Dimo wa ngwedi ya selefera | Nal'ibali
Home | Story Resources | Multilingual stories | Dimo wa ngwedi ya selefera

Dimo wa ngwedi ya selefera

Author

E kwadilwe ke Jenny Robson

Illustrator

Ditshwantsho ka Samantha van Riet

Flossie, legotlo la naga, o ne a taboga ka lobelo mo tlhageng. “Eish! Eish!” a hemela kwa godimo, “Ga nkitla ke goroga kwa gae ka nako!”

 

Letsatsi le ne le phirima. Meriti ya bosigo e apesa loapi. “Eish! Go tloga go nna bosigo. Mme dimo wa ngwedi ya selefera o tla bo a mpatla!”

 

Flossie o ne a tshaba dimo wa ngwedi. Gangwe le gape o ne a mo etela mo ditorong. Jaanong ga a kitla a kgona go taboga go ya pele. Maoto a gagwe a ne a le botlhoko, sefuba se tuka bolelo. O ne a lapile thata. A ema fa tlase ga setlhare sa bogologolo mme a nanya mo meding ya sona. A o tla bolokesega fa?

 

“Dumela!” ga utlwala lentswe le le bokete le tswa kwa godimo.

 

Flossie a leba kwa godimo mme letshogo la mo aparela. Matlho a a kgolokwe a mabedi a mo tlhomile. Matlho a magolo a a phatsimang! Pelo ya ga Flossie ya iteela kwa godimo ka bonako e kete e tla phatlola sefuba sa gagwe. Sebopiwa sengwe le sengwe se se nang le matlho a magolo jaana se tshwanetse sa bo e le mokaloba!

 

“Ke wena mang?” ga botsa Flossie ka lentswe le le roromang. “A o dimo wa ngwedi?”

 

Lentswe le le bokete la tshega ka modumo o o tshosang. “Nnyaya, ga ke dimo. Ke nna motoutwane fela. O ka mpitsa Maxwell.”

 

O motoutwane? Flossie o ne a sa dumele se o se utlwang! Ke motoutwane wa mofuta mang o o nang le matlho a magolo jaana? “A o motoutwana wa dimo?” a botsa.

 

Maxwell a tshega ka modumo o o tshosang gape. “Ao! Ao ga se matlho a me,” a rialo. Dikgolokwe tse di phatsimang tseo ke dikaelo fela mo diphukeng tsa me. “Leba fa!” Maxwell a phuphuthisa diphuka tsa gagwe gore Flossie a bone gore dikaelo tse di kgolokwe tse di phatsimang di ya: godimo le tlase, godimo le tlase.

 

Maxwell a tshabela mo letlhakoreng la kutu ya setlhare, gaufi le legotlo la lebala. Go ne go itumedisa go nna gaufi le motho yo o ka buang le ene. Ga se dibopiwa di le dintsi tse o ka di bonang di kailakaila bosigo.

 

“Mpolelele,” a rialo. “Goreng o ne o itlhaganetse? Ke go bone o tshaba o tsena mo bojannyeng o sa lebe le kwa morago.”

 

“Ke ne ke batla go fitlha gae letsatsi le ise le phirime,” Flossie a rialo. “Fela ga go tshwenye jaanong. Meriti ya bosigo e gorogile, mme kwa gae go kgakala.” La simolola go rothisa dikeledi tsa legotlo le lennye la lebala.

 

Maxwell o ne a sa tlhaloganye. “Fela goreng o batla go ya gae?” a botsa. “Goreng o batla go nna kwa teng jaanong? Ao! Bosigo ke nako e ntle go di gaisa tsotlhe. O ka boga ngwedi o tlhatloga kwa godimo ga thabana. O ka bona bojang bo fetola mmala go nna selefera. O ka utlwa phefo e foka matlhare a ditlhare.”

 

Flossie a tshikinya tlhogo ya gagwe. “Nnyaya, Nnyaya! Bosigo ga bo ke nako e e bosula. Bosigo ke nako e dimo ya ngwedi ya selefera e tswang go simolola go tsoma.”

 

 

“Dimo wa ngwedi ya selefera? Ga ke ise ke utlwe ka ene!” Maxwell a rialo.

 

Jaanong Flossie a tlhalosa: dimo wa ngwedi ya selefera o fofa mo diphukeng tsa selefera tse ditelele go feta dikala tsa setlhare. O fofa mo leseding la ngwedi, moriti wa gagwe o montsho o feela lebala. O fofa ka tidimalo e e makatsang, a batla, a batla legotlo le lennye. A bo a mo phamola ka dinala tse di bogale a mo isa kwa lefifing – go ya go ile!

 

Maxwell a tshikinya tlhogo mme a simolola go tshega ka modumo o o tshosang gape. “Ao! Ga se dimo! Ke morubisi fela. Mmala wa gagwe ga se wa selefera, ke mmala o mo phifadu. Ke mang yo o tshabang morubisi wa setena yo o tsofetseng?”

 

“Eish! O seke wa bua jalo!” ga bua Flossie a mo tsibosa. “Ka gongwe dimo wa ngwedi ya selefera o mo letsholong la metoutwane!”

 

“Ha!” ga bua Maxwell ka go itshepa. “Ke batla go mmona a leka!”

 

Go ise go ye kae, sengwe sa fofa godimo ga ditlhogo tsa bona. Flossie a leba kwa godimo go bona sebopego sa mmala wa selefera se fofela kwa tlase go tswa mo leseding la ngwedi. Diphuka di le pedi tse dikgolo tsa phuruloga, tsa tlisa moriti o montsho go kgabaganya mo meding ya setlhare.

 

Flossie o ne a tshogile thata e bile a palelwa ke go tsamaya. A tswala matlho a gagwe a mannye jaaka modumo o utlwala gaufi le ene…wa tla gaufi thata. O ne a itse gore go ya go diragala eng. Ditoro tse di tshosang tse di neng di mo tlhobaetsa di ne di le gaufi le go diragala.

 

Ka tshoganyetso ga utlwala modumo, o o tshosang, morago a utlwa modumo wa diphuka di phuphutha. Ga tloga ga nna tidimalo.

 

“O ka bula matlho a gago jaanong,” Maxwell a rialo.

 

Flossie a bula matlho a gagwe go bona morubusi o fofela kwa godimo ga dikala tsa ditlhare.

 

 

What happened? she asked in amazement. “Why did the moon monster fly away?’

 

Maxwell o ne a itumetse thata. “Ke dikaelo tse di mo diphukeng tsa me. Morubisi o ne a akanya gore ke matlho – fela jaaka wena. E bile o ne a akanya go tshwana le wena gore mongwe le mongwe wa matlho a magolo o tshwanetse go bo e le sebopiwa se segolo. Jaanong o ne a tshogile le go feta, e re ke go bolelele sengwe! A o utlwile ka mo a neng a tlhaba mokgosi?”

 

“O matlhajana e le tota!” ga bua Flossie.

 

“Ee, ke botlhale, a ga go jalo?” Maxwell a dumela. “Jaanong robala gaufi le nna. O bolokesegile go fitlha letsatsi le tlhaba.”

 

Ka jalo Flossi a tsena fa gare ga medi ya ditlhare. Go ise go ye kae a tshwarwa ke boroko. Ga a ka a lora ka dimo wa ngwedi ya selefera. Le eseng

* Dirisa rolo ya pampiri ya boithusetso, pampiri, sekgomaretsi, matlhokwana a go phepafatsa meno le pente kgotsa dikherayone go dira motoutwane. Segolola sebopego sa diphuka tsa motoutwane, di khalare, fa di oma, di kgomaretse mo rolong ya pampiri ya boithusetso. Penta matlhokwana a go phepafatsa meno ka bontsho mme o a tshwaraganye le motoutwane go dira dinakana.