Follow us

Author: E kwadilwe ke Desiree Botha

Illustrator: E tshwantshitswe ke Chantell le Burgen Thome

E ne e letsatsi le lentle, la boiketlo gaufi le noka. Go ne go rena tidimalo. Go utlwala fela modumo wa Nonyane e Nnye e opela ka molodi o o lapolosang, e ntse e phepafatsa meno a Kubu a magolo a a phaphathi.

 

Kubu e ne e itumeletse gore meno a yona a a phepafadiwa. A rapaladitse tlhogo mo godimo ga metsi, a atlhamesitse molomo. Marang a letsatsi a mo thuthafatsa mme e rile a ntse a iketlile a tshwarwa ke boroko. A lora ka tshimo e e bongola ya bojang jo bo lepelelang gaufi le ene, mme mo borokong jwa gagwe, a fula bojang a bo metsa.

 

“O jele Nonyane e Nnye!” Lentswe la tsosa Kubu ka letshogo. E ne e le nngwe ya megolodi. O ne a lebega a šakgetse! Sefatlhego sa gagwe se se pinki se fetogile se le sehibidu.

 

“O jele Nonyane e Nnye,” a goa gape a lebisitse phuka ya gagwe kwa go Kubu.

 

“Ga nkitla ke dira jalo!” Kubu a ikarabela jalo. “Ke ja bojang, e seng dinonyane tse dinnye! Kwa ntle ga foo, Nonyane e Nnye ke tsala ya me! Ga nkitla ke mo ja!”

 

“Ke go bone! O ne a phepafatsa meno a gago, mme o mo komeditse!”

 

Kubu a gakologelwa toro ya gagwe. Jaanong o ne a tshogile! A o ka bo a meditse tsala ya gagwe ka phoso?” Jaanong e rile a tswa mo nokeng, a utlwa molodi wa nonyane. E ne e le Nonyane e Nnye!

 

Kubu a leba mo matlhakoreng otlhe go bona gore Nonyane e Nnye e kae. Kwa bokhutlong, a lemoga gore modumo o ne o tswa mo mpeng ya gagwe. O ne a meditse tsala ya gagwe!

 

“O a bona? Ke go boleletse!” ga bua Mogolodi “O jele Nonyane e Nnye!”

 

“Ga ke a … ga ke a dira ka bona…” Kubu a bua a lela. “Re tshwanetse go mo pholosa. Re tshwanetse go mo ntsha mo mpeng ya me!”

 

Ka nako e diphologolo tsotlhe tse di nnang gaufi le noka tsa atamela gore di tlhaloganye se se diragetseng. Tsa simolola go loga maano.

 

“A re tsenyeng ditlhapi tse dinnye mo mpeng ya gago. Di ka thusa go bontsha Nonyane e Nnye tsela ya gore a kgone go thuma go tswa mo mpeng,” ga bua Tshwene. Fela e rile ba utlwa se, ditlhaphi tse dinnye tsa ngwega.

 

“Re ka dirisa lengwe la meno a me go sega mpa ya gago le go falosa Nonyane e Nnye,” ga tshitshinya Tau. Kubu a se ka a akanya gore se ga se mogopolo o montle.

 

Story Categories

Invest in a nation of readers!