Ka moo o ka nnang mogaka wa bagaka
Home | Written stories | Multilingual stories | Ka moo o ka nnang mogaka wa bagaka

Written stories

Ka moo o ka nnang mogaka wa bagaka

Author

Bubele Retshe

Illustrator

Jiggs Snaddon-Wood

Translator

Sekepe Matjila

Timo o ne a nna mo motsaneng o o neng o dikanyeditswe ke dithaba, lebopo le le tala le dikgwa tse dintle, fela lefelo le o neng a le rata go gaisa ke kwa phakeng. O ne a rata lefelo

le ka gonne fa a le mo go lona o ne a ikutlwa jaaka mogaka wa bagaka fa a taboga, a palama setshamekiswa sa tshidilo mmele le fa a pitika mo godimo ga modikolosa.

Letsatsi lengwe le lengwe fa Timo a tla gae go tswa sekolong, o tla apola yunifomo ya sekolo a bo a ja sangweje e e monate e a e diretsweng ke nkokoagwe. Fa a fetsa a bo a dira tiro ya sekolo, mme fa a fetsa, o tla bo a tabogela kwa ntle a goa, “Nkoko, Nkoko, ke nako ya go tshameka!”

Mme Nkoko o tla mmitsa, “Timo, ema! Ga o batle ke go buisetsa leinane?”

“Nnyaa, Nkoko, ke batla go tshameka le go batlisisa,” Timo o tla araba, a setse a le mo tseleng go kopana le ditsala tsa gagwe tse di mo emetseng mo ntle.

“Go na le mafelo a le mantsi a o ka a batlisisang mo dibukeng tsa mainane, Timo,” Nkoko a bo a rialo. “Dibuka di ka go ruta dilo di le dintsi tsa bo tsa go isa kwa mafatsheng a le mantsi a o seng o ye kwa go one.”

Timo a bo a tshega mme a re, “Nkoko, dibuka ga di kitla di nkisa gope. Ke dikoloi fela tse di ka dirang jalo!” A bo a taboga ka lebelo mo mmileng a ya kwa phakeng le ditsala tsa gagwe.

Tsatsi lengwe motshegare, tsala e kgolo ya ga Timo, e bong Ben, o ne a mo emetse kwa ntle.“He, Timo, a o ipaakanyeditse go tshameka?” ga botsa Ben.

“Ke nna ke ipaakantse ka dinako tsotlhe,” ga bua Timo a taboga mo mmileng le tsala ya gagwe e kgolo. Bobedi jwa bona bo ne bo batla go goroga kwa phakeng pele ga botlhe.

Fa ba fitlha koo, ditsala dingwe tsa ga Timo di ne di ba emetse. Pamela o ne a ntse mo

moswinking a lela, mme Noma le Siya ba ne ba ntse gaufi le ene. Ba ne ba lebega ba tshwenyegile.Timo a atamela go tlhotlhomisa se se diragetseng. “Go diragetseng eng ka Pamela?” a botsa.

“O ne a le mo moswinking mme Siya a o kgorometsa thata ka phoso. Pamela a wa mo moswinking mme jaanong lengole la gagwe le tswa madi,” Noma a tlhalosa.

“Nnyaa tlhe! Re tlile go dirang?” ga botsa Ben.“Go siame, ke itse gore re tshwanetse go dira eng,” ga bua Noma a tsaya kgetsana ya gagwe e e belegwang mme a ntsha kgetsana mo go yona.

“Ke eng seo?” ga botsa Timo.“Ke kgetsana ya thuso ya potlako. Ke tla phepafatsa lengole la ga Pamela mme ke tla kgomaretsa polasetara gore a ikutlwe botoka,” ga bua Noma.Ditsala di ne di gakgametse gore Noma o itse sentle se a neng a tshwanetse go se dira. Fa a

fetsa go mo tsenya polasetara, Pamela a re o ikutlwa botoka mme e bile o batla go tswelela

go tshameka. Ditsala tsotlhe di ne di itumetse e bile ba gololesegile mme ba leboga Noma.Bana botlhe ba tabogela mo setshamekisweng sa tshidilo – ntle le Timo. O ne a ipotsa gore

Noma o itsitse jang gore o ne a tshwanetse go dira eng. O ne a batla go itse gore o ka ithuta

ka dilo di tshwana le tse ka gonne mogaka wa bagaka o tshwanetse go itse gore a ka thusa

batho jang!

Timo a ya kwa go Noma, fa a palameng teng mme a botsa, “Noma, o itsitse jang gore o direng?”Noma a nyenya mme a re, “Ke buisitse mo bukeng ya mainane.”

“O itsitse tsotlhe tse ka go buisa buka ya mainane?” ga botsa Timo. O ne a sa itse gore a dumele se Noma a mmolelelang sona.

“Ee, Timo. Ke batla go nna ngaka fa ke gola gore ke kgone go thusa batho. Fa ke buisa dibuka tsa mainane, ke ithuta ka gore dingaka di thusa batho jang,” ga bua Noma.

Timo o ne agakgametse! “Ke batla go nna mogaka wa bagaka gore ke kgone go thusa batho le nna. A o akanya gore dibuka tsa mainane di ka nthusa?” a botsa.

“Ee, tota!” ga bua Noma. “Dibuka tsa mainane di ka go ruta dilo di le dintsi. O ka iponela tsona kwa laeborari mme wa simolola go buisa.”

Mo letsatsing le le latelang, fa a goroga kwa gae go tswa sekolong, Timo a apola yunifomo

ya sekolo mme a ja sangweje e e monate e nkokoagwe a mo diretseng yona. Fa a fetsa a dira tiro ya sekolo.

E ne e le gona a fetsang fa Nkoko a mmitsa. “Timo, ditsala tsa gago di gorogile. Ba go emetse gore o ye kwa phakeng le bona.”

“Tsweetswee ba bolelele gore ke tla ba bona nakonyana e e tlang, Nkoko,” Timo a araba.Nkoko o ne a sa dumele ditsebe tsa gagwe! Timo ka gale o ne a itlhaganela go ya kwa phakeng. “Goreng o sa tsamaye gona jaanong?” a botsa.

“Ke batla gore o mpuisetse leinane pele ke tsamaya, tsweetswee,” ga bua Timo.

Nkoko a nyenya ka boitumelo. Ke dikgakgamatso! Goreng o batla ke go buisetse leinane

gompieno?” a botsa.“Ka gonne Noma a re mainane a ka nthuta gore ke nne mogaka wa bagaka le gore ke thuse ditsala,” Timo a bua a tlolatlola ka boitumelo.

“O ke mosimane wa me!” ga bua Nkoko a tsaya buka ya mainane.

Jaanong, Nkoko le Timo ba nna fa fatshe mmogo mme ba buisa buka ya mainane – ba buisa e nngwe, le e nngwe gape. Ba dira se motshegare mongwe le mongwe, pele Timo a ya go tshameka kwa phakeng, a kopa Nkoko go mmuisetsa.