Dinaane di simolotse jang
Home | Written stories | Multilingual stories | Dinaane di simolotse jang

Written stories

Try our growing collection of stories to print out or read aloud at home with the whole family.

Dinaane di simolotse jang

Author

Wendy Hartmann

Illustrator

Tamsin Hinrichsen

Translator

Thanolo ka Opelo Thole

Bogologolo tala, mosadi o ne a nna le balelapa la gagwe mo motseng mo Bogosing jwa Zululand. Ka Latshipi lengwe le lengwe balelapa ba ne ba ya kwa lewatleng le legolo. Bana ba ne ba epa mo mošaweng le go tshamekela mo makhubung. Mosadi o ne a apaya dijo mo molelong fa monna wa gagwe a ne a batla dikgong tse di kgwilweng ke lewatle gore a betle dilo tse di ntle: dinonyane, batho le mefuta yotlhe ya diphologolo.

Mo gare ga beke balelapa botlhe ba ne ba dira ka natla mme mo maitseboeng ba ne ba nna go dikologa molelo. Go ne go le lefifi thata gore ba ka dira kgotsa ba ka tshameka kgotsa ba ka betla e bile go ne go le phakela gore ba ka ya go robala. Mme ke ka yone nako e bana ba neng ba kopa mme wa bone gore a ba tlhabele dinaane.

“Mme,” ba ne ba kopa,“re batla dinaane. Tsweetswee re tseele naane e le nngwe tlhe.”

Mme le fa a lekile ka bojotlhe go akanya ka kgang, o ne a sa kgone go e nagana. Ena le fa e le monna wa gagwe ba ne ba sena dinaane dipe tse ba ka di tsayang.

Ka letsatsi lengwe, mosadi o ne a tsaya tshwetso ya go kopa baagisanyi thuso.

“A lo na le dinaane?” o ne a ba botsa.

“Nnyaa,” ba ne ba tshikinya ditlhogo tsa bona, “ga re na tsona.”

Go ne go se na dinaane. Go ne go se na ditoro … e bile go ne go se na dikanelo tsa malepa.

Monna wa gagwe o ne a tshitsinya, “Mogatsaka, ke nagana gore o tshwanetse go senka dinaane. Ke tla sala ke tlhokomela bana ba rona le ntlo. Senka dinaane dingwe mme o tle le tsona.”

2Ke fa mosadi a atla balelapa la gagwe go ba dumedisa mme a tsamaya. O ne a tsaya tshwetso ya go kopa sebopiwa sengwe le sengwe se a kopanang le sona fa se se na naane e se ka mo e aroganelang. Phologolo ya ntlha e a kopaneng le yona e ne e le mmutla. O ne a tlolatlola ka maoto a magolo.

“Mmutla!” o ne a bitsa. “A o na le dinaane?”

“Dinaane?” go ne ga botsa Mmutla. “Ee, ke na le makgolo, dikete, nnyaa … dimilione tsa tsona.”

“Mmutla, tsweetswee mphe dinaane dingwe gore ke kgone go itumedisa bana ba me.”

“Hmmm…” ga bua Mmutla. “Ga ke na nako. Le gone … dinaane go le motshegare jaana? …Nnyaa!” Mme tloli, tloli, tloli a tswa a tsamaya.

Moragonyana o ne a bona morubisi.  Fa a mo kopa dinaane o ne a tshikinya diphuka tsa gagwe ka go tenega.

“E le …gore … o mang o ntsosang ke robetse? Ga ke na dinaane. Tsamaya o ye kwa go ntsu e kgolo ya ditlhapi. Ke ena yo tsogileng mo gare ga letsatsi. Mmotse.”

Ke fa mosadi a tsamaela kwa ntlheng ya molomo wa Noka ya Tugela koo ntsu ya ditlhapi e neng e tsoma teng. Fa a mmona o ne a mmitsa ka leina la gagwe.

3Ntsu e kgolo ya ditlhapi e ne ya bua le ena ka mabetwaepelo. “Ko-ko-ko-ko!Ke goreng o ntshwenya fa ke tsoma?”

“Ao, Ntsu ya Ditlhapi e e botlhale,” go ne ga bua mosadi, “Ke senkana le dinaane. A o a itse gore nka di bona kae?”

“Ee,” ga bua Ntsu ya Ditlhapi, “Ke a itse gore o ka thusiwa ke bomang. Ya kwa matlapa a kopanang le lewatle. Ema teng mme o bitse kgarubane e kgolo.”

Mosadi o ne a mo leboga mme a ya kwa tlasenyana ga lewatle. O biditse kgarubane e kgolo gabedi fela mme ke fa a tlhagelela mo metsing a a gasaganya.

“O seke wa boifa,” ga bua Kgarubane. “Itshwarelele ka kgopana ya me. Ke tla go isa kwa bathong ba lewatle ba ba itseng dilo tsotlhe le dinaane tsotlhe.”

5Ba ne ba ya kwa tlase, tlase, tlase ga lewatle, go fitlha kwa botengteng, ka tlhamalalo go kgosi le mmakgosi ba lewatle.

“Jaanong yo ke mang?” ga botsa kgosi.

“Yo ke mosadi yo o tswang kwa mafatsheng a a omileng kwa godimo ga metsi a rona,” go ne ga sebaseba mmakgosi.

“Ke eng se o se batlang, mosadi wa kwa mafatsheng a a omileng?” ga botsa mmakgosi.

4“Dinaane, Motlotlegi. A o na le tse nka di isang kwa go bagaetsho?”

“Re na le tsona,” ga bua mmakgosi. “Fela a o na le sengwe se o ka ananyang dinaane tse ka sona?”

“Le ka batla eng?” ga botsa mosadi.

Kgosi le mmakgosi ba ne ba nyenya. “Re ka se kgone go tlhatlogela kwa mafatsheng a gago a a omileng. Re batla go bona gore go ntse jang. Re tlisetse sengwe go re bontsha gore go na le diphologolo le batho ba mofuta ofe.”

“Ke tla dira jalo,” ga bua mosadi.

Kgarubane e kgolo e ne ya mmusetsa kwa lefatsheng le legolo mme a leta fa mosadi a itlhaganela kwa gae go bolelela monna wa gagwe tsotlhe.

“Ehe,” a bua a itumetse. “Ke na le ditsheto tse dintsi tsa diphologolo, tsa dinonyane le tsa batho. O ka nna wa di tsaya tsotlhe.”

Ka bonako mosadi o ne a boela kwa lobopong a tshwere mokoa wa ditsheto. Kgarubane e ne ya kodumela gape mme ya mo isa le tsone kwa tlase, tlase, tlase.

Fa kgosi le mmakgosi ba bona ditsheto, ba ne ba itumetse thata mme ba ne ba mo fa kgopana e ntle.

“Re le neela mpho ya dinaane, wena le bagaeno. Nako nngwe le nngwe fa o batla naane, baya selo se mo tsebeng ya gago mme o reetse,” ba bua jalo.

“Fela gakologelwa se,” kgosi e ne ya mo sebela mo tsebeng ya gagwe, “naane ya gago ya ntlha e simolotse ka loeto lwa gago la go tla kwano.”

Fa kwa bofelong mosadi a boela kwa lobopong, monna wa gagwe, bana ba gagwe, le batho botlhe ba motse ba ne ba letile. Ba ne ba dirile molelo o mogolo thata o o neng o thanya le go thwanya mo lefifing.

6“Jaanong,” ba ne ba mmitsa, “re tlhabele naane. Re tseele naane!”

Mosadi o ne a nyenya. O ne a tsholetsa kgopana mme a re, “Ee … Nal’ibali… Naane ke e. Ssshhh. Jaanong reetsang.”

Mme ke ka moo naane ya ntlha e neng ya anegiwa ka teng.

Morago mosadi o ne a baya kgopana mo tsebeng ya gagwe mme a anela dinaane tse dintsintsi. Mme fa e le gore e ke naane ya gagwe ya ntlha e o e utlwileng, gakologelwa, go na le tse dintsi, ntsi tse di latelang.