Lolo o baakanya inthanete
Home | Written stories | Multilingual stories | Lolo o baakanya inthanete

Written stories

Lolo o baakanya inthanete

Author

Kgosi Kgosi

Illustrator

Vian Oelofsen

Lolo e ne e le mosetsanyana yo o botlhale yo o neng a dula kwa motseng wa Batswana. Motse o montle o o ne o sa tshwane le ope mo lefatsheng. Batho ba koo ba ne ba le botlhale thata mme ba ne ba gatetse pele ka tlhabologo. Lolo o ne a le botlhale go ba feta botlhe. Mo motseng wa ga Lolo, inthanete e ne e le sediriswa se se botlhokwa thata. Fa o ne o ka etele motse, o ne o tla bona bana ba sekolo ba dirisa dikhompiuthara tsa bone go batla tshedimosetso e ba e tlhokang go fetsa tiro ya bone ya sekolo. Batho ba le bantsi ba ne ba na le dikoloi tse di neng di kgona go fofa mme ba ne ba laola dikoloi tse ka go dirisa inthanete. Batho ba ne ba dirisa inthanete mo go SENGWE LE SENGWE!

 

Mme ka letsatsi le lengwe – PHAA! Ka ponyo ya leitlho inthanete e ne e ile. Mongwe le mongwe o ne a akanya gore e tsamaile nakwana fela le gore e tla boa e dira gape, fela ba ne ba fositse. Kgosi le kgosigadi ya motse ba ne ba dira pegelo mo diteišeneng tsa baagi tsa thelebišene le seyalemowa. Ba rile inthanete e tla bo e se teng ka lobaka lo loleele. Mongwe le mongwe mo motseng o ne a maketse. Lolo o ne a lebelela ka go makala jaaka ngwana mongwe le mongwe kwa sekolong a ne a tshogile. “Matshelo a rona a fedile!” ga goa mongwe wa ditsala tsa ga Lolo a mo tshwara ka magetla. Mongwe wa barutabana ba ga Lolo a tabogela kwa ntle ga phaposiborutelo, a mo tshwara ka seatla mme a re, “Dira sengwe, Lolo. Ke wena o leng botlhale.” Mme morutabana a tsamaya a lela.

 

Lolo o ne a sa tlhaloganye gore bothata e ne e le eng. “Mongwe le mongwe o itshwere e kete lefatshe le tla bokhutlong!” a akanya. A swetsa gore mo letsatsing le le latelang o tla etela kgosi le kgosigadi go utlwa ka ga bothata jo. Fa Lolo a goroga kwa Ntlong ya Bogosi, o ne a amogelwa ka galase ya mašwi a a bothito le sejana sa dibisikiti tsa tšhokolete. Lolo o ne a ja dingwe tsa dibisikiti fa a letile kgosi le kgosigadi. E ne e le dibisikiti tse di monate thata tse a kileng a di ja. Kgosi le kgosigadi ba goroga mme ba dumedisa Lolo. Ba ne ba simolola go bua ka mathata a a mo motseng. Kgosigadi a tlhalosa gore mathata e ne e le sathalaete e e kgakala, kgakala – tsela yotlhe go ya kwa lefaufaung!

 

“Ka jalo,” kgosigadi a rialo, “ga e se fela motse wa rona, mme le lefatshe lotlhe ga le na inthanete.” Kgosigadi jaanong a tshwara Lolo ka seatla mme a re, “Ngwanaka, re batlana le motho yo o botlhale thata go tsena mo sesutlhalefaufaung sa bogosi, a ye kwa lefaufaung mme a baakanye sathalaete.” “Lolo,” kgosi a rialo, “ke wena fela motho yo a ka dirang tiro e! Fa o ka dira se, o tla bo o thusitse lefatshe lotlhe.” Lolo o ne a tlala boitumelo gape a tshoga ka nako e le nngwe. O ne a buisitse gore go ya kwa lefaufaung ke selo se se kotsi, fela a dumela go ya.

 

Ka malatsi a mantsi, mosetsanyana o ne a dira gaufi le badiri ba lefaufau go ipaakanyetsa loeto lo lo kgethegileng lo. O ne a ithuta go fofisa le go laola sesutlhalefaufau mme a ithuta le go kokobala mo leafufaung. Ka nakwana Lolo o ne a siametse go fofela kwa lefaufaung. Ka letsatsi le Lolo o neng a tsamaya ka lone, mongwe le mongwe o ne a le teng go lebelela. Batho ba ne ba latlhela ditšheše mo go ene go mo eleletsa masego. Bangwe ba ne ba opela dipina tsa thotloetso. Lolo o na a utlwa lorato.

 

Lolo o ne a palama mo sesutlhalefaufaung mme badiri ba setegeniki ba tshuba dienjene. Mo nakong e e latelang, sesutlhalefaufau sa tlogela Lefatshe. Morago ga go fofa nako e e telele, sesutlhalefaufau sa goroga kwa seteišeneng sa lefaufau. Lolo o ne a kgona go bona sathalaete go tswa kwa ntle ka letlhabaphefo. O ne a ikgolaganya le kgosi le kgosigadi a dirisa mofuta o o kgethegileng wa seyalemowa go ba itsise gore o gorogile sentle. Mongwe le mongwe kwa gae o ne a keteka mme le batsadi ba gagwe ba ne ba itumeletse gore ngwana wa bone o ne a tshela mme o siame.

 

Fela loeto ga lo a tsamaya ka moo go neng go solofetswe. Ka malatsi a mantis Lolo o ne a sa kgone go bona gore molato o fa kae. O ne a itse gore katlego ya loeto e ne e le mo matsogong a gagwe mme a sa batle go swabisa batho botlhe. Kwa botkhutlong dijo le metsi tsa setlhopha sa lefaufau tsa simolola go fela. Loeto lo ne lwa simolola go ketefala, fela mosetsanyana yo o botlhale a tswelela go dira ka natla, go fitlhela ka letsatsi lengwe … o ne a tla ka tharabololo! Nngwe ya megala ya sathalaete o ne o šele mme go tlhokega o mošwa. Fa Lolo a fetsa go dira seo, inthanete e ne ya boa! Mongwe le mongwe mo motseng wa gagwe le go ralala lefatshe ba keteka.

 

Morago ga loeto lo lo thata, mme le atlegile, Lolo o ne a boela gae. E ne e le mogaka! Kgosi le kgosigadi ba ne ba le motlotlo ka ene mme ba mo abela metlele wa tlotla mme ba teelela ngwana wa bone ka ene.