Matty le setlhare sa diapole sa dikgakgamatso
Home | Written stories | Multilingual stories | Matty le setlhare sa diapole sa dikgakgamatso

Written stories

Matty le setlhare sa diapole sa dikgakgamatso

Author

Ka Bradley Paulse

Illustrator

Ditshwantsho ka Natalie le Tamsin Hinrichsen

Go kile ga bo go na le lekgarebe lengwe le le bidiwang Matty. Le ne le nna mo polasing e nnye, mo go neng go le thata go lema mmu e bile tiro e le boima. Mme Matty e ne e le molemi yo o setswerere. O ne a bereka ka natla le mo letsatsing le le mogote gore a jale merogo e e lekaneng e a ka kgonang go e rekisa kwa mmarakeng o o tlhanaselang o o gaufi.

 

Fa dijalo tsa gagwe di ne di setse di siame mme thobo ya gagwe e le ntsi, Matty o ne a paka mmanki wa gagwe mme a bo a leba kwa mmarakeng, marama a gagwe a phatsima ka boitumelo. A re: “Gompieno ke tla rekisa merogo eno yotlhe mme gongwe ke tla iponela sengwenyana se se monate.”

 

                          

 

Mme gone, sengwenyana se se monate se Matty a se ratang thata se ne se mo letetse kwa mmarakeng. E ne e le diapole – diapole tse dikgolo, tse di nang le matute, tse di monate. O ne a di meletsa mathe fa a bona kafa di leng botshe ka teng. E ne e le tuelo ya bonatla jwa tiro ya gagwe.

 

Kwa borekisetsong jwa maungo, Matty o ne a kopana le mosadimogolo mongwe yo o botsalano, marama a gagwe a ne a le mahibitshwana jaaka diapole tse di buduleng. Matlho a gagwe a ne a benyabenya fa a ntse a lebile Matty a kgatlhegela maungo a mebala e mentle.

 

Matty o ne o tshwara se a tlogela a sa itse gore a reke diapole dife tse a tla di dirisetsang dilo tse dingwe tse a batlang go di baka. “Diapole tse dikhibidu, di monate go baka kuku,” Matty a rialo a buela kwa godimo a tsaya apole e khibidu. “Mme gongwe diapole tsa Granny Smith di tla siamela phae, mme ke tshwanetse go tsaya diapole di sekae tsa Honey Crisp go dira dimafene. Mme tsa Golden Delicious tsone ga nkake ka di tlogela gore ke dire apple crumble e e thutafetseng.” Apole nngwe le nngwe e Matty  a neng a e umaka o ne a e tsenya mo mmanking wa gagwe.

 

Mosadimogolo o ne a tshegela kwa tlase. O ne a ema mme a naya Matty apole ya gauta. “Ope fela yo o ratang diapole thata jaana, o tshwanelwa ke sengwe se se kgethegileng. Tshwara, tsaya apole eno e e kgethegileng. E tla go tlisetsa boitumelo ka metlha,” mosadimogolo a rialo.

 

“Ke leboga thata,” Matty a rialo ka kanaanelo. Apole eno ya gauta e ne e le kgolwane e bile e le ntle go gaisa apole epe e a kileng a e bona. O ne a itlhaganeletse go fitlha kwa gae gore a e leke.

 

Fa letsatsi le phirima, Matty o ne a boela kwa polasing ya gagwe. O ne a tlhaola le go tlhatswa diapole tsotlhe ka kelotlhoko a opelela kwa tlase ka boitumelo a ntse a bereka. O ne a tlile go baka dilo tsotlhe tse di monate tse a neng a akanya ka tsone, mme o ne a ipeela apole e e kgethegileng ya gauta gore e nne sengwenyana se se monate se a ka se jang.

 

Fa Matty a sena go tlhaola le go tlhatswa diapole tsotlhe, o ne a tsaya apole e e kgethegileng ya gauta. A re: “Jaanong ke nako ya go ja sengwenyana se se monate.” Mme fa a tloga a e loma, go ne ga tlhaga tlhogonyana mo lerobeng lengwe la apole.

 

“O se ka wa nja tlhe!” seboko sa rialo ka lentswe le lesesanyane.

 

Matty o ne a diga apole a gakgametse. “Ija ke eng se jaanong?” a rialo a hemela kwa godimo.

 

Seboko se ne sa tswa se ntse se itsoketsa, matlho a sone a le makima a bontsha go ikwatlhaya. “Intshwarele go bo ke ile ka kokona apole ya gago, mme gone e ne e le monate!” sa rialo.

 

Matty o ne a sa itse gore a galefe kgotsa jang. Mosadimogolo o ne a rile apole eno e tla mo tlisetsa boitumelo ka metlha, mme jaanong o ne a belaela.

 

Kgabagare Matty o ne a kgwa moya a bo a re, “Sebokonyana ke wena, o lesego ka gonne ke itumetse gompieno. Mma ke epele apole ya gago ka kwa morago ga ntlo gore o kgone go e ja ka kagiso, o sa tshwenngwe ke dinonyane.”

 

Fa Matty a ntse a tsenya apole mo teng ga khuti e a e epileng mo mmung, seboko se ne sa re, “Sala sentle, Matty. Ke a go solofetsa gore ke tla go duelela bopelonomi jwa gago.” Matty le ene o ne a se dumedisa mme a ya go tswelela ka go baka.

 

Mo mosong o o latelang fa marang a letsatsi a simolola go tswa, Matty o ne a bula matlho mme a utlwa monko o o monate go gaisa ope o a kileng a o utlwa. O ne a itlhaganelela kwa ntle mme a sala a atlhame ka ntlha ya go gakgamala. Fa pele ga gagwe go ne go eme setlhare se se boitshegang sa diapole, dikala tsa sone di ne di tletse ka diapole tse dintle go gaisa tse a kileng a di bona.

 

                                   

 

 

Matty o ne a binabina a dikologa setlhare, setshego sa gagwe se ne se tlhakane le go opela ga dinonyane. O ne a kgetlha diapole, ka bongwe ka bongwe, a gakgamaditswe ke kgakgamatso e e diragetseng bosigo jo bo fetileng.

 

Mo bosigong joo, Matty o ne a boela kwa setlhareng, a baya dimafene tse a neng a sa tswa go di baka mo meding ya sone. “Ke a leboga,” a sebaseba jalo. “Mosadimogolo o ne a nepile fa a ne a re setlhare seno se tla ntlisetsa boitumelo ka malatsi otlhe!”

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

Leungo le o le ratang thata ke lefe? Torowa setshwantsho sa lone. Kafa tlase ga setshwantsho se o se torowileng, kwala seele se se reng, “Leungo le ke le ratang thata ke …” O ka kopa mongwe go go thusa go kwala seele sa gago.
Dira lenaane la dilo tsotlhe tse o ka kgonang go di dira o dirisa leungo le o le ratang thata. E ka nna sengwe se o ka se bakang kgotsa se o ka se apayang, jusi kgotsa phuding e tsididi.
Akanya ka monko, moutlwalo, popego le mmala wa apole kgotsa leungo le fa e le lefe le lengwe. Akanya ka modumo o le o dirang fa o le natha. Jaanong kwala poko ka leungo leo.