torowileng. 
  •  Tlhopha tshenekegi le fa e le efe. Dirisa letsopa, Peresitiki kgotsa taka go dira bopego ya tshenekegi eo.