Lentswe la ga Kamuzu | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Lentswe la ga Kamuzu

Written stories

Lentswe la ga Kamuzu

Author

Avril Wiid

Illustrator

Jiggs Snaddon-Wood

Translator

E ranotswe ke Opelo Thole

Mo tlase ga dithabana tse ditala tsa Mpumalanga go ne go na le polasa. Mo masimong a mo go yona polasa e, pitse Kamuzu o ne a tlhola a fula ka tidimalo. Diphologolo tsotlhe tsa polasa e ne e le ditsala. Di ne di na le metlotlo e mentsi e di neng di e tlotlelana, mme fela Kamuzu ene o ne a le ditlhong. O ne a batla go bua le bona, feka o ne a sa kgone go ntsha mafoko ape. Se se ne se dira gore a jewe ke bodutu le go hutsafala.

Ka moso mongwe, Kamuzu o ne a batla go dumedisa a re “madume”, go Baas tsala ya gagwe ya tonki. O ne a bula molomo wa gagwe … fela ga se ke ga direga sepe. Lentswe la gagwe le le kima, la pitse le ne le se teng.

“Go diragala eng?” ga botsa Kamuzu. “Ke kgona go seba fela.” O ne a leka gape.

“O ne o reng?” ga botsa Baas fa a ntse a tlhafuna bojang, a latswa dipounama tsa gagwe tsa tonki tse di nang le boboa mme a tlhomile Kamuzu ka matlho. Lebaka le le nosi le a neng a botsa e ne e le gore le mororo Kamuzu a ne a butse molomo wa gagwe, go ne go tswa fela se se neng se utlwala jaaka go seba. Go ne go makatsa.

“Lentswe la me,” ga sebaseba Kamuzu. “Le ile.”

“Lentswe la gago le ile? Mme go a tshwana ka gore ga o nke o bua sepe, le tsamaile jang?” ga botsa Baas. “O se ke wa tshwenyega. Ke tla batla lentswe la gago mo moseja o mongwe wa noka.”

Ka jalo Baas o ne a tshela noka go ya kwa moseja ole. Mme, fa fela a goroga kwa teng le go utlwa monko o o monate wa bojang, o ne a lebala ka ga go batla lentswe la ga Kamuzu mme a simolola go ijela bojang.

Kwa moseja ga noka, Kamuzu o ne a akanya ka ga ditsela tsa go batla lentswe la gagwe le le tsamaileng. “Ke tla fologela kwa mogobeng,” o ne a akanya jalo. “Ke tla bula legano la me, ke tsholetsa loleme lwa me le go botsa ditlhapi gore a di kgona go bona lentswe la me mo tlase ga lona.”

Kamuzu o ne a ema fa mogobeng mme a bula molomo wa gagwe. Ditlhapi di ne tsa mo lebelela.

 

Kamuzus-voice-Pic-1-300x212

“Nnyaa, Kamuzu, re maswabi, ga go na sepe mo tlase ga loleme lwa gago. Mme, o se ke wa tshwenyega, re tla le batla kwa tlase mo mogobeng.”

Ditlhapi di ne tsa thuma, fela ka nako ya fa di tsena ka fa tlase ga malomo a mo metsing, di ne tsa bona dijo tse di monate thata mme di ne tsa lebala gotlhe ka ga lentswe le le tsamaileng la ga Kamuzu.

Kamuzu o ne a felelwa ke mowa ka khutsafalo mme a tswelela ka leeto la gagwe. O ne a batla lentswe la gagwe gotlhe fa a ntse a gataka-gataka. Morago o ne a kopana le Snorkel, kolobe, le Dozie, kgomo ya mmala o montsho le bosweu.

“O batla eng?” ga botsa Snorkel.

“Lentswe la me. Le ile,” ga seba Kamuzu.

“Ao bathong! Le kgonne jang go dira seo?” ga rialo Snorkel. “Se tshwenyege, ke tla go thusa go le batla.”

“Le nna!” ga rialo Dozie. “Re tla batla mo bojannyeng jo bo kwa moseja ole ga noka.”

Kamuzu wa batho – nako ya fa Snorkel le Dozie ba fitlha kwa bojannyeng jo bo monate kwa moseja o mongwe wa noka, ba ne ba ema le go tlhafuna le go lebala gotlhe ka ga go mo thusa go batla lentswe la gagwe.

Mebutla le yona e ne se ke ya mo tlhaga thuso epe. E ne ya solofetsa go batla ka matlho a yona a magolo a mmala o mosetlha. E ne ya solofetsa go reetsa ka ditsebe tsa yona tse di bonojana tsa mmala o mosetlha. Mme fela fa e ne e kgabaganya noka, jaaka mongwe le mongwe, se e neng e se gopola fela e ne e le tatso ya bojang jo bo monate.

Kamuzu o ne a leba ditsala tsa gagwe. “Ga go na ope yo o nthusang. Ga go ope yo o batlang. Botlhe ba samagane le go phuphura, go tlhafuna, go fula le go ja,” a sebaseba ka khutsafalo. O ne a retologa mme a simolola go tsamaya a boela kwa polaseng go tswelela ka go ipatlela ka boene. Kamuzu o ne a batla ka fa tlase ga ditlhatsana. O ne a batla mo morago ga šete. O ne a lebelela kwa godimo kwa marung mme morago a leba kwa dithabaneng.

“Ijooo, go tla sefefo! Pula e setse e simolotse go na kwa dithabaneng. Go raya gore noka e tlile go rwalela.” O ne a retologa le go taboga a boela kwa nokeng. “Ke tshwanetse go kgalema diphologolo. Mme ke kgona go seba fela, ga ba kitla ba kgona go nkutlwa.”

O ne a ema foo sebaka sa motsotso mme a utlwa marothodi a pula a wela mo mokwatleng wa gagwe. Noka e ne e setse e tletse seretse le go tlala. Botlhe ba ne santse ba samagane le go phuphura, go tlhafuna, go fula le go ja.

Kamuzu o ne a bula molomo wa gagwe, mme ga se ka ga direga sepe. Le fa e le go sebaseba go ne go sa tswe. Jaanong o ne a tshogile tota. O ne a tlhoka go dira sengwe. Fa ditsala tsa gagwe di ka leka go kgabaganya noka, di tlile go nwela tsotlhe. O ne a lebedisa tlhogo ya gagwe kwa, a tshikinya moetse wa gagwe mme a rutha lefatshe ka ditlhakwana tsa gagwe. Go ne go se ope wa ditsala tsa gagwe yo o neng a mo tsaya tsia. Metsi a ne a taboga le go elela ka lebelo le legolo mo pele ga gagwe.

Moragonyana ga foo pula e ne ya simolola go na thata le go feta. Diphologolo tsotlhe di ne tsa leba kwa godimo mme tsa simolola go tabogela kwa nokeng.

Kamuzu o ne a lebala ka lentswe la gagwe le le tsamaileng. O ne a lebala ka go nna ditlhong mme e bile a lebala le ka go hutsafala. O ne a lebagana le noka e e neng e rwaletse, a tabogela kwa go yona ka bonako ka moo a neng a ka kgona ka teng, a tlola metsi a a neng a šakgetse. Fa a tlhoma ka kwa moseja ga noka, o ne a bula molomo wa gagwe mme a goeletsa kwa godimo, “EMANG! LO SE KE LWA KGABAGANYA!”

Kamuzus-voice-Pic-2-212x300

 

Diphologolo di ne di tshogile. Di ne di ise di tsamaye di utlwe lentswe le legolo, le le kwa godimo jalo le tswa mo molomong wa ga Kamazu.

“Boang!” Kamuzu o ne a goeletsa. “Tshabelang kwa matlapeng.”

Botlhe ba ne ba sianela kwa matlapeng go thibelela teng go tswa mo puleng. Ba ne ba nna mmogo.

“O re bolokile, Kamuzu,” ga rialo Baas. “Re a leboga.”

“O bone lentswe la gago,” ga rialo Snorkel.

“Ee,” ga rialo Dozie, “go monate go go utlwa. O ntse o didimetse thata ka gale, ka jalo re ne re nagana gore ga o batle go bua le rona fela.”

“Ke ditlhong,” ga bua Kamuzu. “Ga nke ke itse gore ke re eng.”

“Mme fela re ditsala,” ga bua mebutla. “Ga o tlhoke go nna ditlhong mo go rona.”

“Go simolola jaanong,” ga rialo Baas, “re batla go go utlwa o bua. A o solofetsa gore o tla dira jalo?”

“Solofetsa! Solofetsa! Solofetsa!” ba ne ba bua ka gangwe botlhe.

Mme, Kamuzu, pitse, o ne a tsholeletsa tlhogo ya gagwe kwa loaping mme a goeletsa, “EE! EE! EE, KE A SOLOFETSA!”