Home | Story Library | Multilingual stories | Kgang ya ga Kalatshomi le Nare

Story Library

Being told stories and being read to leads children to develop the rich storehouse of language, grammar and vocabulary they need to bring to texts when learning to read and write. 
Try our multilingual stories below or send us your own stories to share with others.

Kgang ya ga Kalatshomi le Nare

Author

Kai Tuomi

Illustrator

Samantha van Riet

Translator

Sekepe Matjila

Bogologolotala, Kalatshomi o ne a na le molomo o o serolwana. O ne a nna mo ntlwaneng e e fa gare ga bojang jo boleele.

Letsatsi lengwe le lengwe o ne a phepafatsa ntlwana ya gagwe pele a ya kwa bojannyeng go iponela dijo tse a di ratang.

Maitsiboa o ne a palama mo bolaong mo sentlhageng, mpa ya gagwe e tletse ditsie tse di tala, dintsi le diboko.

Fa go le mongwe yo o ka tlang mo sebateng sa bojang jo boleele, Kalatshomi o ne a fofela kwa godimo a ba omana.

O ne a ba lomaloma a ba tena go fitlhela ba tsamaya. O ne a rata go nna a le esi, e bile o ne a sa rate go abelana le ope.

 

Ka letsatsi lengwe, fa Kalatshomi a tswile a ile go sela ditsie, a utlwa sengwe se dumela kwa tlase, jaaka modumo wa legadima le itaya mo dithabeng,

mme sengwe se thibile letsatsi.“Ke eng jaanong?” Kalatshomi a bokolela, a fofa go tswa mo bojannyeng jo boleele gore a bone sentle. Phologolo e kgolo, e ntsho ka

dinaka tse di boima e ne e tsamaya mo bojannyeng jo boleele.

 

“Dumela,” ga bua Nare. “Ga ke ise ke je sepe mo dibekeng di le mmalwa. Bojang jo boleele ke bona ke bo tlhokang. A nka fula bojang jo?”

“Nnyaya! Tsamaya!” Kalatshomi a goa. “Fa go ntse jalo, ke tlile go swa fa ke sa je sepe. Dipula di tlhokile go na ka lebaka le letelele.

Lefelo le ke lone fela le nang le bojang jo boleele mo setsheng se. A o ka ntetla go ja go le gonnye, tsweetswee?”

“A ga o a nkutlwa sentle? Tsamaya!” Kalatshomi a bua a fofa a dikologa tlhogo ya ga Nare. “Kana wena ga o je bojang,” ga bua Nare.

A bo a leka gape, “Re ka nna ra abelana bojang.” “Ga ke abelane! Ke jwa me! Jwa me! Jwa me! Jaanong tsamaya!” ga goa Kalatshomi.

Nare a sosobanya phatla a ngotla le matlho a gagwe. A šakgala thata a pena mogatla go ya kwa pele le kwa morago,

a ntse a bopa, mogatla o itaya matlhakore a mmele. “Fa e le gore o tlile go nna makgakga, ke tlile go bo tsaya.

Ke fula bojang, ke se ke se dirang, mme ke tshwerwe ke tlala, ka jalo, KE A FULA, nonyane ke wena e e makgakga,” ga bua Nare a le gaufi le go fula bojang.

“Leka fela!” ga bua Kalatshomi. “O tlile go nthibela jang? Leba gore ke mogolo jang. Le gone ka gore o makgakga, ke sweditse gore ke tlile go fula,

ke fule ke bo ke fule go fitlha ke kgora.” Ga nna modumo wa go PHUPHURA! le go MUMURA! Nare a simolola go fula.

 

Se sa tena Kalatshomi thata mme molomo wa gagwe wa fetoga wa nna mohibidu. Kalatshomi a fofa go dikologa tlhogo ya ga Nare a goa,

a gwetla, e bile a kgalema, fela Nare a tswelela go fula bojang. Ka bonako fela bojang botlhe jo boleele bo ne bo fedile.

Go utlwisa Kalatshomi botlhoko le go feta, Nare a gata ntlwana ya ga Kalatshomi ka tlhako ya gagwe e kgolo.

Kalatshomi a fofela mo mokwatleng wa ga Nare mme a simolola go kobola letlalo la ga Nare.

 

“Se ga se kitla se thusa ka sepe,” ga bua Nare. “Letlalo la me le lekima thata. Le Tau o setse a lekile go ntoma ka meno a gagwe a a bogale mme ke mo tlhotse.

Wena o monnye thata, Kalatshomi. Makgakga a gago ga a go busetsa sepe. Ke ne ke batla re abelane.” “Fela go siame jaanong,”

ga bua Kalatshomi ka lentswe le le kwa tlase. “Ke ne ke tenegile e bile ke le makgakga ka gonne e le legae la me.

Jaanong ga ke na legae le fa e le dijo – ditsie tsele tse di tala tse di monate, dintsi le diboko tse di neng di nna mo bojannyeng di ile! Tsotlhe fela di ile.”

 

Nare a leba Kalatshomi gape, yo o neng a lela jaanong, jaanong a lebelela mo lebaleng le le senang bojang le ntlwana e e thubegileng.

“Ke maswabi fa ke thubile ntlwana ya gago,” a bua jalo, “fela nka dira sengwe go go thusa. Ke tshwenngwa ke ditshenekegi, o a bona.

Leba fela mokwatla wa me. Go na le ditshenekegi di le dintsi tse di iketlileng di saila mo godimo ga me.

O ka nna wa di ja, e bile nka itumela fa mongwe a ka ntlosetsa ditshenekegi tse.”

Kalatshomi a leba mmele wa ga Nare kwa godimo le kwa tlase mme a bona ditshenekegi tsotlhe tse dinnye di kgomaretse mo letlalong la ga Nare.

Kalatshomi a tshwarwa ke tlala, fela a tenwa ke gore a direle Nare molemo morago ga botlhoko jo Nare a mo utlwisitseng bona.

Molomo wa gagwe o o serolwana wa fetoga bohibidu le go feta.

 

“Sa ntlha o jele bojang jo bo monate jwa me!” Kalatshomi a goa. “Fa o fetsa wa thuba ntlwana ya me.

O gatile le go robakanya dithulelo tsa ntlo ya me ka tlhako ya gago e kgolo! Jaanong o batla ke go direle molemo ka go ja ditshenekegi mo mokwatleng wa gago!”

O ne a ya kwa godimo le kwa tlase mo mokwatleng wa ga Nare, a ntse a kobola ditshenekegi a ntse a bua. “Ruri o Nare e e bosula e nkileng ka e bona!

Jaaka e kete ke tla go thusa,” a bua jalo molongwana wa gagwe o tletse ditshenekegi.

Nare o ne a tsholetsa magetla a gagwe ka bonya mme a tsamaya le Kalatshomi a palame mo mokwatleng wa gagwe, a omana a ntse a ja ditshenekegi.

Le gompieno ba tswelela fela jalo, fela Kalatshomi ga a ise a itshwarele Nare, mme molomo wa gagwe o o serolwane o ne wa fetogela leruri go nna mohibidu.