Olwethu, e leng okotopase, o ne a ikhutsitse kafa tlase ga lengope la lefika mo phulung e kgolo gaufi le lotshitshi lwa lewatle. O ne a tshogile. O ne a ise a ko a nne kgakala jaana go tswa mo phulung ya gagwe e e mo matlapeng a a kafa tlase ga lewatle. O ne a ikutlwa a sireletsegile mo matlapeng a a kafa tlase ga lewatle, mo a fitlhegileng kgakala le lotshitshi lwa lewatle le mo bathong gone. Mme malatsinyana a sekae a a fetileng, ntsalae e bong, Oscar, o ne a mo gwetlha gore a dire sengwe se sesha le ene mme ba ye go sekaseka diphulu tse di leng gaufi le lotshitshi lwa lewatle. “Go lapisa tota fano. Ke batla go bona lefatshe. Tsamaya le nna, Olwethu,” a rialo.
Olwethu o ne a mo rapela gore a se ka a tsamaya, mme Oscar o ne a se nke a mo reetsa mme ka metlha o ne a dira fela se a se ratang. Gone jaanong, e setse e le malatsi a sa bonale. Ke ka lebaka leo Olwethu a ileng a swetsa go ya go mmatla. Go mmatla ga gagwe go dirile gore a fitlhe mo phulung eno e e gaufi le lotshitshi lwa lewatle mo, kgabagare, a ileng a kopana le ditshedi tse dingwe tsa lewatle tse di ka kgonang go mmolelela gore go diragetse eng ka Oscar. O ne a batla thata go bona dilo tse disha mo e leng gore go ile ga mo tsenya mo mathateng,” ga rialo tlhapinaledi ka bohutsana. Ditlhatsana tsa lewatle di ne tsa tshikinya maoto a tsone go dumalana le seo, “Re ne ra mo tlhagisa gore a nne kelotlhoko mo dilong tse di nang le mebala e e galolang tse di lepelelang mo metsing,” ba rialo. Lekakaie la hermit le ne la ntsha tlhogo ya lone mo kgapetleng ya lone mme la re, “Motshwaratlhapi o ne a itumetse tota go bo a tshwere okotopase.” Olwethu o ne a hutsafetse tota.
O tla tshwanelwa ke go boela kwa phulung ya gagwe e e mo matlapeng a lewatle a le nosi. Mme, fa a ntse a kokobala mo metsing kafa tlase ga lengope, a akanya kafa a tlhologeletsweng Oscar ka teng, a sa lebelela, o ne a utlwa mantswe a batho. Fa Olwethu a okomela, o ne a bona mosetsanyana, mmaagwe le nkoko wa gagwe gaufi le phulu. Ba ne ba lebile mo metsing. Fa Olwethu a iphitlha kafa tlase ga lengope, o ne a utlwa nkoko a goa a re, “Viwe, bona, go na le okotopase! A o kgona go e bona kafa tlase ga lengope?” Olwethu o ne a fetola mmala wa gagwe ka bonako gore a tshwane le mafika le mefero e e mo dikologileng. Mme Viwe o ne a setse a mmone. “Ee! Bona, ke akanya gore e leka go iphitlha,” a rialo, a supa mo Olwethu a neng a le teng.
Fa a gopola se se diragetseng ka Oscar, Olwethu o ne a swetsa go sianela kwa lefelong le le sireletsegileng. Ka bonako jaaka legadima, o ne a tswa kafa tlase ga lengope mme a iphitlha kafa tlase ga lefika le legolwane. Mme o ne a tshoga, mosetsanyana o ne a lelesela mo metsing mme a dula mo lefikeng le legolo, gone mo godimo ga le Olwethu a neng a iphitlhile mo go lone. Mosetsana yono o ne a tshwere sengwe se se nang le mmala o o galolang mo letsogong la gagwe, mme Olwethu o ne a sa itse gore ke eng.
Ka gale Olwethu o ne a rata mebala e e galolang. Phulu ya gagwe kwa matlapeng a lewatle e ne e na le mebala e e galolang. E ne e tletse ka ditlhatsana tsa lewatle tse dikhibidu, di-chitin tse di phatsimang, mefero e metala ya lewatle le ditlhapinaledi di le dintsi. Olwethu o ne a tlhaloganya gore Oscar o ile a ngokiwa jang ke dilo tsa mebala e e galolang tse di neng di gokeletswe mo letloweng le motshwaratlhapi a neng a le dirisa go mo tshwara. Go tswa mo a neng a iphitlhile teng Olwethu o ne a bona selo sa mmala o o galolang o pinki se fologela mo metsing fa thoko ga gagwe. Kwantle ga go akanya, o ne a ntsha lengwe la maoto a gagwe a maleele ka iketlo a bo a le thathelela mo selong seo mme, fa a bona go sa direge sepe, a simolola go thathelela leoto mo go sone. Mme a utlwa mosetsanyana a goa a re, “Bona, Mama, okotopase e tshware senokele sa me.” Olwethu o ne a tshoga thata jaana mo e leng gore o ne a tshwara selo seo thata le go feta. Mosetsanyana o ne a ya kwa tlase mme a phamola senokele sa gagwe. Fa mosetsanyana a utlwa senokele se gogiwa, le ene a se goga.
“Mama, okotopase e gana go tlogela senokele sa me!” Viwe a rialo, a simolola go tshoga. “Ijoo,” Olwethu a akanya ka bonako, “ke simolola go tsenwa ke boeleele fela jaaka Oscar! Fa ke se kelotlhoko thata, le nna ke tla tshwarwa!” A tlogela selo seo ka bonako. Senokele se ne sa kokobala se phasaganya mo godimo ga metsi, mme Viwe o ne a batla a wa go tswa mo lefikeng a wela mo metsing ka mokwatla. Nkoko o ne a tshega, “A bo o le mosetsana yo o lesego jang ne, Viwe.
O bone okotopase mme o batlile gape wa e tshwara!” “Ee,” Viwe a rialo ka boitumelo, “mme okotopase e batlile go tsaya senokele sa me!” A bo ke lesego jang go falola, Olwethu a akanya jalo fa a simolola go thumela kwa phulung ya gagwe e e kwa matlapeng a a kafa tlase ga lewatle. Ka bonako fa a sena go hupa metsi le go a gasetsa kwa ntle, o ne a lelesela mo metsing a tshabela kotsi. A le kgakalanyana, o ne a utlwa nkoko wa ga Viwe a re, “Ija! Bona kafa okotopase e tsamayang ka teng, Viwe! E lelesela mo metsing jaaka sefofane se fofa mo loaping.” Mme Olwethu ga a ka a ema go utlwa gore Viwe a reng. Tota e bile, ga a ka a tlogela go thuma go fitlhela a boa a le mo matlapeng a a kafa tlase ga lewatle a babalesegile.
Nna le matlhagatlhaga a leinane!
- A o kile wa dira sengwe se sesha? O ne wa ikutlwa jang? Ka ntlha yang?
- Torowa setshwantsho sa okotopase. Okotopase e kgona go fetola mmala wa yone! Ka jalo, o ka nna wa e tsenya mmala mongwe o o kgatlhisang kgotsa methalo.
- Dira posetara ya Motho yo o Timetseng. Torowa setshwantsho sa motho yo o timetseng o bo o kwala leina la gagwe, dingwaga tsa gagwe le tlhaloso ya kafa a lebegang ka teng kafa tlase ga setshwantsho.