Bogologolotala, mo motseng wa kagiso wa Mudavula, go ne go nna leobu la setshwakga. Mo nakong eo, diphologolo tsotlhe di ne di ruile lefatshe go fula mo go lona le go tlhokomela bana
ba tsona. Diphologolo tsotlhe ntle fela le Leobu. Ka ntlha ya botshwakga jwa gagwe, o ne a sa batle go dira go tshwana le diphologolo tse dingwe. Mo boemong jwa se, o ne a tla ka leano le le sokameng la gore a adime fa go ba bangwe gore a tshele sentle.
Tsatsi lengwe mo mosong wa Mosupologo, Leobu a ya kwa go Mmutla go adima bopi. Pele a goroga kwa ntlong ya ga Mmutla, a fetola mmala wa gagwe go tswa go bophifadu go nna botala.
“Tsweetswee ke kopa o nkadime bopi,” Leobu la ikopela jalo.
“Jaanong o tla bo busa leng?” ga botsa Mmutla.
“Mafelo a kgwedi!” Leobu la mo solofetsa jalo.
Mmutla a tlatsa kgamelo e Leobu le tlileng le e tshotse. Leobu a tsaya bopi a boela gae, a tsamaya a nyenya tsela yotlhe. O ne a ntse a akanya ka matlhajana a gagwe a go tsietsa diphologolo tse dingwe. O ne a itlhamela pinanyana gore a gakologelwe leano le.
‘Ke tla fetola mebala
Fela ga go ope yo o tla itseng.
Ke ne ke le motala fa Mmutla a mpona,
Fa ke ya go Mokgatitswane ke tla nna serolwana
Segwagwa se tla bona Leobu le lentsho
Khudu ene o tla mpona ke le phifadu.
Ke tla fetoga ke bo ke fetole mebala.
Ga go ope yo o tla itseng gore ke nna!’
Ka Labobedi, Leobu a tsoga a tshwerwe ke tlala. “Nka se je bogobe letsatsi le letsatsi. Ke batla raese!” Leobu a akanya. “Ke tla iphetola go nna serolwana mme ke ye go bona Mokgatitswane. Fa nka kgona go tsietsa botlhe, ga nkitla ke duela ope sepe!”
Leobu a tsaya kgamelo e e lolea a ya kwa go Mokgatitswane, yo ka boikobo a neng a tlatsa kgamelo ya Leobu ka raese. Leobu a solofetsa Mokgatitswane gore o tla e busa mafelo a kgwedi.
Ka Laboraro, morago ga go apaya raese, Leobu a bona sejana sa gagwe se sa mo itumedise. “Nnyaya! Nnyaya! Raese e e senang sešebo ga e kitla e nna monate. Ke batla nama!” Leobu a akanya, “Segwagwa se tla mpha nama!” a swetsa.
Leobu a fetola mmala wa letlalo go nna montsho pele a tabogela kwa ntlong ya ga Segwagwa ka kgamelo e e lolea. Segwagwa sa tlatsa kgamelo ya gagwe ka nama. Gape-gape, Leobu a solofetsa gore o tla busa nama mafelo a kgwedi.