Home | Story Library | Multilingual stories | Mogatla wa ga Haruki

Story Library

Being told stories and being read to leads children to develop the rich storehouse of language, grammar and vocabulary they need to bring to texts when learning to read and write. 
Try our multilingual stories below or send us your own stories to share with others.

Mogatla wa ga Haruki

Author

Mogatla wa ga Haruki

Translator

E ranotswe ke Opelo Thole

Bogologolo tala, mebutla e ne e na le megatla e mentle, e meleele, e mesweu mme e na le maboanyana e mebutla e neng e e tsokotla nako le nako fa e ikutlwa e itumetse kgotsa e kgatlhilwe ke sengwe. Ka nako eo, mebutla yotlhe e ne e nna mo setlhakatlhakeng, se se neng se kgaogantswe le lefatshe ke noka e kgolo, e e phophomang lofulo. Le mororo mebutla e ne e itse go thuma, e ne e ka se tsamaye e fitlhe kwa lefatsheng, gonne mo nokeng e go ne go nna dikwena tse dintsintsi, tsa mmala o motala, tse di tshwerweng ke tlala. Dikwena di ne di sa rate sepe go gaisa mmutla o o monate ka sefitlholo, dijotshegare le selalelo. Ka jalo letsatsi lengwe le lengwe bomme botlhe ba mebutla ba ne ba bolelela bana ba bona, “TSHAMEKELANG KGAKALA le dintshi tsa noka tse di nang le mošawa o montsi! TSHAMEKELANG KGAKALA le metsi!TSHAMEKELANG KGAKALA le dikwena tse di setlhogo tseo, tse di tshwerweng ke tlala!”

 

Fa fela mebutla e mennye e ne e reetsa bomme ba yona, e ne e tshela sentle e itumetse, e tlolatlola mo tlase ga ditlhare le go kumakuma majang le malomo a a neng a gola gaufi le mo mebutla e neng e nna teng. Mme fela fa mebutla e ne e gola le go tlhalefa, e ne e eletsa botshelo jwa go lekelela. “Go tshwanetse ga bo go le monate tota kwa lefatsheng!” e ne e raana jalo. “Go tshwanetse ga bo go na le dilo tse di monate tse re ka di jang kwa, le diphologolo tse dintsintsi tse di kgatlhisang tse re ka tshamekang le tsona. Ga go a siama gore re palelwe ke go ya koo!”

Ka letsatsi le lengwe, mmutla o monnye o segolo bogolo o neng o tletse matlhagatlhaga wa leina la Haruki ka bonako o ne wa nna le kakanyo e e botlhale. “Le a itse gore ke eng?” o ne a ipela fa pele ga ditsala tsa gagwe. “Gompieno ke tlile go ngwegela kwa lefatsheng!” Go ne go se ope wa ditsala tsa gagwe yo o neng a mo dumela, mme Haruki o ne a sa kgathale. “Lona ntebeleleng!” o ne a rialo, a tabogataboga mo losing lo lo tletseng mošawa la noka.

Fa Haruki a fitlha fa metsi a simololang fa teng, o ne a goeletsa ka bopelokgale, “Hee, Kgosi ya Dikwena! Tswa mo metsing! Kgosi ya Mebutla e batla go bua le wena!” Ditsala tsa ga Haruki di ne di roroma le go felelwa ke mowa fa kwena e kgolo e e nyenyang e tswela kwa ntle mo mošaweng ka mmele wa yona o o nang le maatla. Ba ne ba ise ba tsamaye ba bone sepe se se setlhogo thata jaana. Kwena e ne ya dikolosa matlho a yona ka iketlo, mme morago ka lentswe le le tebileng, le le kwa tlase ya re, “Ee, o batla ke go direla eng, setshedinyana ke wena se se matepe?”

“Tota,” ga bua Haruki ka bopelokgale, a bontsha a se na letshogo le e seng, “Ke nagana gore ke nako ya gore rona dikgosi re bapise bogosi jwa rona. Lwantlha ke tla bala dikwena tsotlhe, mme morago o ka bala mebutla yotlhe. Morago re tla kgona go bona gore ke mang wa rona yo o nang le bogosi jo bogolo.”

Kgosi ya dikwena o ne a sa kgone go dumela lesego la gagwe. O ne a akanya fela ka moletlo wa dijo tse di rokotsang mathe o a neng a le gaufi le go nna le ona fa e nna tšhono ya gagwe ya go bala. “Ke kakanyo e ntle,” a bua ka bonolo, a tsamaisa loleme la gagwe ka iketlo mo menong a gagwe a mmala o o serolwana, a a neng a le ntlha. Morago o ne a retologa mme a boela a tsena ka iketlo le ka mabela mo nokeng. Ka bonako metsi a ne a fetlhega, gonne mola o moleele wa dikwena o ne wa simolola go bopega mo morago ga gagwe mo teng ga noka.

“Ke nna yoo!” ga rialo Haruki, a nyenya a lebile ditsala tsa gagwe. O ne a tlolela mo godimo ga mokwatla wa kwena ya ntlha, a tsokotla mogatla wa gagwe fa a simolola go bala. Ditsala tsa gagwe di ne di fegelwa ka ntlha ya kgakgamalo fa di bona se a neng a se dira. “Nngwe! Pedi! Tharo!” o ne a balela kwa godimo, a tlolatlola go tswa mo godimo ga mokwatla wa kwena go ya kwa go o o latelang. “Nne! Tlhano! Thataro! Supa!” o ne a tswelela, a tsokotla mogatla wa gagwe o moleele, o mosweu ka tlhagafalo fa a tlolela gaufi le lefatshe. Morago ga metsotso e le lesome, ditsala tsa gagwe di ne di bona fela letshwaonyana le lennye, le le goeletsang le go tlola kwa kgakajana kwa.

“Somearobongwe-robedi! Somearobongwe-robonngwe! Lekgolo!” Jaanong go ne go sa tlhole go na le dikwena dipe mo pele ga Haruki – e le fela losi le le tletseng mošawa la lefatshe. Fa a tlolela kwa ntle go tswa mo godimo ga kwena ya bofelo, o ne a tshela lošalaba lwa boitumelo. “HA, HA! KE LE TSIEDITSE!” o ne a thetha fa a fofa mo moweng le go tlhoma mo mošaweng. “Dikwena ke lona le bosula le sa tswa go ntirela borogo jwa gore ke fitlhe mo lefatsheng!” Fa kwena ya bofelo e utlwa mafoko a, e ne ya retolosa tlhogo ya yona ka bogale mme ya natha ka modumo o o kwa godimo mogatla wa ga Haruki o o neng o tsokodiwa ya re GAU! Haruki o ne a lelela kwa tlase ka letshogo, mme o ne a tswelela go tlolatlola go fitlha kwa losing. Tota o ne a sa kgathalele gore o latlhegetswe ke mogatla wa gagwe gonne o ne a bone kgololesego ya gagwe. Mme le go fitlha gompieno, mebutla e na le megatla e mekhutshwane, e mekima, fela jaaka Haruki!