Goggles mosireletsi
Home | Written stories | Multilingual stories | Goggles mosireletsi

Written stories

Goggles mosireletsi

Author

E kwadilwe ke Liz Sparg

Illustrator

E tshwantshitswe ke Megan Vermaak

Letsatsi lengwe bosigo e ne ya re Jay a thanya a bona lesedi le le phatshimang mo loaping. Sengwe se ne se fofa ka lebelo le legolo tota mme se tla se lebile letlhabaphefo. Ka ponyo ya leitlho sa ema. Lebati la bulega mme ga tswa sebopiwa se se maswe e le ruri. “Aph! Madume, leina la me ke Goggles, Aph,” ga bua sebopiwa. Jay a se lebelela fela ka tidimalo. Sebopiwa sa leka go loma lebotlolo. “Aph! A o a nkutlwa? A o itse go bua? Aph!” Goggles a mmotsa.

Jay a leka go bua mme lentswe la gana go tswa. “Aph! A ke o mpolelele gore tota fa o ntse o re – aph! – jaana o kayang?” Goggles a tsholetsa kgetsana ya polasetiki, lebotlolo la polasetiki le moteme o o senang sepe. “Di a ntsifala go ralala lefatshe. O di fitlhela mo lefatsheng le mo dinokeng mme e bile di kokobala le mo lewatleng. A di siametse go jewa?” Sebopiwa sa leka go kuma lebotlolo. “Nnyaa, o se ka wa ja selo seo! Ke polasetiki!” Lentswe la ga Jay le ne le le kwa godimo mme e bile le tlhapile. “Batho ba latlhela matlakala a bona fela mo mebileng, mme a feleletsa a tsewa ke phefo e a gogolela mo dinokeng a bo a kokobala mo lewatleng. Nakonngwe ditlhapi le dikgadubane di a aja ka jaana di ithaa di re ke dijo mme di feleletse di sule.

Dipolasetiki, digalase le meteme di nna sebaka se seleele tota, ka jalo seno se dira gore lefatshe, dinoka, lelwatle le mabopo di tletse matlakala.” Goggles o lebega a tlhoname. Fa nka ….aph!... fa nka dira gore matlakala a otlhe a a iponatse kwa loaping go ka nna jang? Ka go dira jalo ke tlaa bo ke dira gore go nne le polanete e ntšhwa e nka tshelang kwa go yona mme lefatshe le ka boa la nna phepa gape mme e bile le ditlhapi ga di kitla di tlhola di ja dipolasetiki. Aph! A se ga se kakanyo e ntle?”

“Ke kakanyo e ntle e le ruri,” ga araba Jay.  Goggles a tlolela gape mo sesutlhalefaufaung.  “Aph! Fa o ntlhoka, bitsa leina la me gararo,” Goggles a goeletsa fa sesutlhalefaufau se tsamaya.  Jay a tlhoma sesutlhalefaufau matlho fa se ntse se tlhatlogela kwa godimodimo. Se ne se phepheulela matlakala otlhe a a mo mebileng, mo dinokeng, mo mabopong le mo lewatleng kwa loaping. Mo letsatsing le le latelang fa batho botlhe ba tsoga ba fitlhela lefatshe le galalela. Go ne so se le fa e le matlakala.

Metsi, mebila le dilo tsotlhe fela di ne di le phepa. Batho botlhe ba ne ba rata lefatshe le le phepa. le nne le le phepa ka dinako tsotlhe. Ba tlaa itumela thata mo ditorong tsa bona moo ba tlaa ratang go tswelela ba dira seno fa ba tsogile. Aph.” Goggles a latlhela lerole la gagwe la ditoro mo lefatsheng mme la nna le kokobetse jalo. Mo bosigong jona joo, didikadike tsa batho tsa lora di tlhokomela dikgwa, masimo, dithaba, dinoka, mabopo le mawatlemagolo. Ba ne ba ikutlwa ba itumetse thata e bile ba na le kagiso mo ditorong tsa bona. E ne ya re fa ba tsoga, ba bo ba tswelela go dira tsona dilo tse ba neng ba di lora fa ba robetse.

Ka go dira jalo, ba ne ba dira gore lefatshe le nne lentle thata le le phepa gape. Le fa go ntse jalo, batho ga ba a ka ba fetola tsela e ba tshelang ka yona. Ba ne ba tswelela go latlhela matlakala mo mebileng. Go ise go ye kae, ke fa mebila, dinoka le mabopo di tletse matlakala fela jaaka di ne di ntse pele. Jay a swetsa go bitsa Goggles go kopa thusa. “Goggles, Goggles, Goggles!

Lefatshe le mo mathateng ale gape!” ZAP! Sesutlhalefaufau sa goroga. “Aph! Jaanong key a go leka go dirisa toro ya me ya lerole,” Goggles a itsise Jay. Ke ya go dira gore batho botlhe mo lefatsheng ba lora ba sela matlakala, aph! Le go jala ditlhare. Aph! Le go dirisa dilo gape, aph! Le go dira dilo tsotlhe fela tse di ka dirang gore lefatshe .

 

Monate wa Nal’ibali 

Megopolo e re ka buang ka yona

Go latlhela matlakala gongwe le gongwe go dirang mo tikologong ya rona? Ke eng se o ka se dirang go tlhokomela tikologo ya lona?

Se se bonwang ka matlho

Dira setshwantsho go bontsha gore o akanya gore lerole la mmala wa gauta le le mo torong le ne le lebega jang fa le foka mo lefatsheng lotlhe.

Go Bala

Bala gape temana e mo go yone Jay a tlhalosang gone gore matlakala a fitlha jang mo dinokeng le mo mawatleng a rona, le mo matshitshing a rona a lewatle. Dira tayakeramo go bontsha gore seno se direga jang. Terowa ditshwantsho tse dinnye, tse di nang le dileibole le metsu mo gare ga ditshwantsho tseno.

Go Kwala

Kwala setlhogo sa lekwalodikgang se se buang ka ditsela tse di farologaneng tse Goggles e thusitseng ka tsone go dira gore Lefatshe e nne lefelo le lentle gape. O se ka wa lebala go dira gore setlhogo sa teng e nne se se gogelang! Terowa setshwantsho se se tsamaisanang le setlhogo seno.

Botaki

Dilo tse di tshwanang le ditopisi, dijeke tsa polasetiki le mabokoso tse gantsi di nang le go nna di latlhwa, boa o di dirise gape. Di kgabise o dirisa pampiri, mabenyane, pente le/kgotsa dikerayone mme o dire gore e nne dilo tse wena le maloko a mangwe a lelapa ba ka kgonang go di dirisa, jaaka dikhonteinara tse di bayang diphensele, di-vase le dikhonteinara tse go bolokelwang dilo mo go tsone. Dira polakate ka kgopolo e le nngwe kgotsa di le pedi ka gore re ka tlhokomela jang tikologo ya rona.