Tsotlhe fela ke tiro ya letsatsi le le lengwe
Home | Written stories | Multilingual stories | Tsotlhe fela ke tiro ya letsatsi le le lengwe

Written stories

Tsotlhe fela ke tiro ya letsatsi le le lengwe

Author

E kwadilwe ke Bandile Sikwane

Illustrator

E tshwantshitswe ke Elizabeth Sparg

Hank, e leng Magogwe o montle, e ne e le seapei se se gaisang tota mo letlhagareng.

O ne ka gale a batlana le metswako e e gaisang tota mme seo se ne se mo tlhaola jaaka seapei se se tlhotlhwa.

Resepe ya gompieno e ne e le bonolo fela dijo e le tse di kgethegileng.

O ne a apeela Wendy, e leng kolobe ya naga.

Selo sa Modimo se robegile leoto fa se ne se tswa ka lesoba la mogodu morago ga go lelekisiwa ke diphiri tse di legaba.  

Resepe e ne e batla dilo tse go seng bonolo go di bona.

Lebolobolo la mo loma a sa ntse a kgetla moretlwa le ditamati.

Botlhole jwa lebolobolo bo botlhoko.

Go mo tsere diura go bo ntsha. Hank o ne a kampana le tlhware e e borethe mme a e fenya.

Motho o ka dira setšhu se se balolang tota ka nama ya yona.

Digokgo tse dikotsi di ne di bontsha go sa itumelang fa di bona a ntse a epa matlo a tsona a tsomana le digwere.

Utšhi! Utšhi! Utšhi!

 

O ne a itshokela malomo a dinotshe a feta lekgolo a leka go rafa mamepe le tswina go dira se se ka nowang.

Go ise go ye kae, a goroga mo sekhutlong sa Mebileng ya Warthog le Baobab.

Ditsala tsa ja setšhu di folosetsa ka tswina e e botshe di ntse di tshega matlametlo a a tsweletseng go goeletsa ditsintsiri tse di tsweletseng go a sera ka modumo.