Leinane le le makatsang la ga Zimkhitha yo o kokobetseng | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Leinane le le makatsang la ga Zimkhitha yo o kokobetseng

Written stories

Leinane le le makatsang la ga Zimkhitha yo o kokobetseng

Author

Helen Brain

Illustrator

Magriet Brink

Translator

E ranotswe ke Opelo Thole

Go kile ga nna le mosetsana leina la gagwe e le Zimkhitha yo o neng a se ke a emisa go tshega. O ne a galefisa rraagwe. Ka letsatsi le lengwe o ne a kgweetsa sejanaga a mo isa gae go tswa kwa sekolong. Fa a simolola go tsena mo tseleng e e lebang gae, o ne a setse a utlwile! O ne a emisa koloi.

“A o tlile go emisa go tshega kgotsa a o tlile go tsamaya ka maoto go ya kwa gae?” o ne a botsa. Mme fela Zimkhitha o ne a tshegela kwa godimo le go feta.

“Go siame,” o ne a rialo, “o ka nna wa tsamaya wa ya gae ka maoto.” O ne a mo folosa mo sejanageng mme ene a kgweetsa go ya gae.

floating-1-fin-228x300

“Zimkhitha o kae?” go ne ga botsa mmaagwe fa rraagwe a tsena mo mojakong o o kwa pele. “Ke apeile dijo tse a di ratang thata tsa selalelo.”

“Ao mmaabo,” rraagwe a rialo. “Ke dirile gore a tle gae ka maoto go tswa kwa tsela e retologang teng gonne o ne a sa batle go emisa go tshega.”

“Ngwanake yo ke mo ratang?” ga lela mmaagwe Zimkhitha. “O dirile gore ngwanake yo ke mo ratang a tle gae ka maoto? A le nosi? Re tshwanetse go tsamaya re ye go mmatla.” Ba ne ba batla ba be ba batla, mme go ne go se motlhala wa ga Zimkhitha.

“O mo tlogetse kwa kae?” Mme o ne a botsa. “O kae, Ron?”

“Ao mogatsaka,” go ne ga buela rraagwe Zimkhitha kwa tlase, a tlhola ka fa tlase ga setlhatshana sengwe le sengwe le mo godimo ga setlhare sengwe le sengwe.

“Zimkhitha!” ga bitsa mmaagwe. “O kwa kae?”

Mosadi o ne a emisa sejanaga sa gagwe. “A nka go thusa?” a botsa.

“Re timeletswe ke mosetsana wa rona yo monnye,” ga bua mmaagwe Zimkhitha. “A o mmone?”

Mosadi o ne a kgweetsa go dikologa mo lefelong la bona mme a boela fa go bona go ba begela, “Ke bone katse e ntsho, le ntšwa e e serolwana, le monna yo o rekisang dipanana. Fela ga ke a bona mosetsana yo monnye gope.”

Rraagwe Zimkhitha o ne a lebelela kwa godimo, mme kwa ga bo go le Zimkhitha, a kokobetse kwa godimo, kwa godimodimo mo loaping fa godimo ga bone, jaaka balune e kgolo e pinki.

“Bathong wee!” ga rialo Mme a maketse. “Go tlile jang tota gore a fitlhe kwa godimodimo kwa?”

Mosadi yo o pelonomi o ne a lebelela mo loaping, a lebeletse jaaka Zimkhitha a tsena le go tswa mo marung. “A mme … o a tshega?” a botsa.

“Zimkhitha o a tshega ka gale,” ga bua mmaagwe le rraagwe mmogo ka nako e le nngwe. “Ga re kgone go mo emisa. Reetsa.” Go tswa kwa godimo, kwa godimodimo mo loaping setshego sa ga Zimkhitha se ne se tsidima jaaka tleloko e nnye.

“Ao nnyaa tlhe!” ga lela mmaagwe, jaaka e kete o gamola sengwe ka diatla tsa gagwe. “A ka nna a wela mo lewatleng.”

“Kgotsa, mo setlhatshaneng sa ditšheše tse di mebutlwa,” ga lela rraagwe.

“Ke rasaense,” ga bua mosadi yo o pelonomi, “mme nngwe ya dilo tsa ntlha tse re di ithutang ke gore mowa o a kokobala. O tshwanetse a bo a meditse mowa o montsi thata ka ntlha ya go tshega mo e leng gore o dirile gore a kokobale kwa godimo jaaka balune.”

“Ijooo, ijoooo,” ga lela batsadi ba ga Zimkhitha.

“Go na le tsela e le nngwe fela ya go dira gore a fologe,” ga rialo mosadi yo o pelonomi. “Re tshwanetse re dire gore a lele.”

“Ao tlhe Mma,” ga rialo mmaagwe. “Seo ga se bonolo. Ke ngwana yo o ratang go tshegatshega thata.”

“Re tshwanetse go goeletsa sengwe se se utlwisang botlhoko kwa go ene,” ga bua rraagwe Zimkhitha, a lelela mo sakatukung ya gagwe.

“Re tlhoka batho ba bantsintsi gore ba goeletse botlhe ka gangwe,” ga bua mosadi. “A ka se utlwe fa e le rona fela re le bararo.” Ka jalo ba ne ba kokota mo mejakong yotlhe, mme ba kopa batho go tswela kwa ntle. Rraagwe Zimkhitha o ne a emisa pharakano mme a kopa batho botlhe go tla go thusa. Ka bonako go ne go kokoane boidiidi jwa batho, mme ba ne ba supa le go dumedisa le go tsaya Zimkhitha ditshwantsho ka diselulafounu tsa bona.

Zimkhitha o ne a tshega le go tshega. Mo go ene e ne e le sengwe se se tshegisang thata se a neng a ise a tsamaye a se bone gope.

“Re tlile go bua re re eng go mo dira gore a lele?” ga botsa mosadi yo o pelonomi.

“Ke a itse!” ga rialo rraagwe Zimkhitha, mme a ba bolelela gore ba bue ba reng.

“Nngwe, pedi, tharo, jaanong rotlhe …” ga laela mosadi yo o pelonomi.

Mme ka seo, setlhopha sa batho se ne sa kaya kwa loaping mme sa goa, “Hee, Zimkhitha! Re kgona go bona ka fa tlase ga mosese wa gago!” Kgakala kwa godimo mo marung Zimkhitha o ne a ba utlwa. O ne a lebelela kwa tlase mme a bona ba le makgolo a matlhano ba supile mosese wa gagwe, mme a emisa go tshega.

O ne a kokobala go ela kwa tlase. Fela fa a fologa maru a ne a mo tshikitla, mme a akanya gore go monate jang go nna kwa godimo kwa kgakala thata jaana fa batho ba bangwe botlhe ba le kwa tlase kwa. Mme o ne a simolola go tshega gape.

“Ao bathong,” ga rialo rraagwe. “Leano leo ga le a dira.”

“Ke a itse!” ga rialo mmaagwe. “Mmolelele gore re kgona go bona penti ya gagwe e e nang le marontho.”

Ka jalo setlhopha sa batho se ne sa tsaya mowa kgakala mme ka mantswe a bone otlhe ba goeletsa, “Hee, Zimkhitha! Re kgona go bona penti ya gago e e marontho!”

 

panties

 

Mme Zimkhitha o ne a emisa go tshega le go kokobala a fologela kwa tlase dimetara tse sometlhano. Fela fa a leba pharakano e ntsintsi e e sa suteng le setlhopha sa babegakgang ba TV le diketekete tsa batho ba ba mo lebileng, o ne a simolola go tshega gape. Mme o ne a ya kwa godimo gape.

Mosadi yo o pelonomi o ne a tshikinya tlhogo ya gagwe. “Re tlile go tlhoka go nna setlhogo go feta,” o ne a rialo a tiisitse lentswe. “Nako nngwe le nngwe go tloga jaanong o tla tshwarwa ke phefo, mme o tla fofela kgakala leruri. Ke eng se se botlhoko se le naganang gore re ka se mo raya?”

 

Ba ne ba kopanya ditlhogo botlhe mme ba akanya ba be ba akanya. Kwa bokhutlong ba ne ba tla ka leano.

 

“Rotlhe jaanong,” ga goeletsa rraagwe Zimkhitha, a eme mo godimo ga Mercedes Benz. “Mongwe le mongwe a goeletse kwa godimo ka moo a ka kgonang ka teng, ka gangwe.”

 

Mme setlhopha sotlhe sa batho ba ka nna dikete di le nne, le ntšwa e serolwana, le katse e ntsho, le monna yo o rekisang dipanana ba ne ba goeletsa botlhe ka gangwe, “HEE ZIMKHITHA! RE KGONA GO BONA PENTI YA GAGO, E NA LE LEROBA!”

 

floating-2-fin-179x300sky

Mme Zimkhitha o ne a emisa go tshega.

O ne a fologa. A fologela kwa tlase, tlase, tlase. Kwa tlase le kwa tlase thata, le kwa tlase thata, go fitlhelela a batla a kgoma lefatshe.

“Ngwanake yo montle!” ga lela mmaagwe, a phamola maoto a gagwe le go mo goga a mmusetsa mo Lefatsheng. “Ke lebogela gore o babalesegile!”

Zimkhitha o ne a leba setlhopha sa batho ba bantsintsi ba ba neng ba itumetse le go opa diatla. O ne a tlhabilwe ke ditlhong thata mme a khurumetsa sefatlhego sa gagwe le go sianela kwa gae.

“Ao bathong,” rraagwe a rialo. “Re mo utlwisitse botlhoko. O utlwile botlhoko.”

Ka jalo batho ba ne ba kopanya ditlhogo gape mme ba akanya ka ga selo se se siameng se ba ka se buang go mo itumedisa.

“Rotlhe jaanong,” ga kopa mmaagwe.

Mme ba ne ba goeletsa, “HEE, ZIMKHITHA! RE NE RE DIRA MOTLAE FELA!”

Zimkhitha o ne a emisa go taboga.

“RE A GO SOLOFETSA!” ba ne ba goeletsa botlhe. “RE NE RE SA KGONE GO BONA PENTI YA GAGO, KA GONNE O APARE BORUKGWE JO BOPINKI!”

Mme Zimkhitha o ne a simolola go tshega.

“Ijoo, mo tshwareng ka bonako,” ga goa mmaagwe.

Mme ba ne ba dira jalo. Fela ka nako.