Neo le lefatshe le legolo, le le sephara | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Neo le lefatshe le legolo, le le sephara

Written stories

Neo le lefatshe le legolo, le le sephara

Author

Vianne Venter

Illustrator

Rico

Translator

E ranotswe ke Opelo Thole

Neo o ne a leba kwa ntle ga letlhabaphefo la phaposi ya gagwe a lebeletse ponalo ya mmala o mokwebu ya mmila o mokwebu o o nang le batho botlhe ba ba kolobileng, ba le bakwebu mme ba itlhaganela go ralala pula e e kwebu e e tshologang. O ne a sa kgone go ya kwa ntle, e bile o ne a setse a buiseditse Mbali dibuka tsa gagwe tsotlhe.

Fela ka nako eo, Nkoko o ne a tsena ka moriri o o tlhakatlhakantsweng ke phefo ya kwa ntle. O ne a tshwere sengwe. Neo o ne a kgona go bona gore se ne se le sephaphathinyana, mme se le khutlonne, gape se na le mmala o montle … mme se ne se kgona go bulega – fela jaaka lebokoso le le tsenyang letlotlo!

“Buka e e ne e le e ke e ratang thata fa ke ne ke le monnye jaaka wena,” Nkoko o ne a bolelela Neo. “E ne e le kgoro ya me ya go tsena mo lefatsheng le legolo, ka bophara jwa lone.”

Mme jalo, o ne a bula buka.

Mo tsebeng ya ntlha go ne go na le setshwantsho sa lefelo la maatla a a sa tlwaelegang, le le kgakala thata le letsatsi le le kwebu. Naga e ne e talafetse mme e na le mmala wa gauta le o mosetlha, go na le loapi le legolo, le le pududu fa godimo, le letsatsi le le bothito, la mmala wa serolwana, le le neng le fisa dilo tse di ka fa tlase ga lone.

“Ao! A seo ke nnete?” Neo o ne a felelwa ke mowa.

Nkoko o ne a nyenya. “A ga o itse? Mainane otlhe ke nnete, fa o dumela mo go one,” o ne a rialo. Jalo o ne a supa lefelo mo tsebeng moo mosimane yo monnye, wa bogolo jo bo batlileng bo lekana le jwa ga Neo, a neng a tsamaya mo nageng.

Fa Nkoko a buisa, Neo o ne a tswala matlho a gagwe mme a tsena mo lefatsheng la ditoro, mo godimo ga makgabana … go ralala lefatshe le legolo, la mmala o mosetlha … a lebile kwa lefatsheng le legolo, le le sephara.
neo-3-col-flat-lores

O ne a utlwa mantswe a mo nageng.

“Tswela kwa ntle! Tswela kwa ntle!” go ne ga opela nonyane e nnye.

“Ke letsatsi le lentle!” go ne ga lela ditshenekegi tsa sekhada.

“Tloga foo, tla o tshameke,” go ne ga sebaseba phefo mo tlhageng e telele.

Neo o ne a gakologelwa pula e e kwebu, e e tshologang, mme o ne a ipotsa gore a o tshwanetse a ka bo a le fa ntle fano. Mme mo leinaneng, o ka se kgone go dira sepe. Go ne go se na pula fano. Ka jalo, Neo o ne a simolola leeto go ralala naga.

Selo sa ntlha se a se boneng se ne se le setelele mme se le sesetlha ka mmele o o tiileng, wa legong. Se ne se na le matsogo a maleele, a masetlha a a neng a fitlhelela kwa loaping, le tlhogo e kgolo, e e tlhakatlhakaneng e kare dikalanaya tsa moriri wa botala jwa matlhare o o neng o tshikinyega mo phešwaneng e e bothito.

“Dumela,” ga rialo Neo, a gototse matlho a gagwe. “O eng?”

“Ke setlhare. Ke kgona go bona mo gotlhe go ralala mabala magolo, a mmala wa gauta. Tlhatlogela kwano, mme o lebelele le nna.” Setlhare se ne sa mo thusa, mme Neo o ne a se palama.
neo-6col-flat-lores

Go tswa kwa godimo mo dikaleng, Neo o ne a kgona go bona go fitlha kwa bofelong jwa lefatshe. Mme go ne go na le dilo tse dintsi golo gongwe kwa, moo go batlileng go mmoifisa go nagana ka gone.

Mme fela setlhare se ne se mo tshwere ka pabalesego, mme se ne sa mo sebela, “Tsamaya o ye go tsamayatsamaya kwa teng. O se ke wa tshaba. Teng koo ke lefatshe le le ntle, le legolo, le le sephara.”

Ka jalo, Neo o ne a fologa mme o ne a tswelela ka loeto la gagwe go ralala naga.

Ka bonako, o ne a kopana le seolo sa santa e e popota se se nang le marobanyana, a a jaaka dikgoro tse dinnye. O ne a kgona go utlwa mantswe a le milione a mo teng, le medumo ya go tsamayatsamaya e le dimilione tse di thataro tsa maoto a mannye a ntse a taboga a ya kwa le kwa.

“Dumela! Ke wena mang?” Neo o ne a botsa mo go nngwe ya dikgoro.

“Dumela!” go ne ga araba lentswe le lennye. “Re ditshoswane. Re anela mainane a lefatshe mo teng mo. A o batla go utlwa mangwe a one?”

Neo o ne a rata mainane, ka jalo o ne a nna mo fatshe mme a reetsa. Ditshoswane di ne tsa mmolelela mainane a tsone a mo nageng le mo sekgweng, le a dithaba le ditoropokgolo tse di kgakala.

“Mainane a mantsi jaana?” Neo o ne a botsa.

“Go na le mainane a mantsi fela jaaka go na le dinaledi mo loaping,” go ne ga araba ditshoswane.

Neo o ne a laela, mme a tswelela ka loeto la gagwe go ralala naga.

Kwa bofelong, Neo o ne a fitlha mo metsing a mantsi a a neng a itlhaganela go feta mo gare ga mokgatsha go tloga mo mosong go fitlha bosigo. Neo o ne a tsena mo go one go tsidifatsa maoto a gagwe a a fisang.

Metsi a ne a gasa maoto a gagwe mme o ne a tshegatshega, “Ke noka. Ke elela go tswa kwa dithabeng go ya kwa lewatleng. Tla kwano, ntshale morago. Ke tlaa go isa gae.”
neo-11-col-lores

Neo o ne a akanya gore go ne go ka nna monate jang. Ka jalo, o ne a latela noka go ralala mokgatsha le fa gare ga dithaba. Mmogo, ba ne ba tsamaya mo motshegareng go fitlhela go nna maitseboa, go fitlha kwa bofelong, Neo a fitlha kwa godimo ga lekgabana.

Go tloga moo a neng a eme teng, o ne a kgona go bona toropo e nnye, e tlhatswitswe phepa ke dipula mme e phatsima mo leseding la letsatsi le le phirimang.
neo-13-col2b-lores

Jalo noka e ne ya elela e dira modumo ka bonojana, “Tswelela, e ya gae. Go na le batho ba bantsi ba ba go ratang koo, ba ba letileng go arogana mainane le wena.”

Neo o ne a ya kwa tlase, a feta mo gare ga toropo. O ne a bona mebila e e tlhanaselang mme e ne e tsena ka bonako mo toropong, fela jaaka dinoka. O ne a bona matlo, a le bothito mo leseding la maitseboa. Mo teng ga one, batho ba ne ba tlhanasela, fela jaaka ditshoswane tse di nnye.

Kwa bofelong, Neo o ne a okomela mo letlhabaphefong moo nkoko yo mogolo, yo o nang le matsogo a a tiileng le moriri o o tlhakatlhakaneng jaaka dikalana tsa setlhare se segolo, o neng a tswala buka mme a inama go atla mosimane wa gagwe yo monnye gore a robale sentle mo bosigong.
neo-15-col-lores

Neo o ne a akanya ka naga le setlhare le ditshoswane le noka. Mme fa a ntse a lebeletse Nkoko, molagodimo o ne wa bonesa ntlo e nnye ka mebala e e phatsimang moo e neng ya lebega jaaka setshwantsho se se mo bukeng ya mainane. Neo o ne a akanya ka maitemogelo a gagwe a magolo mo ditsebeng tsa buka e e rategang ya mainane ya ga Nkoko, mme o ne a akanya ka ga gagwe le Mbali le kwa gae.

Ka jalo, Neo o ne a feta mo gare ga buka, a tsena mo bolaong jwa gagwe jo bo bothito, mo phaposing ya gagwe e e nang le kagiso, mo teng ga ntlo ya gagwe e nnye.

Mme ke lone lebaka la gore ke goreng, fa nako le nako lefatshe le bonala le le kwebu thata, e bile phaposi ya gagwe e le nnye thata, Neo a bulang buka. O tsena ka kgoro e e fa gare ga ditsebe, mme o tsena mo lefatsheng le legolo, le le sephara.

 

Nna le boitlhamedi!

Mmogo akanya le go itirela tiragalo go tswa mo leinaneng o dirisa dilwana mo tikologong ya gago. Dira mofuta o mogolo o o lekanang le wa selo sa mmatota wa tiragalo, kgotsa dira tiragalo e nnye mo teng ga lebokoso la ditlhako.